Thai Liang Lim/E+ via Getty Images
NNANG LO DISITSE!
Batho ba Tshwenyegile ka Kafa Social Media e Amang Basha ka Gone
Ka 2025 dipuso di ile tsa bontsha gore di tshwenyegile ka kafa social media e amang basha ka gone. Naga nngwe e ile ya thibela bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 16 go dirisa social media mme dinaga tse dingwe le tsone di akanyetsa go dira jalo.
Se se kgatlhang ke gore le basha bangwe ba lemoga dikotsi tse di ka bakiwang ke social media. Ka April 2025 Pew Research Center e ile ya golola pego ya survey e ba neng ba e dira kwa United States, mme pego eo e ne e bontsha go re “mo e ka nnang halofo ya basha (48%) ba re [social media] Internet e ama batho ba dingwaga tsa bone ka tsela e e sa siamang.”
Baitse ba tsa kalafi ba ile ba tlhagisa gore social media e ama tsela e basha ba akanyang ka yone le e ba ikutlwang ka yone. Mo ngwageng o o fetileng Dr. Vivek Murthy yo e neng e le mookamedi wa dingaka kwa Amerika o ile a re: “Basha ba le bantsi ba na le malwetse a a masisi a tlhaloganyo mme sengwe se se golo se se a bakang ke social media.”
Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang mo dikotsing tsa go dirisa social media? Baebele e ba naya kgakololo e ba ka e dirisang.
Se batsadi ba ka se dirang
Akanya ka melaometheo eno ya Baebele.
“Yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.”—Diane 14:15.
E re ka o itse dikotsi tsa go dirisa social media, o se ka wa ikutlwa o patelesega go letla ngwana wa gago go e dirisa. Pele o ka letlelela ngwana wa gago go dirisa social media, tlhomamisa gore o setse a godile sentle, o kgona go laola nako e a e fetsang mo go yone, ga a na go lebelela sepe se se sa siamang le gore ga a kitla a itsalanya le batho ba ba sa siamang.
Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “A Ngwanake a ka Dirisa Social Media?” le se se reng “Go Ruta Ngwana wa Gago go Dirisa Social Media ka Tsela e e Babalesegileng.”
“Dirisa nako ya [gago] sentle.”—Baefeso 5:16.
Fa e le gore o letla ngwana wa gago gore a dirise social media mmeele melao mme o mo thuse go tlhaloganya gore melao eo e tla mo thusa jang. Fa o lemoga gore ngwana wa gago o simolola go nna le mekgwa e o sa e tlwaelang seno se ka raya gore o ka tshwanela ke go fokotsa nako e a e fetsang mo social media.
Dirisa bidio e e reng Dirisa Social-Network ka Botlhalego thusa ngwana wa gago go tlhaloganya gore goreng o tlhoka go mmeela melao ya go dirisa social media.
Go bona kgakololo e e oketsegileng e e tswang mo Baebeleng e batsadi ba ka e dirisang bala setlhogo se se reng, “Modiredimogolo wa Tsa Boitekanelo a re Social Media e ka Bakela Basha Dikotsi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?”
Ithute mo go oketsegileng
Baebele e a re re tshela mo ‘dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ (2 Timotheo 3:1-5) Le fa go ntse jalo, e re naya kgakololo e e ka re thusang go di itshokela. Go na le tshedimosetso e e oketsegileng e e ka thusang batsadi le bana ba bone mo setlhogong se se reng, “Basha ba le Bantsi ba Tlhasetswe ke Malwetse a Tlhaloganyo—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?”