LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 159
  • A Diphologolo di ya Legodimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Diphologolo di ya Legodimong?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Go diragala eng ka diphologolo fa di swa?
  • A diphologolo di a leofa?
  • A go siame go sotla diphologolo?
  • Diphologolo
    Tsogang!—2015
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Sotla Diphologolo—A go Phoso?
    Tsogang!—1998
  • A Modimo o Amega ka Diphologolo?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 159
A dog

A Diphologolo di ya Legodimong?

Karabo ya Baebele

Baebele e ruta gore go tswa mo dibopiweng tsotlhe tsa lefatshe, go tlhophilwe batho ba le mmalwa fela gore ba ye legodimong. (Tshenolo 14:1, 3) Ba ya legodimong go ya go busa le Jesu e le dikgosi le baperesiti. (Luke 22:28-30; Tshenolo 5:9, 10) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho bo tla tsosiwa go tshela mo lefatsheng la paradaise.​—Pesalema 37:11, 29.

Baebele ga e bue sepe ka gore diphologolo di ya legodimong mme e na le lebaka le le utlwalang. Diphologolo ga di kgone go dira dilo tse di tlhokegang gore di nne karolo ya “ba ba boitshepo, ba ba bileditsweng go ya go tshela kwa legodimong.” (Bahebera 3:1) Dilo tseno di akaretsa go nna le tumelo le go ikobela melao ya Modimo. (Mathaio 19:17; Johane 3:16; 17:3) Batho ke bone fela ba ba bopilweng ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri.​—Genesise 2:16, 17; 3:22, 23.

E le gore batho ba kgone go ya legodimong, ba tlhoka go tsosiwa mo baswing. (1 Bakorintha 15:42) Baebele e bua ka dipego di le mmalwa tsa tsogo ya baswi. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Luke 7:11-15; 8:41, 42, 49-56; Johane 11:38-44; Ditiro 9:36-42; 20:7-12) Le fa go ntse jalo, mo dipegong tseno tsotlhe go ile ga tsosiwa batho e seng diphologolo.

  • Go diragala eng ka diphologolo fa di swa?

  • A diphologolo di a leofa?

  • A go siame go sotla diphologolo?

Go diragala eng ka diphologolo fa di swa?

Baebele e ruta gore batho le diphologolo ke “ditshedi,” ka jalo ga go na pharologanyo magareng ga botshelo jwa motho le jwa phologolo. Fela jaaka batho, diphologolo le tsone di dirilwe ka “lorole lo lo tswang mo mmung” le “mohemo wa botshelo.”​—Genesise 1:24; 2:7, 19.

Baebele e ruta gore fela jaaka phologolo e swa motho le ene o a swa. (Ekesodo 19:13; Esekiele 18:20) Ditshedi tseno ka bobedi fa di swa di boela mo mmung. (Moreri 3:19, 20) Ka mafoko a mangwe, ga di sa tlhole di le gone gotlhelele.

A diphologolo di a leofa?

Nnyaa. Go leofa go kaya go akanya, go dira sengwe kgotsa go ikutlwa ka tsela e e kgatlhanong le melao ya Modimo. Gore sebopiwa se leofe, se tshwanetse se a bo se kgona go dira ditshwetso tsa boitsholo mme diphologolo ga di kgone go dira seo. Gantsi diphologolo di dira dilo di sa akanye. (2 Petere 2:12) Diphologolo di a swa le fa gone di sa leofe.

A go siame go sotla diphologolo?

Nnyaa. Modimo o neile batho taolo ya go laola diphologolo e seng gore ba di sotle. (Genesise 1:28; Pesalema 8:6-8) Modimo o kgathalela diphologolo tsotlhe go akaretsa le dinonyane tse dinnye. (Jona 4:11; Mathaio 10:29) O ile a laela baobamedi ba gagwe gore ba tshware diphologolo sentle.​—Ekesodo 23:12; Duteronome 25:4; Diane 12:10.

Ditemana tsa Baebele tse di buang ka diphologolo

Genesise 1:28: “Modimo o ne a ba segofatsa [batho ba ntlha], mme a ba raya a re: ‘Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe lo bo lo nne beng ba lone, e bile lo laole ditlhapi tsa lewatle le ditshedi tse di fofang mo loaping le setshedi sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng.’”

Se e se kayang: Modimo o neile batho taolo ya go laola diphologolo.

Moreri 3:19, 20: “Gonne go na le phelelo ya batho le phelelo ya diphologolo; mme tsotlhe di na le phelelo e e tshwanang. Fela jaaka phologolo e swa, motho le ene o a swa; e bile tsotlhe di na le moya o le mongwe fela. Ka jalo, motho ga a na tlotlomalo epe go feta diphologolo, ka gonne sengwe le sengwe ke lefela. Tsotlhe di ya kwa lefelong le le lengwe. Tsotlhe di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.”

Se e se kayang: Ditshedi tseno ka bobedi fa di swa di boela mo mmung.

Diane 12:10: “Mosiami o tlhokomela diruiwa tsa gagwe.”

Se e se kayang: Batho ba ba siameng ba tlhokomela diphologolo go akaretsa le tse ba di ruileng.

Mathaio 10:29: “Dithaga tse pedi di rekisiwa ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase, gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e e tla welang fa fatshe Rraalona a sa itse.”

Se e se kayang: Modimo o kgathalela diphologolo tsotlhe go akaretsa le dinonyane tse dinnye.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela