LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 3/8 ts. 20
  • Itshireletse mo Tlading!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itshireletse mo Tlading!
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morwa Motho o Tla Senolwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Fa Morwa Motho a Senolwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Fa Morwa Motho A Senolwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 3/8 ts. 20

Itshireletse mo Tlading!

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SWEDEN

TLADI fela e e tlwaelegileng e ka tshwara selekanyo sa dimilione tse di masomesome sa di-volt tsa motlakase wa selekanyo sa masomesome a a diketekete a di-ampere. Fa re tshwantshetsa seno, motlakase fela o o tsamaisiwang ke megala mo ntlong, o selekanyo sa di-ampere di le 15.a Ke eng se o ka se dirang gore o fokotse kgonego ya gore o ka rathiwa ke tladi? Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang.

• Fa e le gore go ka kgonega, o tshabele mo ntlong. Kara le yone e ka go sireletsa. A go tsena mo kagong e telele le gone go ka go thusa? Kago e telele e e nang le dithobane tse di gogelang tladi le yone e ka go thusa. Ka sekai, Empire State Building kwa New York City e falola go rathiwa ke tladi ka makgetlho a le 25 ka ngwaga. Lefa go ntse jalo, go ka nna molemo gore o seka wa nnela gaufi le dikago tse di ruletsweng ka disanka mme di sa sirelediwa mo tlading kana go nnela gaufi le dithobane tse di gogelang marang a radio le go nnela fa tlase ga diterata tsa tshipi.

• O tsamaele kgakala le mafelo a a mo sebatleng, jaaka mo matšheng, mo lebaleng, le mo mafelong a go tshamekela kolofo. Ditlhare tse di ikemetseng di le nosi fela, tse ditelele, di ka nna kotsi le tsone. Fa o le mo lefelong le go nang le ditlhare di le dintsi mo go lone, ipotetse gaufi le tse dikhutshwane, mo go tsone tsotlhe. Fa e le gore o tshoganyeditswe ke setsuatsue se se tlang ka ditladi mme o sa kgone go tshabela kgakala le lefelo le le sebatla, kotama fa fatshe mme o itlamparele fa mangoleng. O seka wa rapama fa fatshe, ka go bo go botlhokwa gore o seka wa nna sephara mo o ka rathiwang ke tladi.

• Tota le gone fa o le mo ntlong, o tshwanetse go itlhokomela. Re na le dikakantsho di sekae tseno: Leka go nnela kgakala le dilo tse di gogelang motlakase, jaaka maiso a molelo a tshipi le diphaephe tsa metsi tsa tshipi. Go ka nna molemo fa o ka se tsene mo shawareng kana mo bateng, mme e bile o leke thata go sa dirise founu. Somola mogala wa khomputara, wa thelebishene le wa dilo tse dingwe tsa motlakase mo matshobaneng a motlakase, ka go bo di ka nna tsa senyega fa ntlo e ka rathiwa ke tladi.

• Fa mongwe a ka rathiwa ke tladi, go botlhokwa thatathata gore lo mo thuse ka tshidilo ya pelo le ditshika (cardiopulmonary resuscitation [CPR]) gone fela foo. Porofesa Victor Scuka, yo o dirang mo High Voltage Research Department wa Yunibesithi ya Uppsala, mo Sweden, o bolela gore mo mabakeng a le mantsi, batho ba ile ba thusiwa ka CPR le e leng fa go ne go bonala e kete ba setse ba tlhokafetse. Mme o ne a tlhagisa ka gore, “motho o tshwanetse go bona kalafi eo ka bofefo jo bo ka kgonegang gore a seka a gobala boboko.”

Fa o ka fitlhelwa ke setsuatsue se se tlang ka ditladi, leka go gakologelwa dikakantsho tse di umakilweng tseno. Ka tsela eno ga go na go nna motlhofo gore o welwe ke kotsi e e bakiwang ke tiragalo eno e e jesang kgakge.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ampere ke selekanyetso sa go ela ga motlakase mo megaleng, selekanyo sa motlakase o o dirisiwang. Di-volt ke maatla a a kgarametsang motlakase gore o ele mo megaleng. Bona Tsogang! ya February 22, 1985 (ka Seesemane), ditsebe 26-7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela