A Maiteko a Mekgatlho a go Dira Gore go Nne le Kagiso mo Lefatsheng a Tla Atlega?
Dintwa di nna di oketsega mo lefatsheng. Ka ntlha ya seo, mekgatlho e e jaaka United Nations e leka go dira gore go nne le kagiso ka go dira gore go nne le baemedi mo mafelong a go nang le dintwa mo go one. Ba batla go bona maemo a sisibetse mo mafelong ano. Motsamaisimogolo wa United Nations e bong António Guterres a re, “Baemedi ba United Nations ba tshameka karolo e kgolo mo maitekong a rona a go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng.”
Ke kgale go dirwa maiteko a gore go nne le kagiso, mme maiteko ao a ile a atlega go se kae. Ka sekai, ba ile ba kgona go sireletsa baagi, ba kgona go thusa batshabi go boela kwa dinageng tsa bone, ba isetsa batho dijo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang le go thusa baagi go boa gape ba bona ditirelo tse ba di tlhokang. Maiteko ano ga a kgone go fitlhelela dilo tsotlhe tse go lebeletsweng gore a di fitlhelele ka gonne go nna go na le dikgwetlho. A go tla nna le tharabololo e e tla dirang gore go nne le kagiso ya mmatota? Baebele e a reng?
Bona dikgwetlho tse di dirang gore go nne thata go bona kagiso le gore tharabololo ya Baebele ke eng
Kgwetlho: ga go na tirisanommogo. Ga go motlhofo go dira gore masole le mekgatlho ya dinaga tse di farologaneng di dirisane mmogo. Ka dinako dingwe, mekgatlho eo ga e kgone go dira mmogo sentle ka gonne e sa utlwane e bile e na le mekgele e e farologaneng.
Tharabololo ya Baebele: “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi . . . [bo tla] fedisa magosi ano otlhe [dipuso tsa batho], mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla fedisa dintwa tsotlhe mme o tla dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. (Pesalema 46:8, 9) O tla tlhoma Bogosi jwa gagwe mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa lefatshe. E re ka puso ya Modimo e tla bo e busa lefatshe le le se nang dintwa, go tla bo go sa tlhole go tlhokega mekgatlho ya batho e e lwelang kagiso.
Kgwetlho: ga go na didirisiwa le bokgoni. Gantsi mekgatlho e e lekang go dira gore go nne le kagiso ga e na batho ba ba lekaneng, madi kgotsa didirisiwa dingwe mme ka ntlha ya seo maiteko a tsone ga a atlege. Ka dinako tse dingwe, batho ba mekgatlho eo ba tshwanetse go dira mo mafelong a go leng thata go dira mo go one e bile a le kotsi.
Tharabololo ya Baebele: “Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete . . . [o beile Jesu] ka fa seatleng sa gagwe sa moja kwa legodimong, kwa godimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla.”—Baefeso 1:17, 20, 21.
Modimo Mothatayotlhe e bong Jehofa,a o neile Jesu sotlhe se a se tlhokang gore a buse e le Kgosi mo Bogosing jwa Gagwe. (Daniele 7:13, 14b) Modimo o neile Jesu maatla, kitso, botlhale le temogo e e gaisang puso epe kgotsa mokgatlho ope wa batho. (Isaia 11:2) Gape Jesu o na le masomosomo a baengele a a ka a dirisang. (Tshenolo 19:14) Ga go na maemo ape a a ka mo palelang.
Jesu ga a na go dirisa dilo tse Modimo a mo neileng tsone go fedisa dintwa fela mme o tla dira go feta moo. Fa Bogosi jwa Modimo bo busa mo lefatsheng, Jesu o tla dira gore go nne le maemo a a ritibetseng mme batho ba tla tshela ka kagiso e bile ba sireletsegile.—Isaia 32:17, 18.
Kgwetlho: dithibelo tsa semolao. Ka dinako dingwe batho ba ba dirang mo mekgatlhong e e lwelang kagiso, ga ba kgone go dira dilo dingwe kgotsa go ya kwa mafelong mangwe ka ntlha ya melao e e rileng kgotsa dithibelo tsa semolao. Ka ntlha ya seo, ga ba kgone go sireletsa batho kgotsa go fitlhelela mekgele ya mekgatlho ya bone.
Tharabololo ya Baebele: “[Jesu o] neilwe taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng.”—Mathaio 28:18.
Modimo o neile Jesu taelo e e utlwalang sentle ya go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng, e bile o mo neile taolo ya go dira jalo. (Johane 5:22) Jesu ga a kitla a dira ka go tlhoka tshiamo e bile ga a kitla a tsietsa batho. (Isaia 11:3-5) Go a utlwala go bo Baebele e re Jesu ke “Kgosana ya Kagiso,” yo o tla busang ka “tshiamiso le ka tshiamo.”—Isaia 9:6, 7.
Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa kagiso ya mmatota
Le fa gone mekgatlho ya batho e ka leka go dira gore go nne le kagiso, e ka se kgone go rarabolola bothata jo bo bakang thubakanyo eleng letlhoo le batho ba nang le lone.
“Ga go na ope yo o ka dirang gore go nne le kagiso ka gonne batho ga ba ise ba ko ba tshele ka kagiso.”—Dennis Jett, yo e neng e le moemedi wa U.S.
Bogosi jwa Modimo jone bo tla tlisa kagiso ya mmatota ka gonne bo tla thusa batho go ntsha letlhoo gotlhelele mo dipelong tsa bone. Ka sekai, fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a ruta balatedi ba gagwe go dira kagiso le go rata ba bangwe mme gape o ne a ba tlhomela sekao:
Jesu o ile a re babusiwa ba Bogosi jwa Modimo ba tla bonwa ka go rata ba bangwe. Baebele e a re batho ba ba tlhoileng ba bangwe ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo:
Jehofa Modimo ke ene Mmopi wa rona mme ke ene fela yo o itseng tsela e e molemo go di gaisa ya go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Bogosi jwa gagwe bo tla dira se batho ba paletsweng ke go se dira.
a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?”
b Fa go buiwa ka “morwa motho” mo go Daniele 7:13, 14, go buiwa ka Jesu Keresete.—Mathaio 25:31; 26:63, 64.