Kgopolo E E mo Bibeleng
Dipopelelo tsa Dingongorego le Megwanto—A Di Ka Tlisa Diphetogo mo Lefatsheng?
“RE TSHWANETSE Go Ntsha Mafatlha a Rona Ka Bopelokgale, Re Tshwanetse Go Gwanta kwa Pontsheng.” Setlhogo sengwe sa dikgang se ne se balega jalo mo go National Catholic Reporter, eleng lokwalodikgang lwa Roma Katoliki, pele fela ga gore ntwa ya kwa Kgogometsong ya kwa Peresia e tlhagoge ka 1991. Fa e ne e rotloetsa babadi go nna le seabe mo megwantong ya kagiso le go dira ditshupetso go kgabaganya United States yotlhe, pampiri eno ya dikgang e ne ya tswelela jaana: “Go tla tlhokega dimilione tsa batho le maiteko a a gagamatseng e le go dira gore kagiso e nne gone e le gore botsamaisi jono bo lemoge go sa akanyetse ga jone le go itseela kwa godimo ga jone. . . . Batho ba tshwanelwa ke gore ba gwante mo pontsheng.”
Go direga kgapetsakgapetsa mo malatsing ano gore re utlwe go dirwa boikuelo jo bo ntseng jalo jwa gore batho ba tseye kgato. Ka jaana mathata a le mantsi a tsa sepolotiki, a tsa ikonomi, le a tsa tikologo a tshosetsa boitekanelo jwa motho, batho ba ikutlwa ba patelesega gore ba “gwantela mo pontsheng” ba dira jalo ka go dira dibopelelo tsa dingongorego, ditebelelo tsa bodisa, le megwanto. Mabaka a go dira dilo tseno a ka akaretsa go tloga go go dira maiteko a go fedisa bokebekwa mo tikologong go fitlha go go leka go dira gore kagiso ya lefatshe lotlhe e nne gone. Se se kgatlhang ke gore, bontsi jwa megwanto eno e engwa nokeng ke mekgatlho ya dikereke le baeteledipele ba bodumedi.
Lefa go ntse jalo, a go tshwanetse gore Bakeresete ba nne le seabe mo megwantong e e ntseng jalo? Ebile, a dipopelelo tsa dingongorego—e ka tswa e le ka sebopego sa megwanto ya dikhuduego kana ditebelelo tse di itidimaletseng tsa go bonesitswe ka dikerese—eleruri e ka fetola dilo mo lefatsheng gore di nne botoka?
Megwanto—Tsela eo Mokeresete A E Lebang ka yone
Moithutaloago mongwe o ne a tlhalosa gore megwanto ke “mokgwa o o dirang tota wa go ntsha mafatlha mo go tsa sepolotiki . . . go tsenya dipuso legonyana e le gore di ke di tseye dikgato dingwe tse di tlhokegang.” Ee, bao ba bopelelang ba isa dingongorego kana ba dira megwanto go le gantsi ba dira jalo ba solofetse gore maiteko ano a a gagametseng a ka siamisa tshiamololo le tlhakatlhakano eo e fitlhelwang mo tsamaisong ya gone jaanong ya loago le ya tsa sepolotiki.
Mme lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ile a tlogelela balatedi ba gagwe sekao sefe? Jesu o ne a tshela ka nako eo Bajuda ba neng ba iphitlhela ba le kafa tlase ga mmusi yo o gatelelang wa mmusomogolo wa Roma. Eleruri, batho ba ne ba eletsa thata go ipona ba gololesegile go tswa mo jokweng e e gatelelang ya Roma. Go ntse go le jalo, le ka motlha Jesu ga a ise a ko a rotloeletse balatedi ba gagwe gore ba gwante ba dire dipopelelo tsa dingongorego, kana ba inaakanye le dilo tsa sepolotiki ka tsela epe e sele. Go farologana le seo, o ile kgapetsakgapetsa a bolela gore barutwa ba gagwe e ne e “se ba lehatshe.”—Yohane 15:19; 17:16; bona gape le Yohane 6:15.
Ka tsela e e tshwanang, e ne ya re fa Jesu a ne a latlhelwa mo kgolegelong a sena molato ope ke batlhankedi ba puso, o ne a seka a leka go rulaganya dipopelelo tsa dingongorego, lefa gone ruri a ne a ka dira jalo fa a ne a batla. Mo boemong jwa seo, o ne a bolelela mmusisi wa Roma jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” (Yohane 18:33-36) Lefa a ne a lebane le go ganediwa, Jesu o ile a ikeha kgatlhanong le dikgato dipe fela tsa go dira dipopelelo tsa dingongorego, a tlhaloganya kafa go tlhokegang ka gone go ipoloka e se karolo ya merero ya tsa sepolotiki. Mme ebile o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe go dira se se tshwanang.
