LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 128
  • A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Pakatori
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Boammaaruri Kaga Dihele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A o Ka Dumela Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Loso
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 128
Setshwantsho se se bontshang pakatori

A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Lefoko “pakatori” ga le yo mo Baebeleng e bile Baebele ga e rute gore meya ya batho ba ba suleng e itshepisiwa kwa pakatoring.a Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka boleo le loso mme o bone gore tlhaloso ya yone e farologana jang le thuto eno.

  • Go dumela mo mading a ga Jesu ke gone go tlosang boleo e seng pakatori. Baebele ya re “madi a ga Jesu [Morwa Modimo] a re phepafatsa mo boleong jotlhe” e bile gape ya re ‘Jesu Keresete o re golotse mo maleong a rona ka madi a gagwe.’ (1 Johane 1:7; Tshenolo 1:5) Jesu o ile a “ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28, Baebele e e Boitshepo.

  • Batho ba ba suleng ga ba utlwe sepe. Baebele ya re “batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Motho yo o suleng ga a utlwe sepe ke ka moo a sa kgoneng go phepafadiwa ke molelo wa mo pakatoring.

  • Motho yo o suleng o golotswe mo boleong. Baebele ya re “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso” mme “yo o suleng o golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7, 23) Tuelo ya boleo ke loso.

Thuto ya pakatori ke eng?

Kereke ya Katoliki e ruta gore pakatori ke boemo kgotsa lefelo le meya ya baswi e tsenang mo go lone gore e itshwarelwe maleo le go phepafadiwa.b Go ya ka Catechism of the Catholic Church, seno se tshwanetse go dirwa gore “moya o itshepisiwe pele o tsena kwa legodimong.” Gape Catechism ya re “Kereke e ruta gore go na le molelo o o phepafatsang,” jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se mo setlhogong seno. Mme gone Baebele ga e dumalane le thuto eo.

Thuto eno ya pakatori e simologile kae?

Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela mo Limbo le pakatori. Clement wa kwa Alexandria yo o neng a dumela dithuto tsa filosofi ya Bagerika o ne a bolela gore boleo jwa batho ba ba suleng bo ka tlosiwa fela ka molelo o o itshepisang. Go ya ka The History of Christian Doctrines, Mopapa Gregory yo Mogolo ke ene a neng a buelela thuto ya gore go na le molelo wa pakatori. Buka eno ya re Gregory yo e neng e le mopapa go tloga ka 590 go ya go 604 C.E., ke “ene yo gantsi a bidiwang ‘mosimolodi wa pakatori.’” Kereke ya Katoliki e ne ya amogela thuto eno semolao kwa pokanong ya Bobedi ya Lekgotla la Lyons (e e neng e tshwerwe ka 1274) le ya Florence (e e neng e tshwerwe ka 1439) le kwa Pokanong ya Trent ka 1547.

a Buka ya Orpheus: A General History of Religions e bua jaana ka pakatori: “Ga go na Efangele epe e e dirisang lefoko leno.” Buka ya New Catholic Encyclopedia le yone ya re: “Fa re lebelela dilo sentle, re fitlhela gore thuto eno ya Katoliki ga e a thewa mo Dikwalong Tse di Boitshepo, go na le moo e theilwe mo go se batho ba se buang.”—Second Edition, Volume 11, tsebe 825.

b Bona New Catholic Encyclopedia, Second Edition, Volume 11, tsebe 824.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela