DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA
Jeremia 29:11—“Ke a e Itse Megopolo E ke E Gopolang ka ga Lona”
“‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”a—Jeremia 29:11, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“‘Ke a e itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona,’ go bua Jehofa, ‘megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, go lo naya tsholofelo mo motlheng wa lona wa bofelo.’”—Jeremia 29:11, Baebele e e Boitshepo.
Se Jeremia 29:11 e se Kayang
Jehofa Modimo o ile a solofetsa baobamedi ba gagwe gore o tla ba naya bokamoso jo bo itumedisang. Le fa gone mafoko ano a ne a kwaletswe batho ba bogologolo, Modimo o sa ntse a batla go diragatsa tsholofetso eno. Ke “Modimo yo o nayang tsholofelo.” (Baroma 15:13) Tota e bile, o ile a dira gore ditsholofetso tseno di kwalwe mo Baebeleng e le gore “re nne le tsholofelo” ka bokamoso.—Baroma 15:4.
Se go Buiwang ka Sone mo go Jeremia 29:11
Mafoko ano e ne e le karolo ya lekwalo le le neng le romeletswe Baiseraele ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona.b (Jeremia 29:1) Modimo o ile a ba bolelela gore ba ne ba tla nna batshwarwa lobaka lo lo leele mme ba tshwanetse go aga matlo, go jala ditshingwana le go nna le malapa. (Jeremia 29:4-9) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a oketsa ka go re: “Fa dingwaga tse 70 di sena go wela lo le kwa Babelona, ke tla lo gopola, mme ke tla diragatsa tsholofetso ya me ka go lo busetsa mo lefelong leno [Jerusalema].” (Jeremia 29:10) Modimo o ile a ba tlhomamisetsa gore ga a kitla a ba lebala le gore tsholofelo ya bone ya go boela gae e ne e tla diragala.—Jeremia 31:16, 17.
Modimo o ile a diragatsa se a neng a se solofeditse Baiseraele. Fela jaaka a ile a bolelela pele, Babelona e ile ya fenngwa ke kgosi ya Peresia e bong Kurose. (Isaia 45:1, 2; Jeremia 51:30-32) Moragonyana Kurose o ile a letla gore Baiseraele ba boele gae kwa Jerusalema. Ba ile ba kgona go boela gae morago ga dingwaga di le 70 ba le kwa botshwarwa.—2 Ditiragalo 36:20-23; Esera 3:1.
Go diragadiwa ga tsholofetso e e mo go Jeremia 29:11 go kgothatsa ba ba dumelang mo ditsholofetsong tsa Modimo gompieno. Ditsholofetso tseno di akaretsa kagiso mo lefatsheng lotlhe, e e tla tlisiwang ke Bogosi jwa Modimo jo kgosi ya jone e leng Jesu Keresete.—Pesalema 37:10, 11, 29; Isaia 55:11; Mathaio 6:10.
Dikgopolo Tse di Phoso ka Jeremia 29:11
Kgopolo e e phoso: Modimo o na le leano le le rileng ka mongwe le mongwe wa rona.
Boammaaruri: Modimo o letlelela mongwe le mongwe gore a itlhophele tsela e a batlang go tshela ka yone. Mafoko a gagwe a a mo go Jeremia 29:11, a ne a lebisitswe kwa Baiseraeleng ba ba kwa Babelona mme o ne a batla gore setlhopha seo se nne le kagiso mo isagweng. (Jeremia 29:4) Le fa go ntse jalo, Modimo o letlelela mongwe le mongwe gore a itlhophele gore a o batla go solegelwa molemo ke ditsholofetso tsa gagwe. (Duteronome 30:19, 20; Jeremia 29:32) Botlhe ba ba tlhophang go batla Modimo ba dira jalo ka go mo rapela ka pelo yotlhe.—Jeremia 29:12, 13.
Kgopolo e e phoso: Modimo o solofetsa gore o tla humisa baobamedi ba gagwe.
Boammaaruri: Lefoko “go humisa” le le fitlhelwang mo dithanolong dingwe tsa Baebele mo lekwalong la Jeremia 29:11, le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “kagiso le botsogo jo bontle.” Go ya ka se go buiwang ka sone, Modimo o ne a solofetsa Baiseraele ba ba neng ba isitswe botshwarwa gore o ne a tla ba tlhokomela le go ba naya kagiso, e seng gore o tla ba humisa. Setšhaba seo se ne se tla tswelela se le gone le gore letsatsi lengwe ba ne ba tla boela Jerusalema.—Jeremia 29:4-10.
Bala Jeremia kgaolo 29 le ditlhaloso tse di mo dintlheng tse di kwa tlase mmogo le makwalo a a tsamaisang le yone.
a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.
b Fa The Expositor’s Bible Commentary e bua ka Jeremia 29:11, e a re: “Eno ke nngwe ya ditsholofetso tse di itumedisang thata tse re di fitlhelang mo Baebeleng, e e bontshang mautlwelobotlhoko a Yahweh [Jehofa] a ileng a a bontsha batshwarwa bano. O ile a ba naya lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo.”—Bolumo 7, tsebe 360.