Lenaane la Diteng
July 15, 2015
© 2015 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAKASINE O O ITHUTIWANG
AUGUST 31, 2015–SEPTEMBER 6, 2015
Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya
TSEBE 3
SEPTEMBER 7-13, 2015
“Kgololo ya Lona e a Atamela”!
TSEBE 9
SEPTEMBER 14-20, 2015
Tswelela Pele o Ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo
TSEBE 16
SEPTEMBER 21-27, 2015
Leno ke Lefelo le re Obamelang Jehofa mo go Lone
TSEBE 22
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya
Batho ba ga Jehofa ba itumelela kagiso e e mo phuthegong ya Modimo. Re ka bontsha jang gore re anaanela thata go nna karolo ya thulaganyo eno ya kobamelo ya boammaaruri, mme ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go atolosa kagiso eno? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.
▪ “Kgololo ya Lona e a Atamela”!
Setlhogo seno se tla sekaseka ditiragalo dingwe tse di itumedisang tse di tla diregang mo isagweng. Gape re tla ithuta lebaka la go bo re tla ikanya Jehofa ka botlalo ka nako ya pitlagano e kgolo.
▪ Tswelela Pele o Ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo
Batho ba le bantsi mo lefatsheng leno la ga Satane ba ikanyega mo nageng, mo dingwaong le mo ditsong tsa bone. Mme rona re solofeditse Jehofa gore re tla ikanyega mo go ene. Setlhogo seno se tla sekaseka lebaka la go bo re sa tseye letlhakore mo dikgogakgoganong tsa lefatshe leno le kafa re ka ithapisang ka gone gore re akanye ka tsela e Jehofa le Jesu ba akanyang ka yone.
▪ Leno ke Lefelo le re Obamelang Jehofa mo go Lone
Go ralala lefatshe, batho ba ga Jehofa ba kopana mo Diholong Tsa Bogosi le mo dikagong tse dingwe. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka melaometheo ya Baebele e e re rutang gore re tlotle mafelo ano, re a tshegetse ka meneelo le go a tlhokomela gore re kgone go galaletsa Jehofa.
DITLHOGO TSE DINGWE MO MAKASINENG ONO
27 Go Gakologelwa Lorato lo ke Neng Ke na Le Lone Pele go Nthusitse go Itshoka
KHABARA: Baboledi ba ja dijo tsa motshegare fa ba ntse ba bereka tshimo e kgolo ya kwa Siberia
RUSSIA
BAAGI
143 930 000
BABOLEDI