LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 89
  • Baebele e a Reng ka Pabalesego ya Basadi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e a Reng ka Pabalesego ya Basadi?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o leba basadi jang?
  • Ke eng se se ka go thusang?
  • A Modimo o tla fedisa go sotliwa ga basadi?
  • Go Sotlwa ga Basadi—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—2008
  • Isagwe e Tsholetse Basadi Eng?
    Tsogang!—1998
  • Modimo o Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 89
Basadi ba dingwaga le ditso tse di farologaneng.

Baebele e a Reng ka Pabalesego ya Basadi?

Basadi le basetsana ba le dimilione ba a sotliwa mo lefatsheng lotlhe. A o mongwe wa bone? Bona gore goreng pabalesego ya gago e le botlhokwa mo Modimong, le gore Modimo o tla dira eng ka go sotliwa ga basadi.

“Fa ke le monnye, abuti o ne a tlhola a ntitaya e bile a ntshotla ka mafoko letsatsi le letsatsi. Fa ke sena go nyalwa, matsale le ene o ne a ntshotla. Ene le ratsale ba ne ba ntirile lekgoba. Ke ne ke nna ke akanya ka go ipolaya.”​—Madhu,a India.

World Health Organization e a re, “Go sotliwa ga basadi go aname mo lefatsheng lotlhe.” Mokgatlho ono o fopholetsa gore mo e ka nnang mosadi a le mongwe mo go ba le bararo, o a sotliwa kgotsa o kile a sotliwa ka go itewa kgotsa ka thobalano.

Fa e le gore seno se kile sa go diragalela, o ka tswa o ikutlwa o sa babalesega ka gonne o akanya gore mongwe a ka go sotla ka mafoko, ka go go itaya kgotsa ka thobalano. Ka gonne basadi ba sotliwa, o ka tswa o tsaya gore batho ba le bantsi ba akanya gore ‘Basadi ga ba botlhokwa.’ Mme gone a Modimo o tsaya basadi ba le botlhokwa?

Mosadi a bala Baebele.

Baebele e bontsha gore pabalesego ya basadi e botlhokwa mo Modimong

Setshwantsho sa mosadi a bala Baebele.

Modimo o leba basadi jang?

Lokwalo: “[Modimo] o ne a bopa monna le mosadi.”​—Genesise 1:27.

Se lo se kayang: Modimo o bopile banna le basadi. O ba bona botlhe ba tshwanelwa ke tlotlo. Mo godimo ga moo, o lebeletse gore monna a ‘rate mosadi wa gagwe jaaka a ithata,’ e seng gore a leke go mo laola, a bue le ene a dirisa mafoko a a botlhoko kgotsa a mo iteye. (Baefeso 5:33; Bakolosa 3:19) Eleruri pabalesego ya basadi e botlhokwa thata mo Modimong.

“Fa ke le monnye ke ne ka sotliwa ka thobalano ke bamasika. Fa ke na le dingwaga di le 17, mothapi wa me o ne a ntshosetsa ka gore o tla nkoba mo tirong fa ke sa robale le ene. Gone jaanong ke godile mme monna wa me, batsadi ba me le baagisani ba me ga ba ntlotle. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ke ile ka ithuta ka Mmopi e bong Jehofa.b Jehofa o tlotla basadi. Seno se ile sa ntlhomamisetsa gore o a nthata le gore ke botlhokwa thata mo go ene.”​—Maria, Argentina.

Setshwantsho sa mosadi a reeditse mosadi yo mongwe a bua.

Ke eng se se ka go thusang?

Lokwalo: “Go na le tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno.”​—Diane 18:24.

Se lo se kayang: Tsala ya mmatota e tla go ema nôkeng. Fa go kgonega bolelela mongwe yo o mo tshepang gore o ikutlwa jang.

“Go fetile dingwaga di le 20 ke sa bolelele ope gore nkile ka sotliwa ka thobalano. Seo se ile sa dira gore ke nne ke sa itumela, ke nne ke tlhobaela e bile ke gateletswe mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go bolelela mongwe ka se se ntiragaletseng, ke ile ka ikutlwa ke imologile thata.”​—Elif, Türkiye.

Lokwalo: “Latlhelang ditlhobaelo tsotlhe tsa lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.”​—1 Petere 5:7.

Se lo se kayang: Modimo o reetsa dithapelo tsa gago. (Pesalema 55:22; 65:2) E re ka a go kgathalela, a ka go thusa go lemoga gore o botlhokwa fela thata.

“Go ithuta ka Jehofa go nthusitse gore ke simolole go ikutlwa botoka morago ga go feta mo dilong tse di botlhoko thata tse di ntiragaletseng. Gone jaanong ke kgona go rapela mme ke bolelele Modimo gore ke ikutlwa jang. Modimo o tshwana le tsala e e tlhaloganyang maikutlo a me.”​—Ana, Belize.

 Setshwantsho sa mosadi a lebile kwa godimo.

A Modimo o tla fedisa go sotliwa ga basadi?

Lokwalo: “Jehofa . . . o tla direla dikhutsana le batho ba ba gateletsweng tshiamiso, gore motho ope fela mo lefatsheng a se ka a tlhola a ba boifisa.”​—Pesalema 10:17, 18.

Se lo se kayang: Go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa tshiamololo yotlhe, go akaretsa le go bogisiwa le go sotliwa ga basadi.

“Go a nkgomotsa go itse gore go ise go ye kae Jehofa o tla fedisa go sotliwa ga basadi le basetsana. Go itse seno go nneile kagiso.”​—Roberta, Mexico.

Go ithuta mo go oketsegileng ka gore Baebele e re naya jang tsholofelo, gore goreng o ka tshepa ditsholofetso tse di mo go yone le gore Basupi ba ga Jehofa ba thusa ba bangwe jang gompieno ba dirisa Baebele, kopa go etelwa.

Itseele kgatiso eno gore o e printe.

a Maina a fetotswe.

b Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela