LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 38
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Malapa Kgotsa ba a Aga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Malapa Kgotsa ba a Aga?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Basupi ba ga Jehofa ba Agang Malapa ka Gone
  • Fa molekane yo mongwe e nna Mosupi, a go tla nna le dikgotlhang mo lenyalong?
  • Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba tshwanetse go nyalana fela le motho yo e leng Mosupi
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Manyalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Utlwana ka Bodumedi mo Lenyalong—Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 38
Banyalani ba tlisitse ngwana go tla go bona rremogolo le mmemogolo

A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Malapa Kgotsa ba a Aga?

Rona Basupi ba ga Jehofa re aga malapa a rona le a baagelani ba rona. Re tlotla Modimo ka gonne ke ene Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa. (Genesise 2:21-24; Baefeso 3:14, 15) O dirisa Baebele go re ruta melaometheo e e ileng ya thusa batho mo lefatsheng lotlhe gore manyalo a bone a atlege le gore ba nne ba itumetse.

Kafa Basupi ba ga Jehofa ba Agang Malapa ka Gone

Re leka ka natla go ikobela kgakololo ya Baebele ka gonne e re thusa go nna banna, basadi le batsadi ba ba botoka. (Diane 31:10-31; Baefeso 5:22–6:4; 1 Timotheo 5:8) Botlhale jo bo mo Baebeleng bo thusa malapa gore a atlege, le fa maloko a one a le mo madumeding a a farologaneng. (1 Petere 3:1, 2) Ela tlhoko se se buiwang ke batho ba balekane ba bone ba ileng ba nna Basupi ba ga Jehofa:

  • “Mo dingwageng tsa ntlha tse thataro re le mo lenyalong, re ne re tlhola re omana e bile re lwa. Le fa go ntse jalo, fa Ivete a sena go nna Mosupi wa ga Jehofa, o ne a nna lorato e bile a le pelotelele. Diphetogo tse a ileng a di dira di ile tsa thusa lenyalo la rona.”​—Clauir, Brazil.

  • “Ke ne ke sa rate fa mogatsake a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke akanya gore ba thuba malapa a batho. Mme fa e sa le ka nako eo, ke ile ka lemoga gore tota Baebele e thusitse lenyalo la rona.”​—Agness, Zambia.

Fa re rera, re bontsha baagelani ba rona gore botlhale jo bo mo Baebeleng bo ka ba thusa go:

  • Tlhopha molekane wa lenyalo ka botlhale

  • Atlega mo ngwageng wa ntlha wa lenyalo

  • Dirisana le ba bogwe le ba bogwegadi

  • Dirisa madi sentle

  • Kgaotsa dikomano

  • Ithuta go itshwarelana

  • Thapisa bana

Fa molekane yo mongwe e nna Mosupi, a go tla nna le dikgotlhang mo lenyalong?

Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe go nna jalo. Ka sekai, ka 1998 setheo sengwe sa go dira dipatlisiso sa Sofres se ne sa ntsha pego e e tlhalosang gore mo manyalong a le 20, le le 1 mo go one le nna le mathata a a masisi fa molekane yo mongwe e nna Mosupi.

Jesu o ile a bolelela pele gore ka dinako dingwe fa mongwe a latela dithuto tsa gagwe go tla nna le dikgotlhang mo lelapeng. (Mathaio 10:32-36) Rahisitori e bong Will Durant o tlhalosa gore ka nako ya Puso ya Roma, “Bakeresete ba ne ba latofadiwa ka go thuba malapa.”a Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba lebana le seemo se se tshwanang gompieno. Le fa go ntse jalo, a seo se raya gore Basupi ke bone ba bakang dikgotlhang?

Kago ya Kgotlatshekelo ya Europe ya Ditshwanelo Tsa Batho

Kgotlatshekelo ya Europe ya Ditshwanelo Tsa Batho

Fa Kgotlatshekelo ya Europe ya Ditshwanelo Tsa Batho e ne e atlhola Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba latofadiwa ka go thuba malapa, e ne ya re gantsi ba masika ba e seng Basupi, ke bone ba bakang dikgotlhang ka go gana “go amogela le go tlotla kgololesego e wa losika a nang le yone ya go itlhophela bodumedi.” Kgotlatshekelo e ne ya oketsa ka go re: “Ga se gore seemo seno se tla ka Basupi ba ga Jehofa ka gonne ke selo se se tlwaelegileng mo manyalong otlhe a mo go one banyalani ba leng mo madumeding a a farologaneng.”b Le fa go ntse jalo, tota le fa Basupi ba ga Jehofa ba lebana le batho ba ba sa batleng go amogela se ba se dumelang, ba leka ka natla go latela kgakololo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go agisana le batho botlhe.​—Baroma 12:17, 18.

Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba tshwanetse go nyalana fela le motho yo e leng Mosupi

Basupi ba reetsa kgakololo ya Baebele ya go nyala “mo Moreneng fela,” seo se raya go nyalana le motho yo o dumelang dilo tse o di dumelang. (1 Bakorintha 7:39) Kgakololo eno ya Baebele e a thusa. Ka sekai, ka 2010 setlhogo sengwe mo Journal of Marriage and Family se ne sa re, gantsi banyalani ba utlwana sentle fa ba le “mo bodumeding jo bo tshwanang, ba dira meetlo e e tshwanang e bile ba dumela dilo tse di tshwanang.”c

Le fa go ntse jalo, Basupi ga ba kgothaletse maloko a bone go kgaogana le molekane wa lenyalo yo e seng Mosupi. Baebele e a re: “Fa mokaulengwe a na le mosadi yo o sa dumeleng mo Moreneng mme mosadi yoo a dumalana go nna le ene, a a se ka a mo tlogela; e bile fa mosadi a na le monna yo o sa dumeleng mo Moreneng mme monna yoo a dumalana go nna le ene, a a se ka a mo tlogela.” (1 Bakorintha 7:12, 13) Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taelo eno.

a Bona Caesar and Christ, tsebe  647.

b Bona katlholo e e neng ya dirwa mo kgetsing ya Jehovah’s Witnesses of Moscow and Others v. Russia, tsebe 26-27, serapa 111.

c Bona Journal of Marriage and Family, Bolumo 72, Number 4, (August 2010), tsebe 963.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela