Go Thusa Ba ba Sa Kgoneng go Bona
Go fopholediwa gore batho ba ka nna dimilione di le 43 mo lefatsheng ga ba kgone go bona mme ba ka nna dimilione di le 295 ga ba kgone go bona sentle.a Ka maswabi, batho bano ga ba tshwarwe sentle.
Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba sa kgoneng go bona? Baebele e a reng ka bone? Basupi ba ga Jehofa ba ba thusa jang?
Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba sa kgoneng go bona
Baebele e bontsha gore Jehofab o kgathalela batho ba ba sa kgoneng go bona. O batla gore ba tshwarwe sentle le gore ba solegelwe molemo ke thuto e a e nayang batho. Mo godimo ga moo, o ba naya tsholofelo ka bokamoso.
Lokwalo: “Go hutsegile motho yo o dirang gore sefofu se timelelwe ke tsela.”—Duteronome 27:18.
Se lo se kayang: Bogologolo Molao wa Modimo o ne o sireletsa batho ba ba sa kgoneng go bona gore ba se ka sotliwa.
Lokwalo: “Modimo ga a na tlhaolele.”—Ditiro 10:34.
Se lo se kayang: Modimo o rata batho botlhe go akaretsa le batho ba ba sa kgoneng go bona.
Lokwalo: Jesu “o ne a fodisa batho ba le bantsi ba ba foufetseng gore ba kgone go bona.”—Luke 7:21.
Se lo se kayang: Fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a fodisa batho ba ba sa kgoneng go bona mme seno se bontsha se Bogosi Jwa Modimo bo tla se fitlhelelang.
Lokwalo: “Matlho a difofu a tla bulwa.”—Isaia 35:5.
Se lo se kayang: Jehofa o solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, fa Bogosi Jwa Modimo bo busa mo lefatsheng, batho ba ba sa kgoneng go bona ba tla kgona go bona.
Basupi ba ga Jehofa ba ba thusa jang
Go ralala lefatshe, rona Basupi ba ga Jehofa re bolelela batho ba ba sa kgoneng go bona molaetsa wa Modimo wa tsholofelo. Re dira seno jang?
Re dira Dibaebele, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le dibidio ka di-format tse di kgonang go dirisiwa ke batho ba ba sa boneng le ba ba sa kgoneng go bona sentle, tse di akaretsang braille, dikgatiso tsa mokwalo o mogolo le mantswe a a rekotilweng.
Re na le dipokano tsa Bokeresete mme re laletsa botlhe go nna gone go akaretsa le ba ba sa kgoneng go bona.
Re naya batho tshono ya go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.c
Re dira dilo tseno mahala. Goreng? Ka gonne Jesu o ile a laela go re: “Lo ne lwa amogela mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.
Basupi ba ga Jehofa ba kgathalela batho ba ba sa kgoneng go bona. Re ema nôkeng batho botlhe ba ba batlang go obamela Modimo le rona. Bona maitemogelo a bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ba sa kgoneng go bona.
Talita Alnashi, wa kwa Sweden, o tshotswe a sa kgone go bona sentle. Bona gore batsadi ba gagwe ba ile ba mo ruta Baebele jang le gore ditsala di ile tsa ba ema nôkeng jang.
James Ryan, wa kwa United States, o tshotswe a sa kgone go utlwa mme moragonyana pono ya gagwe le yone e ile ya tsamaya. Bona gore ke eng se se dirang gore a itumelele botshelo le go bo kgotsofalela.
Cynthia Pablo, wa kwa Philippines, ga a utlwe e bile ga a kgone go bona. Bona gore badumedimmogo le ene ba ile ba mo ema nôkeng jang ka nako e e thata ya leroborobo la COVID-19. Bona setlhogo se se reng “Congregation Supports Deaf and Blind Sister During Pandemic.”
Ke dilo dife tse re di dirisang go ruta batho Baebele?
Dikgatiso tsa Braille. Re gatisa Baebele kgotsa dikarolwana tsa yone ka braille mo dipuong di le dintsi. (Go bona lenaane la dipuo tseno bona lebokoso le le reng, “Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Braille.”) Gape re gatisa bontsi jwa dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng ka braille. Re na le buka ya setlhogo se se reng Learn to Read Braille, e e thusang batho ba ba ka ratang go ithuta braille. Buka eno e diretswe go thusa motho yo o sa kgoneng go bona go ithuta go bala braille ka thuso ya motho yo o kgonang go bona.
Fa o batla khopi ya buka ya braille, bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa o kope go etelwa.
Itseele difaele mo jw.org tse o ka kgonang go di dirisa mo didirisiweng tsa notetaker.d
Mokwalo o mogolo le mafoko a a godisitsweng. Go na le dikgatiso tse di printilweng tsa mokwalo o mogolo tse di ka kgonang go dirisiwa ke batho ba ba sa kgoneng go bona sentle. Websaete ya rona e dirilwe ka tsela ya gore fa motho a godisa mokwalo, a kgone go bona tsebe yotlhe sentle. JW Library e dirilwe ka tsela ya gore motho a kgone go godisa mokwalo wa kgatiso.
Fa o batla khopi ya kgatiso ya mokwalo o mogolo, bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa o kope go etelwa.
Itseele khopi ya kgatiso ya mokwalo o mogolo mo jw.org e e tshwanang le khopi e e printilweng
Dikgatiso tse di rekotilweng. Re rekota Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo di feta 200. Mo godimo ga moo, re rekota dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng mme gantsi di na le ditlhaloso tsa ditshwantsho.
O ka reetsa kgotsa wa itseela kgatiso e e rekotilweng mo jw.org le mo JW Library
Itseele difaele mo jw.org tse di kgonang go dirisiwa ke di-screen reader kgotsa di-digital talking book player.e
Dibidio tse di nang le mantswe a a tlhalosang se se diregang. Basupi ba ga Jehofa ba dira dibidio tse di theilweng mo Baebeleng tse di nang le mantswe a a tlhalosang se se diregang mo bidiong. Ba dira dibidio tseno ka dipuo di ka feta 100. Dibidio tseno di thusa batho go tlhaloganya le go dirisa se Baebele e se rutang.
Bona dingwe tsa dibidio tse di nang le mantswe a a tlhalosang se se diregang mo metseletseleng eno ya dibidio:
Dipokano le dikopano. Re na le diphuthego go ralala lefatshe mme re kopana mmogo beke le beke go ithuta le go obamela Modimo. Ngwaga le ngwaga re na le dikopano mme re kopana mmogo go ithuta ka Baebele. Kwa dikopanong go tshamekiwa dibidio mme re leka ka natla go dira dithulaganyo tsa gore ba ba sa kgoneng go bona ba tshamekelwe dibidio tse di nang le mantswe a a tlhalosang se se diregang. Fa go na le motho yo o sa kgoneng go bona e bile a sa kgone go utlwa, fa go kgonega go dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le motho yo o mo thusang go tlhaloganya se se buiwang ka tsela ya go ranolela mo diatleng tsa gagwe. Re laletsa botlhe go nna gone e bile ga re tlhaole ope.
Batla lefelo la dipokano le le gaufi le wena.
Ithute ka dikopano tsa rona tsa ngwaga le ngwaga.
Nna gone kwa tiragalong e e botlhokwa thata mo ngwageng, e leng Segopotso sa loso la ga Jesu.
José Luis Ayala wa kwa Mexico, o tshotswe a sa utlwe mme o ile a foufala fa a na le dingwaga di le 29. Bona gore dipokano tsa rona di botlhokwa go le kana kang mo go ene le gore o thusitswe jang gore a kgone go ruta ba bangwe Baebele ka katlego.
a Fa go buiwa ka motho yo o sa kgoneng go bona sentle, go buiwa ka motho yo o nang le bothata jwa matlho jo bo sa kgoneng go baakanngwa mme seo se ama botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi. Mo setlhogong seno fa go buiwa ka batho ba ba sa kgoneng go bona go buiwa ka batho ba ba sa kgoneng go bona gotlhelele le batho ba ba sa kgoneng go bona sentle.
b Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”
c O ka kopa mongwe go go bontsha gore thuto eno ya mahala ya Baebele e tshwarwa jang.
d Di-notetaker ke didirisiwa tsa ileketeroniki tse di kgonang go dira mokwalo wa braille le tse di kgonang go balela mafoko kwa godimo. Di tsholetsa le go diga di-pin gore di kgone go dira mokwalo wa braille. Di-notetaker di thusa gore motho a se ka a tlhoka go nna le dibuka tsa braille tse dintsintsi.
e Di-Screen reader le di-digital talking book player di balela mafoko kwa godimo di dirisa lentswe le le dirilweng ke khomputara kgotsa lentswe le le gatisitsweng go sa le gale. Thekenoloji eno e kgona go thusa motho go ya kwa karolong e e rileng mo kgatisong.