ETSA TUMELO YA BONE | MAREA MAGADALENA
“Ke Bone Morena!”
Marea Magadalena o ne a leba kwa legodimong, a bo a phimola dikeledi tse di tletseng mo matlhong a gagwe. Morena yo a mo ratang o mo koteng. Go ne go le motshegare wa sethoboloko e le dikgakologo, “le fa go ntse jalo go ne ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe”! (Luke 23:44, 45) O gogela seaparo sa gagwe mo magetleng a bo a atamela gaufi le basadi ba bangwe ba ba emeng go bapa le ene. Go fifala ga letsatsi mo go tsayang metsotso e le mmalwa fela, e ka se nne gone go bakileng lefifi leno la diura tse tharo. Go ka direga gore Marea le batho ba bangwe ba ba neng ba eme gaufi le Jesu ba simolole go utlwa modumo wa diphologolo tsa bosigo, o gantsi o sa utlwaleng motshegare. Batho ba bangwe ba ba neng ba le foo “ba ne ba tshoga thata ba bo ba re: ‘Eleruri yono e ne e le Morwa Modimo.’” (Mathaio 27:54) Balatedi ba ga Jesu le batho ba bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jehofa o ne a bontsha kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone, e bile a sa itumelela tsela e Morwawe a neng a tshwerwe setlhogo ka yone.
Go ne go le thata gore Marea Magadalena a lebe Jesu a le mo botlhokong jalo, mme gone o ne a sa batle go tsamaya. (Johane 19:25, 26) Jesu o tshwanetse a bo a ne a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo. Mmaagwe Jesu le ene o ne a tlhoka mongwe yo o ka mo gomotsang le go mo ema nôkeng.
Jesu o ne a diretse Marea sengwe sa botlhokwa, ka jalo, Marea o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go mo direla sotlhe se a neng a ka se kgona. Marea e kile ya bo e ne e le motho yo o tlhomolang pelo e bile a tseelwa kwa tlase, mme Jesu o ne a fetola maemo a gagwe. O ne a dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le seriti le gore a nne le sengwe se a se tshelelang. O ne a nna mosadi yo o nang le tumelo e e nonofileng. O ne a dira seo jang? Mme tumelo ya gagwe e ka re ruta eng gompieno?
‘Ba ne Ba Dirisa Dilo Tse ba Nang le Tsone go ba Tlhokomela’
Lekgetlho la ntlha fa re utlwa ka Marea Magadalena mo Baebeleng, ke fa a ne a newa mpho. Jesu o ne a mo golola mo boemong jo bo utlwisang botlhoko jo a neng a le mo go jone. Mo malatsing ao, batho ba bantsi ba ne ba tlhotlhelediwa ke madimona, e bile a ne a tlhasela ba bangwe le go ba laola. Ga re itse gore madimona ao a ne a amile Marea Magadalena go le kana kang, se re se itseng ke gore o ne a tsenwe ke madimona a le supa. Se se itumedisang ke gore Jesu o ne a a ntsha otlhe!—Luke 8:2.
Jaanong Marea o ne a ikutlwa a gololesegile thata e bile a kgona go itumelela botshelo. O ne a ka bontsha jang gore o lebogela se Jesu a mo diretseng sone? O ne a nna molatedi yo o ikanyegang wa ga Jesu. O ile a lemoga gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlhoka dijo, diaparo le kwa ba neng ba ka latsa tlhogo gone, ka jalo o ne a ba thusa. Ba ne ba sa itsholela, e bile ba se na tiro ya boitshediso. Ka jalo, gore ba kgone go tswelela ka tiro ya bone ya go rera le go ruta, ba ne ba tlhoka mongwe yo o neng a ka ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.
Marea le basadi ba bangwe ba ne ba ba thusa ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Basadi bao, ba ne ba “ba dirisa dilo tse ba nang le tsone go tlhokomela Jesu le barutwa ba gagwe.” (Luke 8:1, 3) Bangwe ba basadi bao ba ka tswa ba ne ba itsholetse. Baebele ga e re bolelele gore a ba ne ba ba apeela, ba ba tlhatswetsa diaparo kgotsa ba ba baakanyetsa marobalo mo metseng e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itumelela go thusa setlhopha seno se go ka diregang gore se ne se na le batho ba ka nna 20, ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Go ithaopa ga basadi bano go thusitse Jesu le baaposetoloi ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo tirong ya go rera. Le fa gone Marea a ne a itse gore a ka se ka a duela Jesu ka ntlha ya se a neng a se mo diretse, o ne a itumelela go dira se a neng a se kgona!
Bontsi jwa batho gompieno ba ka nyatsa tiro ya maemo a a kwa tlase e e direlwang batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Modimo ene ga a ikutlwe jalo. Jehofa o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a bona Marea a dira sotlhe se a ka se kgonang go ema Jesu le baaposetoloi nokeng! Le gompieno, Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase ba di direla ba bangwe ba itumetse. Ka dinako dingwe, go direla mongwe sengwe se a se tlhokang kgotsa go mmolelela sengwe se se kgothatsang go ka nna molemo thata. Jehofa o lebogela ditiro tse di ntseng jalo.—Diane 19:17; Bahebera 13:16.
“Go Bapa le Kota ya ga Jesu ya Tlhokofatso”
Marea Magadalena o ne a na le basadi ba ba neng ba na le Jesu go ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo ka 33 C.E. (Mathaio 27:55, 56) Fa a utlwa gore Jesu o tshwerwe e bile o ne a sekisiwa bosigo, o ne a hutsafetse tota. Dikgang tse a di utlwang di ile tsa nna maswe le go feta. Mmusi Ponto Pilato, o ile a tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bodumedi jwa se Juda le boidiidi jwa batho gore a atlholele Jesu loso le le setlhogo mo koteng. Gongwe Marea a ka tswa a ne a bone Mong wa gagwe a setse a tletse madi e bile a lapile, a tsamaya mo mmileng a imetswe e bile a goga kota go ya bolawa.—Johane 19:6, 12, 15-17.
Morago ga tiragalo ya gore go nne lefifi mo lefatsheng lotlhe motshegare, Marea Magadalena o ne na le basadi ba bangwe kwa Jesu a neng a tla bolaelwa gone mme ba ne ba eme “go bapa le kota ya gagwe ya tlhokofatso.” (Johane 19:25) Marea o ne a ntse a le teng fa Jesu a ne a laela moaposetoloi wa gagwe yo o rategang e bong Johane, gore a tlhokomele mmaagwe. O ile a utlwa selelo se se ngomolang pelo sa ga Jesu, e bile o ile a utlwa mafoko a gagwe a bofelo pele ga a swa, fa a ne a re “Go diragaditswe!” Marea o ne ngomogile pelo tota. Le fa Jesu a se na go swa, Marea o ne a ntse a le fa thoko ga gagwe. Marea o ne a tswelela a le fa thoko ga lebitla la ga Jesu, kwa monna mongwe wa mohumi wa kwa Arimathea yo o bidiwang Josefa, a neng a mo laditse gone.—Johane 19:30; Mathaio 27:45, 46, 57-61.
Sekao sa ga Marea se re thusa gore re itse se re ka se dirang fa modumedi mmogo le rona a lebane le mathata a a boima. Re ka tswa re sa kgone go thibela mathata kgotsa re sa kgone go ntsha botlhoko jo a leng mo go jone, mme re ka nna kutlwelobotlhoko le go mo gomotsa. Fa motho a lebane le maemo a a thata, go nna le tsala e e mo emang nŏkeng go ka mo thusa fela thata. Fa re ema nŏkeng tsala e e tlhokang thuso re bontsha gore re na le tumelo e bile go mo gomotsa fela thata .—Diane 17:17.
Mmaagwe Jesu o ile a gomodiwa ke go nna gone ga ga Marea Magadalena
“Ke Tla Ya go Mo Tsaya”
Fa mmele wa ga Jesu o sena go tsenngwa mo lebitleng, Marea o ne a na le basadi ba ba neng ba tshotse dinkgisamonate tse ba tlileng go di tshasa mo mmeleng wa ga Jesu. (Mareko 16:1, 2; Luke 23:54-56) Marea o ne a tsoga go sa le phakela thata fa Sabata e se na go feta. Akanya ka ene a tsamaya mo mmileng o o lefifi, a na le basadi ba bangwe ba ya kwa lebitleng la ga Jesu. Fa ba ntse ba tsamaya, ba ne ba ipotsa gore ke mang yo o tla ba ntshetsang leje le le neng le le fa kgorong ya lebitla. (Mathaio 28:1; Mareko 16:1-3) Seo ga se a ka sa dira gore ba boele morago. Tumelo ya bone e ile ya ba tlhotlheletsa gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang, ba tshepa gore Jehofa o tla ba thusa.
Marea a ka tswa a ne a le kwa pele ga ba bangwe ka gonne o gorogile pele kwa lebitleng. O ne a ema tsii, a gakgametse! Leje le ne le tlositswe mme lebitla le sena sepe! E re ka a itsege e le mosadi wa senatla, ka bonakonyana o ne a tabogela kwa go Petere le Johane go ba begela se a se boneng. Akanya fela a bua jaana a feletswe: “Ba tlositse Morena mo lebitleng, mme ga re itse kwa ba mo laditseng gone”! Petere le Johane ba ne ba tabogela kwa lebitleng go ya go tlhomamisa gore a ruri ga le na sepe, go tswa foo ba bo ba boela kwa magaeng a bone.a—Johane 20:1-10.
Marea o ile a boela kwa lebitleng mme o ne a ema kwa go lone a le nosi. Mo mosong oo, go ne go na le tidimalo e kgolo mme fa Marea a bona gore lebitla le ne le sena sepe, seo se ne sa mo fekeetsa mme a thubega ka selelo. O ne a atamela fa lebitleng, a okomela mo teng a ntse a sa dumele gore Morena ga a yo, mme a gakgamadiwa ke se a se bonang. Baengele ba babedi ba ba apereng bosweu ba ne ba ntse fa a neng a laditswe teng! Ba ne ba mmotsa ba re:“O lelela eng?” A ntse a sa tlhaloganye gore go diragalang, o ba bolelela se a se boleletseng baaposetoloi: “Ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mo laditseng gone.”—Johane 20:11-13.
O ile a retologa mme a bona monna mongwe a eme fa morago ga gagwe. O ne a sa lemoge gore monna yoo ke mang mme o ne a ithaya a re ke motlhokomedi wa tshingwana. Monna yoo ka bonolo o ne a mmotsa a re: “Mosadi, o lelela eng? O batla mang?” Marea o ne a araba a re, “Rra, fa e le gore o mo tsere, mpolelele kwa o mo laditseng gone, mme ke tla ya go mo tsaya.” (Johane 20:14, 15) Akanya ka se a ileng a se bua. A mme gone mosadi yono o ne a ka kgona go kuka mmele wa ga Jesu Keresete a le nosi? Gopola gore Jesu e ne e le monna yo o nonofileng! Marea ga a ka a akanya ka dilo tseno. O ne a itse gore o tshwanetse go dira se a ka se kgonang.
“Ke tla ya go mo tsaya”
Fa re lebana le mathata le dikgwetlho tse go ka lebegang go le thata go di itshokela, a re ka etsa sekao sa ga Marea Magadalena? Fa re tlhoma mogopolo fela mo makoeng a rona le dilo tse re sa kgoneng go di dira, re ka feleletsa re palelwa ke go fenya letshogo le dipelaelo. Le fa go ntse jalo, fa re dira sotlhe se re ka se kgonang le go tshepa gore Jehofa o tla re thusa, re ka fitlhelela mo go ntsi go feta jaaka re akanya. (2 Bakorintha 12:10; Bafilipi 4:13) Sa botlhokwa le go feta, re tla itumedisa Jehofa. Tota ke se Marea a ileng a se dira mme Jehofa o ile a mo segofatsa ka tsela e kgolo.
“Ke Bone Morena!”
Monna yo Marea a neng a mmona e ne e se motlhokomedi wa tshingwana. Monna yoo e kile ya bo e le mmetli, ya nna morutisi mme jaanong e ne e le Morena yo o rategang wa ga Marea. Marea ga a ka a mo lemoga. Se se diragetseng se ne se tla gakgamatsa Marea: Jesu o ne a tsositswe mo baswing mme jaanong o ne a na le mmele wa moya. Jesu o ne a itlhagisa mo go Marea ka mmele wa motho mme o ne a sa tshwane le pele. Malatsi morago ga gore a tsosiwe, tota le batho ba ba neng ba mo itse sentle ba ne ba sa kgone go lemoga gore ke ene.—Luke 24:13-16; Johane 21:4.
Jesu o ile a dira eng gore Marea a lemoge gore ke ene mang? Marea o ile a lemoga Jesu ka ntlha ya tsela e a ileng a mmitsa ka yone fa a re: “Marea!” O ile a retologa a bo a bitsa Jesu ka leina la Sehebera le a neng a tlwaetse go mmitsa ka lone, a re “Raboni!” O ne a bona Moruti wa gagwe yo o rategang. O ile a tlala ka boitumelo mme a mo tlamparela mo a neng a sa batle le go mo tlogela.—Johane 20:16.
Jesu o ne a itse gore Marea o akantse eng. O ne a raya Marea a re, “Ntlogele.” Akanya fela Jesu a bua mafoko ano ka bonolo, gongwe a smaela fa a ntse a leka go ntsha Marea mo go ene mme a mo kgothatsa ka go re: “ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara.” E ne e ise e nne nako ya gore Jesu a tlhatlogele kwa legodimong. Go ne go sa ntse go na le tiro e a neng a tlhoka go e dira mo lefatsheng mme o ne a batla gore Marea a mo thuse. Ga go pelaelo gore Marea o ne a mo reeditse ka tlhoafalo. Jesu o ile a mo raya a re; “Ya kwa go bomorwarre o ba reye o re, ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre, yo e leng Rraalona, le kwa Modimong wa me, yo e leng Modimo wa lona.’”—Johane 20:17.
Mong wa gagwe o ne a mo neile kabelo e kgolo! Marea e ne e le mongwe wa barutwa ba ntlha ba go nna le tshiamelo ya go bona Jesu morago ga gore a tsosiwe, mme jaanong o ne a neilwe tshiamelo ya go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa gore Jesu o tsositswe. Akanya kafa a neng a itumetse ka gone e bile a shwegashwega pelo go bolelela barutwa ba bangwe. O ile a ba bolelela sotlhe se Jesu a ileng a se mo laela, ka boitumelo o ile a ba raya a re: “Ke bone Morena!” (Johane 20:18) Pego ya gagwe e ne e tlaleletsa mo go se ba neng ba setse ba se utlwile go tswa mo basading ba bangwe ba ba neng ba setse ba tswa kwa lebitleng la ga Jesu le le neng le se na sepe.—Luke 24:1-3, 10.
“Ke bone Morena!”
“Ba ne Ba sa Dumele Basadi Bao”
Banna bao ba ile ba tsibogela seo jang? Baebele e a re: “Ba ne ba sa dumele basadi bao. Ba ne ba akanya gore ba itlhametse kgang eo.” (Luke 24:11) Banna bao ba ne ba godile ba rutiwa gore mosadi ga a tshepege, mo e leng gore molao wa borabi o ne o sa letlelele gore mosadi a ntshe bosupi mo kgotlatshekelong. Gongwe baaposetoloi ba ne ba sa lemoge gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke dingwao. Le fa go ntse jalo, Jesu le Rragwe bone ga ba na tlhaolele. Tota ba ne ba neile mosadi yono yo o ikanyegang tshiamelo e kgolo!
Marea ga a ka a letla gore tsela e banna bao ba tsibogileng ka yone e mo kgobe marapo. O ne a itse gore Mong wa gagwe o ne a mo tshepa mme seo se ne se mo tlhatswa pelo. Ka tsela e e tshwanang Jesu o tshepile balatedi ba gagwe ka maikarabelo a go bolelela batho molaetsa mongwe. Baebele e a re molaetsa oo ke “dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.” (Luke 8:1) Jesu ga a ka a solofetsa balatedi ba gagwe gore batho botlhe ba tla itumelela tiro ya bone kgotsa gore ba tla ba dumela. Le fa go ntse jalo, o ile a re ba lebelele sengwe go farologana le seo. (Johane 15:20, 21) Ka jalo, go botlhokwa gore Bakeresete ba nne ba gakologelwa sekao sa ga Marea Magadalena. Tota le fa barutwa bangwe ba ne ba sa mo dumele, seo ga se a ka sa dira gore a se ka a tlhola a itumelela go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa tsogo ya ga Jesu.
Jesu o ile a bonala mo baaposetoloi ba gagwe le mo barutweng ba gagwe. Nako nngwe o ile a bonwa ke barutwa ba gagwe ba feta 500! (1 Bakorintha 15:3-8) Tumelo ya ga Marea e ne e nonofa nako nngwe le nngwe fa a bona Jesu kgotsa a utlwalela dipego ka ga gagwe. Gongwe Marea Magadalena e ne e le mongwe wa basadi ba ba neng ba le kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete, fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tladiwa ka moya o o boitshepo.—Ditiro 1:14, 15; 2:1-4.
Ga go pelaelo gore re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Marea Magadalena o ile a tswelela a ikanyega botshelo jwa gagwe jotlhe. E kete le rona re ka dira fela jalo! Re ka etsa sekao sa tumelo sa ga Marea Magadalena ka go lebogela sotlhe se Jesu a re diretseng sone le go thusa ba bangwe ka boikokobetso re tshepa gore Modimo o tla re thusa.
a Marea o ne a setse a tsamaile fa basadi ba bangwe ba kopana le moengele yo o neng a ba bolelela gore Keresete o tsositswe. Ga go pelaelo gore fa Marea a ka bo a ne a le teng, o ka bo a ile a bolelela Petere le Johane gore o bone moengele yo o neng a ba tlhalosetsa gore goreng mmele wa ga Jesu o seyo.—Mathaio 28: 2-4; Mareko 16:1-8.