KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE
Go Tlhokomela Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi
APRIL 1, 2024
Mosha mongwe wa kwa Colombia e bong Nicole o ne a re: “Ke rata Holo ya rona ya Bogosi. Ke lefelo le ke itumelelang go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi kwa go lone.” A le wena o ikutlwa jaaka Nicole?
Lefatshe ka bophara, Basupi ba ga Jehofa ba kopanela mo Diholong Tsa Bogosi tse di ka nnang 63 000. Dikago tseno ke lefelo le re obamelang Modimo mo go lone. Mme ga se gone fela. Mmulatsela mongwe wa kwa Colombia e bong David a re: “Diholo Tsa Bogosi di kgabisa thuto ya rona. Batho ba le bantsi ba ba re etelang, ba gakgamadiwa ke go bona kafa Diholo Tsa Bogosi di leng dintle ka gone.” Seo ga se itiragalele fela. Re dira ka natla gore Diholo Tsa Bogosi di nne di le phepa e bile di le mo boemong jo bo siameng. Re kgona go dira seo jang?
Tiro ya go Tlhokomela Diholo e Rulaganngwa Jang?
Diphuthego tse di dirisang Holo ya Bogosi ke tsone tse di tshwanetseng go e tlhokomela. Ka jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba phepafatsa Holo ya Bogosi ka metlha. Gape ba tlhokomela gore dilo di se ka tsa senyega e bile ba baakanya dilo tse dinnye tse di senyegileng.
Lefapha la go Aga le go Tlhama Dipolane (LDC) le neile bakaulengwe bangwe kabelo ya go katisa diphuthego gore di tlhokomele Diholo Tsa Bogosi. Mokaulengwe yo o abetsweng go katisa ba bangwe o tlhokomela Diholo Tsa Bogosi di ka nna 6 go ya go di le 10. O etela baboledi mo phuthegong go ba katisa gore ba ka tlhokomela jang Holo. Morago ga dingwaga di le tharo, o sekaseka dikago go bona gore a di bolokesegile le gore a di tlhoka go baakanngwa.
Bakaulengwe ba ba katisang go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi ba re thusa gore Diholo tsa rona di nne di le mo boemong jo bo siameng
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba anaanela thata katiso e ba e newang. Kgaitsadi Indhumathi yo o nnang kwa India, a re: “Katiso eno e ne e le molemo thata. Go ne go itumedisa tota go ithuta tsela e re ka tlhokomelang Holo ya rona ka yone le go e boloka e le mo maemong a a siameng.” Mokaulengwe Evans, yo o nnang kwa Kenya, a re: “Re ithutile tsela e re ka bolokang madi ka yone ka go baakanya dilo tse di senyegang ka nako eo, pele di ka senyega le go feta.”
Go Duelela Ditshenyegelo
Ditshenyegelo tsa ngwaga le ngwaga tsa go dirisa le go tlhokomela Holo ya Bogosi di ka ja madi a mantsi, go ikaegile ka gore Holo eo e kwa kae, e agilwe leng le gore e dirisiwa ke diphuthego tse kae. Ditshenyegelo tseo di duelelwa jang?
Tiro ya go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi e tshegediwa ka meneelo. Mokaulengwe Alexander yo o nnang kwa Kazakhstan, a re: “Bontlha bongwe jwa meneelo eo bo dirisiwa go duelela Internet, metsi le motlakase. Moneelo o mongwe o dirisediwa go duelela dilo tse di tlhokegang tse di jaaka di-toilet paper, di-glove, dilo tse di phepafatsang le pente.” Madi a a salang a ntshiwa e le moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe go thusa mo diporojekeng tse di kgolwane tse di jang madi a mantsi, tse di dirwang lefatshe ka bophara.
Diporojeke Tse Dikgolo Tsa go Tlhokomela Dikago
Fa e le gore tiro e e tlhokang go dirwa mo Holong ya Bogosi e tlile go tlhoka madi a gantsi bakaulengwe ba a dirisang ka dikgwedi di le pedi kgotsa di le tharo, bagolwane ba tla ikgolaganya le mokaulengwe yo o katisang wa LDC. Fa lefapha la LDC le dumela gore porojeke eo e dirwe, gantsi e duelelwa ka meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe. Ka ngwaga wa tirelo wa 2023 go ne ga dirwa diporojeke tse di ntseng jalo di le 8 793, mme di ile tsa ja diranta di le dibilione di le 1,4. Mma re bone diporojeke tse pedi tseo.