Ka gone, go nna le seabe mo megwantong, e tla bo e le go roba molaomotheo wa konokono wa boitlhaodi jwa Bokeresete joo Jesu a ileng a bo ruta. Kwantle ga moo, go dira jalo go ka nna ga gogela le eleng kwa goreng motho a tsenelele mo maitsholong a mangwe ao e seng a Bokeresete. Ka tsela efe? Megwanto eo e dirwang ka maitlhomo a a siameng gantsi e felela ka gore go nne le moya wa botsuolodi, go dira gore bao ba nnang le seabe ba nne manganga, ba tlhabe ba bangwe ka mafoko a a bogale, kana go nna le moya wa bothubaki. Go inaakanya le maano ao a seng kafa molaong le ao a kgoreletsang dithulaganyo tsa molao go ka nna ga dira gore batho ba molao ba tsiboge, lefa go le jalo ga go dumalane ka gope le taolo ya Bibela ya gore re “ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo” le gore re nne le “kagishō le batho botlhe.” (Baroma 12:18; 13:1) Go na le gore e rotloeletse Bakeresete go sokela melao ya dipuso ditlhogo, Bibela e ba rotloetsa go itshwara sentle fa pele ga ditšhaba le go nna ba ntse ba ikobetse dipuso tsa batho, tota le eleng lefa bao ba leng mo pusong ba sa kgotsofale kana ba le tlhogodithata.—1 Petere 2:12, 13, 18.
‘Mme gone ga se megwanto yotlhe eo e nang le moya wa botsuolodi kana bothubaki,’ bangwe ba ka nna ba rialo. Gone ke boammaaruri, ebile megwanto e mengwe e bonala e tlhagisa matswela a a molemo. Mme lefa go ntse jalo, a dipopelelo tsa dingongorego—tota le eleng lefa di dirwa ka kagiso ebile di dirwa ka maitlhomo a a molemo—ruri e ka tlisa diphetogo mo lefatsheng gore dilo di nne botoka?
A Di Ka Fetola Lefatshe?
Bakeresete ba amega thata ka baagisani ba bone ebile ba batla go ba thusa. Mme lefa go ntse jalo a go nna le seabe mo megwantong eleruri ke yone tsela e e molemo ya go leka go thusa? Buka e e reng Demonstration Democracy e bolela jaana: “Go ka fitlhelelwa dilo di sekae fela ka go dirisa sedirisiwa sepe fela sa go ntsha mafatlha mo mererong ya tsa sepolotiki.” Kwantle ga pelaelo, gore go ke go fedisiwe matlhotlhapelo ape fela ao a wetseng setho go tlhokega diphetogo tse di ka sekang tsa dirwa ke dipopelelo dipe tsa dingongorego kana megwanto.
Jesu o ile a tlhalosa se se tshwanang fa a ne a bua kaga tsamaiso ya bodumedi ya motlha wa gagwe e e neng e na le makgolokgolo a dingwaga e ntse e le gone. Malebana le tsamaiso eo ya boitimokanyi ya kobamelo eo e neng e dirisiwa ke Bafarasai, o ne a re: “Ga go opè eo o bitièlañ seaparō se se onetseñ ka sebata se se kweletlanyeñ, se le magwata; gonne se se kaboñ se se bitièla, se tla se garola, me kgagogō ea galè e keketsège.” (Mathaio 9:16) Jesu o ne a bolelang ka seno? Gore Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo ka se ka jwa ema tsamaiso e e boikepo le e e onetseng nokeng eo e neng e tla tloga e nyelediwa. O ne a lemoga gore go bitiya tsamaiso e e senang mosola go ne go se kitla go thusa ka sepe.
Go ntse fela jalo le ka tsamaiso eno ya lefatshe e e saleng ka makgolokgolo a dingwaga e ntse e dirisana le batho ka tshiamololo, bosetlhogo, le kgatelelo. Moreri 1:15 e tlhalosa jaana ka tsela e e opang kgomo lonaka: “Se se shōkameñ ga se kake sa siamisiwa.” Ee, tsamaiso ya lefatshe ya gompieno ga e kake ya siamisiwa, go sa kgathalesege gore go dirwa maiteko a a kana kang. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ka gonne, jaaka fa 1 Yohane 5:19 e bolela, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” eleng Satane Diabolo. Jesu o ile a supa ene yo e le “kgōsana ea lehatshe yeno.” (Yohane 12:31) Fa fela tsamaiso eno e santse e le kafa tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane, ga go na selekanyo sepe sa go bitiela seo se ka lereng tharabololo ya goyagoile.
Seno ga se bolele gore Bakeresete ga ba amega ka mathata a lefatshe leno kana gore ga ba eletse go tsaya dikgato tse di ka thusang. Totatota, Bakeresete ba bolelelwa gore ba nne matlhagatlhaga, eseng mo go direng dipopelelo tsa dingongorego, go na le moo mo tirong ya go rera le go ruta kaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo—eleng yone goromente ya Bogosi eo Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela. (Mathaio 6:10; 24:14) Bibela e bontsha gore Bogosi jono ga bo ne bo leka go mamentlelela lefatshe leno leo le se kakeng la fetoga; bo tla kumola gotlhelele dipuso tse di boikepo le ditsamaiso tsa loago tseo gone jaanong di gatelelang setho mme mo boemong jwa tsone bo tlhome tsamaiso eo e ka dirang gore tshiamiso ya mmatota le tshiamo di rene lefatshe ka bophara. (Daniele 2:44) Kafa tlase ga tsamaiso e e ntseng jalo, ga go na ope yo o tla tlhokang go tsenelela megwanto ya dingongorego ka gonne Jehofa Modimo, yo o “[kgorisang] keleco ea ditshedi cotlhe,” o tla elatlhoko gore re bona dilo tsotlhe tseo re di tlhokang.—Pesalema 145:16.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
Labor strike, Leslie’s