LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 72
  • Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Nnang Babadi ba ba Itumetseng ba Buka ya Tshenolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tshenolo—Go Konela ga Yone mo go Itumedisang!
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Dilo Tse di Tla Akofang di Diragala
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Dikgang Tse di Molemo” Tsa Apokalipisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 72
Monna a bala buka ya Tshenolo o bona sebatana sa naga le banna ba dipitse ba Apokalipisi ka leitlho la mogopolo

Buka ya Tshenolo​—E Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Leina la Segerika la buka ya Baebele ya Tshenolo e leng A·po·kaʹly·psis (apokalipisi) le kaya “Go Senola” kgotsa “Go Sirolola.” Leina leno le tlhalosa bokao jwa Tshenolo​—go senola dilo tse di ntseng di fitlhegile le go sirolola ditiragalo tse di neng di tla direga lobaka lo loleele e sena go kwalwa. Bontsi jwa boporofeti jwa yone ga bo ise bo diragadiwe.

Dintlha tsa buka ya Tshenolo

  • Matseno.​—Tshenolo 1:1-9.

  • Melaetsa ya ga Jesu e e yang kwa diphuthegong tse supa.​—Tshenolo 1:10–3:22.

  • Ponatshegelo ya Modimo a le mo setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong.​—Tshenolo 4:1-11.

  • Motseletsele wa diponatshegelo, e nngwe e lebisa kwa go e e latelang:

    • Dikano tse supa.​—Tshenolo 5:1–8:6.

    • Diterompeta tse supa, tse tharo tsa bofelo di itsise ka mahutsana a mararo.​—Tshenolo 8:7–14:20.

    • Megopo e le supa, e nngwe le nngwe ya yone e nang le petso e e tshwantshetsang katlholo ya Modimo e e tlelang lefatshe.​—Tshenolo 15:1–16:21.

    • Diponatshegelo tsa go senngwa ga baba ba Modimo.​—Tshenolo 17:1–20:10.

    • Diponatshegelo tsa masego a Modimo a tla a tlisang mo lefatsheng le kwa legodimong.​—Tshenolo 20:11–22:5.

  • Konelo.​—Tshenolo 22:6-21.

Ditsela tsa go tlhaloganya buka ya Tshenolo

  1. Se e se kayang se a itumedisa, ga se tshose e bile ga se boifise batho ba ba direlang Modimo. Le fa batho ba le bantsi ba amanya lefoko “apokalipisi” le tshenyego e kgolo, buka ya Tshenolo yone e simolola le go konela ka gore ba ba e balang, ba e tlhaloganya le go dirisa molaetsa wa yone ba tla itumelela go dira jalo.​—Tshenolo 1:3; 22:7.

  2. Tshenolo e dirisa “ditshupo” kgotsa matshwao a a sa tshwanelang go tsewa jaaka a ntse.​—Tshenolo 1:1.

  3. Bontsi jwa matshwao le dilo tsa konokono tse di mo bukeng ya Tshenolo go builwe ka tsone pelenyana mo Baebeleng:

    • Jehofa​—“Modimo wa boammaaruri kwa magodimong” le Mmopi wa dilo tsotlhe.​—Duteronome 4:39; Pesalema 103:19; Tshenolo 4:11; 15:3.

    • Jesu Keresete​—“Kwana ya Modimo.”​—Johane 1:29; Tshenolo 5:6; 14:1.

    • Satane Diabolo​—mmaba wa Modimo.​—Genesise 3:14, 15; Johane 8:44; Tshenolo 12:9.

    • Babelona o Mogolo—jaaka Babelona wa bogologolo (Babele), ke mmaba wa ga Jehofa Modimo le batho ba gagwe e bile maaka a madumedi a tswa mo go ene.​—Genesise 11:2-9; Isaia 13:1, 11; Tshenolo 17:4-6; 18:4, 20.

    • “Lewatle”—batho ba ba boikepo ba ba ganetsang Modimo.​—Isaia 57:20; Tshenolo 13:1; 21:1.

    • Dilo tse di tsamaisanang le tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya Modimo kwa motlaaganeng wa bogologolo​—tse di akaretsang letlole la kgolagano, lewatle la sekagalase (mogotšwana wa botlhatswetso), dipone, go fisiwa ga maswalo le sebeso sa ditshupelo.​—Ekesodo 25:10, 17, 18; 40:24-32; Tshenolo 4:5, 6; 5:8; 8:3; 11:19.

    • Dibatana tsa naga—tse di tshwantshetsang dipuso tsa batho.​—Daniele 7:1-8, 17-26; Tshenolo 13:2, 11; 17:3.

    • Dipalo tse di dirisitsweng ka tsela ya tshwantshetso.—Tshenolo 1:20; 8:13; 13:18; 21:16.

  4. Diponatshegelo di direga mo “letsatsing la Morena” le le simolotseng fa Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa ka 1914 mme Jesu a simolola go busa e le Kgosi. (Tshenolo 1:10) Ka jalo, re ka solofela gore dintlha tsa konokono tsa Tshenolo di tla diragadiwa mo motlheng wa rona.

  5. E le gore re tlhaloganye buka ya Tshenolo, re tshwanetse go dira se se tshwanang le se re se dirang fa re batla go tlhaloganya dikarolo tse dingwe tsa Baebele, jaaka go kopa botlhale jo bo tswang kwa Modimong le thuso ya batho ba ba setseng ba e tlhaloganya.​—Ditiro 8:26-39; Jakobe 1:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela