Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?
Karabo ya Baebele
Modimo o tlhophile palo e se kae ya batho ba ba ikanyegang gore fa ba swa ba ye go tshela kwa legodimong. (1 Petere 1:3, 4) Batho bao ba tshwanetse go tswelela ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba itshwere sentle gore ba kgone go ya go tshela kwa legodimong.—Baefeso 5:5; Bafilipi 3:12-14.
Batho bao ba ya go dirang kwa legodimong?
Ba tla busa le Jesu e le dikgosi le baperesiti ka dingwaga di le 1 000. (Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Ba tla nna karolo ya “magodimo a masha” kgotsa puso ya kwa legodimong e e tla busang “lefatshe le lesha” kgotsa batho ba mo lefatsheng. Babusi bao ba tla thusa go dira gore batho ba boe ba nne mo seemong se Modimo a neng a batla gore ba nne mo go sone kwa tshimologong.—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13.
Ke batho ba ba kae ba ba tsosiwang go ya kwa legodimong?
Baebele ya re batho ba le 144 000 ba tla tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. (Tshenolo 7:4) Go ya ka Tshenolo 14:1-3, moaposetoloi Johane o ne a bona “Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè [144 000].” “Kwana” e emela Jesu yo o tsositsweng mo baswing. (Johane 1:29; 1 Petere 1:19) ‘Thaba ya Siona’ e emela maemo a a tlotlegang a Jesu le ba ba 144 000 ba a neilweng ke Modimo.—Pesalema 2:6; Bahebera 12:22.
Batho “ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe” ba ba tla busang le Jesu mo Bogosing ba bidiwa “letsomanyane.” (Tshenolo 17:14; Luke 12:32) Seno se bontsha gore palo ya bone e nnye tota fa e bapisiwa le ya dinku tsotlhe tsa ga Jesu.—Johane 10:16.
Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka ba ba yang legodimong?
Kgopolo e e phoso: Batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong.
Boammaaruri: Modimo o solofetsa batho ba ba siameng gore o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Pesalema 37:11, 29, 34.
Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong.” (Johane 3:13) Seno se bontsha gore batho ba ba siameng ba ba suleng pele Jesu a tla mo lefatsheng ba ba jaaka Aborahame, Moshe, Jobe le Dafide, ga ba ya legodimong. (Ditiro 2:29, 34) Go na le moo, ba solofetse go tsosiwa go tla go tshela mo lefatsheng.—Jobe 14:13-15.
Tsogo ya go ya go tshela kwa legodimong e bidiwa ‘tsogo ya ntlha.’ (Tshenolo 20:6) Seno se bontsha gore go tla nna le tsogo e nngwe gape e e tla diregang mo lefatsheng.
Baebele ya re fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:3, 4) Seno se tla direga mo lefatsheng ka gonne ga go ise go nne le loso kwa legodimong.
Kgopolo e e phoso: Motho ke ene a itlhophelang gore a o batla go tshela mo lefatsheng kana kwa legodimong.
Boammaaruri: Modimo ke ene a dirang tshwetso ya gore ke Mokeresete ofe yo o tla newang “tuelo ya pitso ya kwa godimo” kgotsa go ya go tshela kwa legodimong. (Bafilipi 3:14) Ga go a ikaega ka gore a motho o batla go ya go tshela kwa legodimong kana jang.—Mathaio 20:20-23.
Kgopolo e e phoso: Tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng e newa batho ba ba sa tshwanelegeng go ya go tshela kwa legodimong.
Boammaaruri: Modimo o bitsa batho ba ba tlileng go tshela mo lefatsheng le lesha a re ke “batho ba me,” “batho ba me ba ba tlhophilweng” le “basegofadiwa ba ga Jehofa.” (Isaia 65:21-23) Ba tla nna le tlotla ya go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise.—Genesise 1:28; Pesalema 115:16; Isaia 45:18.
Kgopolo e e phoso: Palo ya 144 000 e e mo go Tshenolo ga se ya mmatota, e emela sengwe.
Boammaaruri: Le fa dipalo dingwe tse di mo bukeng ya Tshenolo di emela sengwe, go na le tse dingwe tse e leng tsa mmatota. Ka sekai, Tshenolo e bua ka “maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi ba ga Kwana.” (Tshenolo 21:14) Ela tlhoko bosupi jo bo bontshang lebaka la go bo palo ya 144 000 e le ya mmatota.
Tshenolo 7:4 e bua ka “palo ya ba ba neng ba tshwailwe [kgotsa ba ba yang go tshela kwa legodimong],” ya re ke “dikete di le lekgolo masome a manè le bonè [144 000].” Ditemana tse di latelang morago ga yone di bua ka setlhopha sa bobedi mme di a re ke “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala.” Gape Modimo o tla boloka batho ba “boidiidi jo bogolo.” (Tshenolo 7:9, 10) Fa e le gore palo ya 144 000 ga se ya mmatota, go tla bo go raya gore ga go na pharologanyo magareng ga ditlhopha tseno tse pedi.a
Mo godimo ga moo, Baebele ya re batho bano ba palo ya bone e leng 144 000 “ba rekwa mo bathong e le mabutswapele.” (Tshenolo 14:4) Lefoko le le reng “mabutswapele” le kaya gore ke palo e nnye thata. Batho bano ba tshwanelegela go busa le Keresete kwa legodimong ba busa batho ba bantsintsi ba ba tla bong ba le mo lefatsheng.—Tshenolo 5:10.
a Porofesa Robert L. Thomas o ne a kwala jaana fa a bua ka palo ya 144 000 e e umakilweng mo go Tshenolo 7:4: “Palo eno ke ya mmatota ka gonne e farologana le e go buiwang ka yone mo go [Tshenolo] 7:9. Fa e le gore ga se ya mmatota, go raya gore dipalo tsotlhe tse di mo bukeng eno ga se tsa mmatota.”—Tshenolo 1-7: An Exegetical Commentary, tsebe 474.