LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 157
  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Goreng re tlhomamisegile gore Modimo ga a dirise masetlapelo a tlholego go otlhaya batho?
  • A masetlapelo a tlholego a bontsha gore re tshela mo malatsing a bofelo?
  • Modimo o thusa jang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego?
  • A Baebele e ka re thusa go ipaakanyetsa masetlapelo a tlholego?
  • Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego—Ke Eng Fa di Le Dintsi Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Masetlapelo A Tlholego ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Modimo o Dirisa Ditiragalo Tsa Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho Gompieno?
    Tsogang!—2012
  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 157
Lelapa le lebeletse tikologo ya bone e e sentsweng ke masetlapelo a tlholego

Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?

Karabo ya Baebele

Modimo ga se ene a dirang gore masetlapelo a tlholego a nne gone, mme o tshwenyegile ka batho ba ba amiwang ke one. Bogosi jwa Modimo bo tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di utlwisang batho botlhoko, go akaretsa le masetlapelo a tlholego. Mme gone jaanong Modimo o gomotsa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo ano.​—2 Bakorintha 1:3.

  • Goreng re tlhomamisegile gore Modimo ga a dirise masetlapelo a tlholego go otlhaya batho?

  • A masetlapelo a tlholego a bontsha gore re tshela mo malatsing a bofelo?

  • Modimo o thusa jang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego?

  • A Baebele e ka re thusa go ipaakanyetsa masetlapelo a tlholego?

  • Ditemana tsa Baebele tse di ka gomotsang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo

Goreng re tlhomamisegile gore Modimo ga a dirise masetlapelo a tlholego go otlhaya batho?

Le fa Modimo a kile a dirisa dilo tsa tlholego go otlhaya batho, ga go reye gore ke ene a bakang masetlapelo a tlholego a re a bonang a direga gompieno.

  • Masetlapelo a tlholego ga a tlhophe gore a bolaya mang kgotsa gore a golafatsa mang. Mme Modimo ene o ne a dirisa dilo tsa tlholego go otlhaya batho ba ba sa siamang fela. Ka sekai, fa Modimo a ne a senya motse wa Sodoma le Gomora, ga a ka senya Lote le bana ba gagwe ba babedi ba basetsana. (Genesise 19:29, 30) Modimo o kgona go bona se se mo pelong ya motho ka jalo, o ile a senya batho ba a neng a bona gore ba na le dipelo tse di sa siamang.​—Genesise 18:23-32; 1 Samuele 16:7.

  • Gantsi masetlapelo a tlholego a direga batho ba sa lebelela. Mme Modimo ene o ne a tlhagisa batho pele a dirisa dilo tsa tlholego go ba senya. Batho ba ba neng ba mo reetsa, ba ile ba kgona go falola.​—Genesise 7:1-5; Mathaio 24:38, 39.

  • Ka dinako tse dingwe batho ke bone ba bakang masetlapelo. Jang? Ka gonne ba senya dilo tsa tlholego e bile ba aga mo mafelong a ba itseng sentle gore gantsi go tle go nne le dithoromo tsa lefatshe le merwalela mo go one. (Tshenolo 11:18) Ga re a tshwanela go pega Modimo molato ka ditshwetso tse batho bano ba di dirang.​—Diane 19:3.

A masetlapelo a tlholego a bontsha gore re tshela mo malatsing a bofelo?

Ee, Baebele e ile ya porofeta gore fa ‘tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong’ kgotsa “mo metlheng ya bofelo,” go tla nna le masetlapelo a tlholego. (Mathaio 24:3; 2 Timotheo 3:1) Ka sekai, Jesu o ile a re: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:7) Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tlile go fedisa dilo tse di utlwisang batho botlhoko, go akaretsa le masetlapelo a tlholego.​—Tshenolo 21:3, 4.

Modimo o thusa jang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego?

  • Modimo o ba gomotsa ka Baebele. Baebele ya re Modimo o a re kgathalela e bile o utlwa botlhoko jo re bo utlwang. (Isaia 63:9; 1 Petere 5:6, 7) Gape e re solofetsa gore masetlapelo a tlholego a tlile go fela.​—Bona setlhogo se se reng “Ditemana Tsa Baebele Tse di ka Gomotsang Batho ba ba Wetsweng ke Masetlapelo.”

  • Modimo o dirisa batho ba gagwe go gomotsa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Modimo o rotloetsa batho ba gagwe gore ba dire se Jesu a ileng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng. Baebele e ile ya porofeta gore Jesu o tla hapa ba ba “dipelo di phatlogileng” le go gomotsa “botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2) Batho ba Modimo ba leka go dira se se tshwanang.​—Johane 13:15.

    Gape Modimo o dirisa batho ba gagwe go thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo ka dilo tse ba di tlhokang.​—Ditiro 11:28-30; Bagalatia 6:10.

Basupi ba ga Jehofa ba baakanya ntlo kwa Puerto Rico

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo kwa Puerto Rico

A Baebele e ka re thusa go ipaakanyetsa masetlapelo a tlholego?

Ee. Le fa Baebele e se buka e e diretsweng go re bolelela gore re ipaakanyetse masetlapelo jang, e na le melaometheo e e ka re thusang go dira jalo. Ka sekai:

  • Rulaganya gore o tla dira eng fa masetlapelo a goroga. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go botlhokwa gore re ipaakanye pele go tlhaga seemo se se kotsi. Re ka dira seo ka go netefatsa gore re na le dilo tsa botlhokwa tse re tla di tlhokang le go bua le ba lelapa gore re tla kopana kae ka nako ya masetlapelo.

  • Botshelo bo botlhokwa go na le dilo tse o nang le tsone. Baebele ya re: “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe.” (1 Timotheo 6:7, 8) Fa masetlapelo a goroga, re tshwanetse go tlogela matlo a rona le dilo tse re nang le tsone mme re falotse matshelo a rona. Ga re a tshwanela go lebala gore matshelo a rona a botlhokwa thata go feta dilo tse re nang le tsone.​—Mathaio 6:25.

Ditemana tsa Baebele tse di ka gomotsang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo

Genesise 18:25: “[Modimo a ka se ka a] . . . bolaya motho yo o siameng le yo o boikepo . . . A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?”

Seo se raya gore: Modimo ga a bosula e bile ga re a tshwanela go mo pega molato fa batho ba ba siameng ba bolawa ke masetlapelo a tlholego.

Pesalema 46:1, 2: “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong. Ke gone ka moo re se kitlang re boifa, le fa lefatshe le fetoga.”

Seo se raya gore: Le fa re ka diragalelwa ke eng, Modimo o tla re Naya Maatla a go itshoka.

Isaia 63:9: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.”

Seo se raya gore: Fa re utlwile botlhoko, Modimo o tlhaloganya botlhoko jo re leng mo go jone.

Johane 5:28, 29: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone, mme ba tla tswa.”

Seo se raya gore: Re na le tsholofelo ya gore batho ba ba tlhokafetseng ba tla tshela gape ka gonne Modimo o tla naya Jesu maatla a go ba tsosa.

1 Petere 5:6, 7: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, . . . lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”

Seo se raya gore: Modimo o a re kgathalela e bile o batla gore re mmolelele dilo tse re tshwenyegileng ka tsone.

Tshenolo 21:4: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Seo se raya gore: Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko go akaretsa le masetlapelo a tlholego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela