O ne A Rata Batho
“Dilo tse ke neng ke di rata di ne di na le bomorwa batho.”—DIANE 8:31.
1, 2. Jesu o ile a bontsha jang gore o rata batho fela thata?
MORWA wa leitibolo wa Modimo ke sekao se segolo sa botlhale jwa ga Jehofa e bile e ne e le “modiri yo o setswerere” a bereka mmogo le Rraagwe. Akanya fela kafa Jesu a neng a itumetse e bile a kgotsofetse ka gone fa a bona Rraagwe “a baakanya magodimo” le “fa a ne a tlhomela metheo ya lefatshe molao.” Mme mo dilong tsotlhe tse Rraagwe a neng a di bopa, Jesu o ne a ‘rata bomorwa batho.’ (Diane 8:22-31) Go tloga fela kwa tshimologong, Jesu o ne a rata batho.
2 Moragonyana, fa Jesu a ne a tswa kwa legodimong mme a tla go tshela mo lefatsheng e le motho, o ne a bontsha gore o rata Rraagwe e bile o a mo ikanya le gore o rata batho fela thata. Jesu o ne a dira seo ka go rata gore a kgone go ntsha botshelo jwa gagwe e le “thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; Bafilipi 2:5-8) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Modimo o ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso. Dikgakgamatso tseno di bontsha sentle kafa Jesu a ratang batho ka gone le dilo tse di itumedisang tse a tla di dirang mo nakong e e sa fediseng pelo.
3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) O ne a itse gore Bogosi joo bo tla itshepisa leina la ga Rraagwe le gore bo tla rarabolola mathata otlhe a batho ka bosakhutleng. Fa a ntse a rera, o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi. Dikgakgamatso tseno di ne di bontsha gore o amega ka batho fela thata. Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa thata jaana? Ka gonne se a se dirileng se re naya tsholofelo e bile se dira gore re tlhomamisege ka isagwe. Ka jalo, mma re sekasekeng dikgakgamatso di le nnè tse Jesu a neng a di dira.
“MAATLA . . . A NE A LE GONE GORE A FODISE”
4. Go ile ga direga eng fa Jesu a ne a kopana le monna yo o tshwerweng ke lepero?
4 Fa Jesu a ne a le mo bodireding, o ne a ya kwa lefelong lengwe le le bidiwang Galalea. Mo toropong nngwe ya koo, o ne a kopana le monna mongwe yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jo bo botlhoko jwa lepero. (Mareko 1:39, 40) Monna yono o ne a lwala thata jaana mo Luke a reng o ne a ‘tletse lepero.’ (Luke 5:12) Baebele ya re fa monna yoo a bona Jesu, o ne a “wa ka sefatlhego a mo lopa, a re: ‘Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.’” Ga se gore monna yono o ne a sa itse gore Jesu o na le maatla a go fodisa, go na le moo, o ne a batla go itse gore a Jesu o batla go mo fodisa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a tlwaetse Bafarasai ba ba neng ba nyatsa balepero. Mme Jesu ene o ne a akanya eng? O ne a tla tshwara jang monna yono yo go bonalang a ne a tshwanologile tota? Wena o ka bo o dirile eng?
5. Ke eng fa Jesu a ne a batla go fodisa molepero?
5 Go ya ka Molao wa ga Moshe, monna yono o tshwanetse a ka bo a ile a goa a re: “Boitshekologo, boitshekologo!” mme ga a ka a dira jalo. (Lefitiko 13:43-46) Mme Jesu ga a ka a mo galefela, go na le moo, o ne a tshwenyegile ka ene e bile a batla go mo thusa. Ga re itse sentle gore Jesu o ne a akantse eng mme gone re a itse gore o ne a ikutlwa jang. O ne a mo utlwela botlhoko mo a neng a mo fodisa ka kgakgamatso. O ne a ama monna yoo, e leng selo se go seng ope a neng a ka se dira. Jesu o ne a bua jaana go bontsha gore o mo utlwela botlhoko: “Ke a batla. Phepafadiwa.” Go tswa foo, “lepero la nyelela mo go ene.” (Luke 5:13) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a naya Jesu maatla a go dira kgakgamatso eno e kgolo e bile seno se bontsha kafa Jehofa a ratang batho ka gone.—Luke 5:17.
6. Ke eng se se kgatlhang ka dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira mme di re ruta eng?
6 Modimo o ne a naya Jesu maatla a go dira dikgakgamatso tse dintsi. Ga a ka a fodisa balepero fela. Gape o ne a fodisa batho ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng. Baebele ya re batho ba ne ba gamaregile fa ba “bona dimumu di bua le ditlhotsa di tsamaya le difofu di bona.” (Mathaio 15:31) Fa Jesu a ne a fodisa motho, o ne a sa tlhoke gore go nne le mongwe yo o tla thusang ka go ntsha karolo nngwe ya mmele wa gagwe. Jesu o ne a na le maatla a go fodisa dikarolo tsotlhe tsa mmele tse di nang le bolwetse. E bile o ne a fodisa batho ka ponyo ya leitlho, tota le ba ba neng ba le kgakala le ene. (Johane 4:46-54) Dikai tseno tse di gakgamatsang di re ruta eng? Gore Kgosi ya rona Jesu Keresete, o na le maatla e bile o batla go nyeletsa malwetse ka bosakhutleng. Tsela e Jesu a neng a tshwara batho ka yone e re thusa gore re tlhatswege pelo le go feta gore mo lefatsheng le lesha, “o tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko.” (Pesalema 72:13) E re ka Jesu a rata go dira jalo, o tla fodisa batho botlhe ba ba bogang.
“NANOGA, TSAYA BOLAWANA JWA GAGO MME O TSAMAYE”
7, 8. Tlhalosa se se neng sa direga pele Jesu a kopana le monna yo o lwalang kwa Bethesatha.
7 Dikgwedi di le mmalwa fa Jesu a sena go fodisa molepero, o ne a tsaya loeto go tswa kwa Galalea go ya kwa Judea kwa a neng a tswelela a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo gone. Go tshwanetse ga bo go ne go na le batho ba le diketekete ba ba neng ba utlwile molaetsa wa ga Jesu mme ba amilwe pelo ke tsela e a neng a ba rata ka yone. Tota Jesu o ne a batla go gomotsa batho ba ba humanegileng le ba ba gateletsweng le go ba naya tsholofelo.—Isaia 61:1, 2; Luke 4:18-21.
8 Ka kgwedi ya Nisane, Jesu o ne a ya kwa Jerusalema go ya go keteka Tlolaganyo. Motse oo o ne o tlhanasela ka gonne batho ba ne ba tlile moletlong o o kgethegileng. Go ela kwa bokone jwa tempele go ne go na le mogobe o o bidiwang Bethesatha, mme fa Jesu a le koo o ne a kopana le monna yo o neng a sa kgone go tsamaya.
9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba ya kwa mogobeng wa Bethesatha? (b) Jesu o ne a dira eng kwa mogobeng mme seno se re ruta eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
9 Batho ba le bantsi ba ba lwalang ba ne ba ya kwa Bethesatha. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba akanya gore fa motho a lwala a ka fola fa a ka tsena mo mogobeng ka nako ya fa metsi a fuduega. Akanya fela ka tlhakatlhakano e e neng e le teng fa bontsi jwa batho ba ba tlhobaelang, ba ba tlhokang thuso le ba ba senang tsholofelo ba leka go tsena mo metsing gore ba fodisiwe. Jesu o ne a itekanetse e bile a sa tlhoke go fodisiwa, ka jalo, o ne a ile go dira eng koo? Lorato lo a ratang batho ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a ye koo. Mme ke gone kwa Jesu a neng a kopana gone le monna yo o sa bolong go lwala dingwaga di le dintsi go feta tse Jesu a di tshetseng mo lefatsheng.—Bala Johane 5:5-9.
Jesu o ne a batla batho ba ba tlhokang thuso
10 Jesu o ne a botsa monna yono gore a o batla go tsamaya gape. Akanya kafa monna yono a neng a hutsafetse ka gone fa a bolelela Jesu gore o batla go fodisiwa mme ga go kgonege ka gonne ga go ope yo o mo thusang go tsena mo mogobeng. Go tswa foo, Jesu o ne a laela monna yono gore a dire sengwe se se sa kgonegeng. O ne a mo laela gore a tseye bolawana jwa gagwe mme a tsamaye. Ka jalo, monna yono a tsaya bolawana jwa gagwe mme a simolola go tsamaya! Kgakgamatso eno ke bosupi jwa se Jesu a tla se dirang mo lefatsheng le lesha. Gape e bontsha lorato lo logolo lo Jesu a ratang batho ka lone. O ne a batlana le batho ba ba tlhokang thuso. Sekao sa ga Jesu se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re ye bodireding mme re batle batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ka ntlha ya dilo tse di botlhoko tse di diragalang mo lefatsheng leno.
“KE MANG YO O AMILENG DIAPARO TSA ME TSA KAFA NTLE?”
11. Mareko 5:25-34 e bontsha jang gore Jesu o ne a rata batho ba ba lwalang?
11 Bala Mareko 5:25-34. Mosadi mongwe o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo tlhabisang ditlhong ka dingwaga di le 12. Bolwetse jwa gagwe bo ne bo mo amile fela thata, go akaretsa le kobamelo ya gagwe. O ne a ile kwa dingakeng di le dintsi mme a dirisitse madi a a seng kana ka sepe gore a tle a fole, mme maemo a gagwe a ne a nnela maswe le go feta. Letsatsi lengwe mosadi yono o ne a loga leano le lengwe gape gore a tle a fole. O ne a ralala boidiidi jwa batho mme a ama seaparo sa ga Jesu. (Lefitiko 15:19, 25) Fa Jesu a lemoga gore maatla a ne a tswile mo go ene, o ne a botsa gore ke mang yo o mo amileng. E re ka mosadi yono a ne “a tshogile e bile a roroma,” o ne a “wela fa fatshe fa pele ga gagwe a ba a mmolelela boammaaruri jotlhe.” Jesu o ne a itse gore Jehofa o fodisitse mosadi yono, ka jalo, o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”
Dikgakgamatso tsa ga Jesu di re bontsha gore ruri o amega fela thata ka rona le ka mathata a re nang le one (Bona serapa 11, 12)
12. (a) Go tswa mo go se re se ithutileng, o ne o ka tlhalosa Jesu jang? (b) Jesu o re tlhometse sekao sefe?
12 Go nametsa pelo go bona kafa Jesu a neng a rata batho ka gone segolobogolo jang ba ba neng ba lwala. Satane ene o leka go re tlhotlheletsa gore re akanye gore ga re batho ba sepe le gore ga go na ope yo o re ratang. Le fa go ntse jalo, dikgakgamatso tsa ga Jesu di re bontsha gore ruri o amega fela thata ka rona le ka mathata a re nang le one. Re leboga tota go bo re na le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo yo o re ratang fela thata! (Bahebera 4:15) Go ka nna thata gore re tlhaloganye tsela e batho ba ba nang le lobaka lo loleele ba lwala ba ikutlwang ka yone, segolobogolo fa rona re sa lwale. Mme gone, akanya ka Jesu. O ne a utlwela batho ba ba lwalang botlhoko tota le fa ene a ise a ko a lwale. E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go etsa sekao sa gagwe sa lorato.—1 Petere 3:8.
“JESU A TSHOLOLA DIKELEDI”
13. Go tsosiwa ga ga Lasaro go senola eng ka Jesu?
13 Jesu o ne a amegile thata ke go bona batho ba utlwile botlhoko. Ka sekai, fa tsala ya gagwe e bong Lasaro e ne e tlhokafetse, o ne “a fegelwa” le go “tshwenyega” fa a bona ba lelapa le ditsala tsa ga Lasaro ba utlwile botlhoko. (Bala Johane 11:33-36.) Jesu o ne a lela le fa gone a ne a itse gore o tlile go tsosa Lasaro. O ne a sa tshabe go bontsha maikutlo a gagwe. Jesu o ne a rata Lasaro le ba lelapa la gagwe thata jaana mo a neng a dirisa maatla a Modimo go mo tsosa mo baswing!—Johane 11:43, 44.
14, 15. (a) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o batla go fedisa pogo ya batho? (b) Re ithuta eng mo mafokong a a reng ‘mabitla a kgakologelo’?
14 Baebele ya re Jesu o tshwana kgo le Rraagwe e bong Jehofa. (Bahebera 1:3) Ka jalo, dikgakgamatso tsa ga Jesu di bontsha gore Jehofa le ene o batla go fedisa bolwetse, botlhoko le loso. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa le Jesu ba tla tsosa batho ba le bantsi mo baswing. Jesu o ne a re, “nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla tsosiwang ka yone.—Johane 5:28, 29.
15 Jesu o ne a dirisa mafoko a a reng ‘mabitla a kgakologelo,’ e leng se se bontshang gore Modimo o gakologelwa batho. Modimo Mothatayotlhe, Mmopi wa lobopo lotlhe, o kgona go gakologelwa sengwe le sengwe ka batho ba re ba ratang ba ba suleng, go akaretsa le botho jwa bone. (Isaia 40:26) Ga se fela gore Jehofa o kgona go ba gakologelwa, go na le moo, o batla go ba gakologelwa. Batho ba ba tsositsweng mo baswing ba ba umakilweng mo Baebeleng, ke dikao tse di itumedisang tsa se se tla diregang mo lefatsheng le lesha.
SE RE ITHUTANG SONE MO DIKGAKGAMATSONG TSA GA JESU
16. Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba tla nna le tshono ya go dira eng?
16 Fa re nna re ikanyega, re tla nna le tshono ya go iponela ka matlho kgakgamatso e kgolo go di gaisa tsotlhe, ya go falola pitlagano e kgolo! Fa Haramagedona e sena go feta, re tla bona dikgakgamatso tse dingwe gape tse dintsi. Ka nako eo, batho botlhe ba tla itekanela. (Isaia 33:24; 35:5, 6; Tshenolo 21:4) Akanya fela o bona batho ba latlha diborele tsa matlho, dithobane tsa go ikokotlela, dithobane tsa go tsamaya, ditulo tsa maotwana le didirisiwa tse di thusang motho go utlwa sentle. Jehofa o a itse gore botlhe ba ba tla falolang Haramagedona ba tla tlhoka go nna le botsogo jo bo molemo ka gonne ba tla bo ba na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira. Ke bone ba tla dirang gore polanete ya rona e fetoge go nna paradaise.—Pesalema 115:16.
17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso? (b) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne gone mo lefatsheng le lesha?
17 “Boidiidi jo bogolo” bo kgothadiwa thata ke go bala kafa Jesu a neng a fodisa batho ba ba lwalang ka gone. (Tshenolo 7:9) Dikgakgamatso tseo di dira gore re tswelele re na le tsholofelo ya gore mo nakong e e tlang re tla fodisiwa ka botlalo. Gape di re bontsha kafa Morwa wa leitibolo wa Modimo a ratang batho ka gone. (Johane 10:11; 15:12, 13) Kutlwelobotlhoko e e seng kana ka sepe e Jesu a nang le yone, e re bontsha gore Jehofa o rata motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe fela thata.—Johane 5:19.
18 Lefatshe la gompieno le tletse ka botlhoko, pogo le loso. (Baroma 8:22) Ke ka moo re tlhokang lefatshe le lesha la Modimo. Mo go lone, batho botlhe ba tla itekanela ka botlalo fela jaaka Modimo a re solofeditse. Malaki 4:2 e re solofetsa gore re tla “tiba ka tlhako fa fatshe jaaka dinamane tse di nontshitsweng,” re itumetse ka gonne re tla bo re golotswe mo bosaitekanelang. E kete kanaanelo ya rona le go dumela mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa di ka re tlhotlheletsa gore re dire sotlhe se re se kgonang go nna gone mo lefatsheng le lesha. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore dikgakgamatso tsa ga Jesu ke bosupi jwa gore go ise go ye kae batho botlhe ba tla gololwa ka bosakhutleng ka nako ya fa Jesu a busa!