“Eleruri Lo Amega ka Batho”
Eno ke tshwetso eo e neng ya dirwa ke monna mongwe kwa California, U.S.A., yo o ipelelang go bala dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Malebana le buka e e reng Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela, o kwala jaana:
“Jaanong ke e bala lekgetlo la bobedi, mme ebile go e bala ga go ntapise. Ga se fela gore buka eno e ntsha ditaelo mme gape ditshwantsho tsa yone tse di mebalabala di dira gore dilo e nne tsa mmatota. Setshwantsho sengwe le sengwe se dira gore ke ikutlwe jaaka okare ke tshela morago kwa ka nako ya ga Jesu.
“Ka sekai, monna yo o tsenweng ke badimona mo setshwantshong se se mo go kgaolo 45 eleruri o lebega a le tlhaga sekaphologolo ebile a le kotsi. Go ntse go le jalo go tshwantshitswe Jesu a tlhatloga mo lewatleng a sa tshabe sepe mme a leleka mewa ya badimona . . .
“Ditshwantsho tsotlhe tsa baeteledipele ba Sejuda ba ba letlhoo eleruri ke ditiro tsa botaki tota. Di supa kafa motho a ka lebegang a shakgetse ka gone fa a lebane le go dirisana le Jesu mme go ntse go le jalo a se kake a fetoga mo tseleng ya gagwe ya boikepo. Nka tswelela pele ke bua go ka tla seatla ka tsone. . . . Eleruri lo amega ka batho . . .
“Ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa lefa go ntse jalo ke rata go ikamogelela Tora ya Tebelo le Tsogang! ke letela tokololo nngwe le nngwe ya tsone ka tlhagafalo, mme fa e fitlha, e nna tsone tsa ntlha tseo ke di balang mo letsatsing leo. Awake! ya June 22 e ile ya nna yone e e tsayang sekgele! Setlhogo sa yone se se reng ‘Go Godisa Bana mo Lefatsheng Le Le Senang Boitsholo’ eleruri e ne e le setlhogo se se mo nakong. . . .
“Ke na le dingwaga di le 35 mme ke lemogile gore lefatshe leno la kgale le lebane le mathata a magolo. Ke itumelela go bo lo le gone go bolelela ba bangwe kafa le leng ka gone le gore Modimo o ikutlwa jang kaga lone.”
Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho wa lefatshe ka bophara wa baithuti ba Bibela bao ba fetang dimilione tse nnè, bao ba ineetseng ka pelo yotlhe go thusa batho go ithuta mo go oketsegileng kaga maikaelelo a Modimo. Fa e le gore o ka rata go nna le tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata gore go ithutiwe le wena Bibela mahala kwa gaeno, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp 1740, kana kwa atereseng nngwe e e tshwanetseng mo go tseo di thathamisitsweng mo tsebeng ya 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
THE GREATEST MAN WHO EVER LIVED