Kwa Angola, Holo ya Bogosi e e neng e na le dingwaga di le 15 e agilwe e ne e na le dilo di le mmalwa tse di tlhokang go baakanngwa. Tsamaiso ya motlakase e ne e feletswe ke nako, mabota a ne a phatlogile, e bile baagelani ba ne ba ngongorega gore metsi a pula a a tswang mo Holong a ne a tshologela mo magaeng a bone. Lefapha la LDC le ile la rulaganya porojeke e e tla baakanyang dilo tse di neng di senyegile. Porojeke eo e ne e ja diranta di le 175 650.84. Baagelani ba ile ba kgatlhiwa ke go bona kafa tiro eno e ileng ya dirwa ka gone, mme ba ile ba leboga thata.
Holo ya Bogosi e e tlhabolotsweng kwa Angola
Kwa Poland, Holo ya Bogosi e ne e nela, mme khapete e ne e senyegile e bile e sa tlhole e kgona go baakanngwa. Lefapha la LDC le ile la rulaganya gore go dirwe porojeke ya go baakanya marulelo le go tsenya khapete e ntšha. Porojeke eo e ile ya ja madi a a ka nnang diranta di le 184 580.00. Seno se thusitse gore Holo eno ya Bogosi e se ka ya tlhoka tiro e kgolo ya go tlhabololwa mo dingwageng tse dintsi tse di tlang.
Go tlhabololwa Holo ya Bogosi kwa Poland
Go Tlhokomela Dikago go Galaletsa Jehofa
Go tlhokomela dikago ga go somarele meneelo fela, mme gape go galaletsa leina la ga Jehofa. Mokaulengwe wa kwa Tonga e bong Shaun a re: “Tiro ya go tlhokomela dikago tsa rona e thusa gore re obamele Jehofa mo Holong ya Bogosi e e galaletsang leina la gagwe mo setšhabeng, ka gonne e le phepa, e rulagantswe sentle e bile e le mo boemong jo bo siameng. Re itumelela go laletsa batho kwa Holong ya rona ya Bogosi.”
O ka Thusa Jang?
Rotlhe re ka thusa ka go phepafatsa le go tlhokomela lefelo la rona la kobamelo. Marino, yo o katisang batho go tlhokomela Diholo kwa Australia, a re: “Rotlhe re ka nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang ya go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi. Fa re dira jalo, re tla kgona go boloka madi a moneelo gore a kgone go thusa kwa go nang le tlhokego gone.”
Mokaulengwe Joel wa kwa India, o itumelela go tlhokomela Holo ya Bogosi e a kopaneleng kwa go yone. A re: “Go bereka le bakaulengwe go nthusa gore ke bone gore go tlile go nna jang kwa lefatsheng le lesha.” Nicole yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Bosheng jaana, ke ne ka thusa ka go phimola metsi fa bakaulengwe ba ne ba baakanya matlwana a a dutlang. Le fa ke ne ke sa dire tiro ya go baakanya, tiro e ke neng ke e dira e ne e thusa gore go se ka ga nna le kotsi.”
Fa o batla go ithaopela go tlhokomela Holo ya Bogosi e o kopanelang kwa go yone, bua le bagolwane ba phuthego ya lona. Mo godimo ga moo, fa o ntsha moneelo, ga o thuse fela gore go tlhokomelwe Holo ya Bogosi e o kopanelang mo go yone, mme o thusa le gore go tlhokomelwe Diholo Tsa Bogosi tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. Meneelo eno e ka ntshiwa mo mabokosong a meneelo kwa Holong ya lona kgotsa ka donate.jw.org. Re lebogela meneelo e lo e ntshang ka go rata.
Rotlhe re ka thusa go tlhokomela Diholo tsa rona tsa Bogosi