LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 189
  • A Baebele e ka Nkgomotsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baebele e ka Nkgomotsa?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Masetlapelo
  • Go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang
  • Go ipona molato thata
  • Kutlobotlhoko
  • Go lwala
  • Seterese
  • Dintwa
  • Go tlhobaela ka bokamoso
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Simolola go Ithuta Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 189
Mosadi o bala Baebele ka kelotlhoko.

A Baebele e ka Nkgomotsa?

Karabo ya Baebele

Ee. (Baroma 15:4) Bona gore ditemana tsa Baebele di ne tsa gomotsa jang batho ba ba nang le mathata a a boima le ba ba nang le mathata a go tshwenyega mo maikutlong.

Mo setlhogong seno

  • Masetlapelo

  • Go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang

  • Go ipona molato thata

  • Kutlobotlhoko

  • Go lwala

  • Seterese

  • Dintwa

  • Go tlhobaela ka bokamoso

Masetlapelo

Pesalema 23:4: “Le fa ke tsamaya mo mokgatšheng o o lefifi le lentshontsho, ga ke boife sepe se se kotsi, gonne o na le nna.”

Se e se kayang: Fa o rapela Modimo o bo o ikaega ka lefoko la Gagwe gore le go kaele, o ka lebana le masetlapelo o sa boife.

Bafilipi 4:13: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”

Se e se kayang: Modimo a ka go naya maatla a go lebana le mathata mangwe le mangwe.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang go lebana le mathata a o ka se kang wa kgona go a fetola, bala setlhogo se se reng, “Kgwetlho: Maemo A o Ka se A Fetoleng.”

Go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang

Moreri 9:10: “Ga go na tiro kgotsa go dira dithulaganyo kgotsa kitso kgotsa botlhale kwa Lebitleng.”

Se e se kayang: Batho ba ba tlhokafetseng ga ba utlwe botlhoko e bile ga ba kgone go re utlwisa botlhoko. Ba robetse.

Ditiro 24:15: ‘Modimo o tlile go tsosa baswi.’

Se e se kayang: Modimo o tlile go tsosa batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang go lebana le go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang, bala setlhogo se se reng “Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe.”

Go ipona molato thata

Pesalema 86:5: “Gonne o molemo Jehofaa e bile o ikemiseditse go itshwarela; botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.”

Se e se kayang: Modimo o itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone e bile ba ikemiseditse go sa di boeletse.

Pesalema 103:12: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.”

Se e se kayang: Fa Modimo a itshwarela, o ba maleo a rona kgakala thata, go feta kafa re ka akanyang ka gone. Ga a nnele go re gopotsa one kgapetsakgapetsa gore a re latofatse kgotsa gore a re otlhaye.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang fa o ipona molato thata, bala setlhogo se se reng, “I Feel Guilty—Can the Bible Help Me Find Relief?”

Kutlobotlhoko

Pesalema 31:7: “O bone gore ke a boga; o itse matshwenyego a me a magolo.”

Se e se kayang: Modimo o itse sengwe le sengwe se se re tshwenyang. Le fa gone batho ba sa tlhaloganye gore o ikutlwa jang, Modimo ene o a tlhaloganya.

Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.”

Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore o tla go ema nokeng fa o utlwile botlhoko. A ka go naya maatla gore o itshokele kutlobotlhoko.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang fa o utlwile botlhoko, lebelela bidio ya From Sad to Glad.

Go lwala

Pesalema 41:3: “Jehofa ga a kitla a mo latlha fa a le mo bolaong a lwala.”

Se e se kayang: Modimo a ka go thusa go lebana le bolwetse, ka go go naya kagiso, maatla, boitshoko le botlhale jwa go dira ditshwetso tse di siameng.

Isaia 33:24: “Ga go na motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’”

Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore batho ba tla tshela ba sa lwale.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang fa o lwala, bala setlhogo se se reng, “How to Deal With a Sudden Health Problem.”

Seterese

Pesalema 94:19: “Fa ditlhobaelo di ne di mphekeetsa, o ne wa nkgomotsa wa bo wa ntshidila maikutlo.”

Se e se kayang: Fa re ikaega ka Modimo fa re na le seterese, o tla re thusa go ritibala.

1 Petere 5:7: “Latlhelang ditlhobaelo tsotlhe tsa lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”

Se e se kayang: Modimo o a re kgathalela. O batla gore re mmolelele fa re na le mathata.

Go bona gore Baebele e ka go thusa jang fa o na le seterese, bala setlhogo se se reng, “Se o Ka se Dirang Fa o Na le Seterese.”

Dintwa

Pesalema 46:9: “O fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.”

Se e se kayang: Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dintwa tsotlhe.

Pesalema 37:11, 29: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso. . . . Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”

Se e se kayang: Batho ba ba siameng ba tla itumelela go tshela ka kagiso ka bosakhutleng.

Go bona gore re itse jang gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi, bala setlhogo se se reng, “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Busa Leng mo Lefatsheng?”

Go tlhobaela ka bokamoso

Jeremia 29:11: “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”

Se e se kayang: Modimo o netefaletsa batho ba gagwe gore o tla ba naya bokamoso jo bo itumedisang.

Tshenolo 21:4: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”

Se e se kayang: Modimo o solofetsa gore o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bosula tse di re diragalelang.

Go ithuta mo go oketsegileng ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng, bala setlhogo se se reng, “A Real Hope for a Better Tomorrow.”

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bala setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela