Lenaane la Diteng
June 15, 2015
© 2015 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAKASINE O O ITHUTIWANG
JULY 27, 2015–AUGUST 2, 2015
TSEBE 3 • DIPINA: 14, 109
AUGUST 3-9, 2015
TSEBE 9 • DIPINA: 84, 99
AUGUST 10-16, 2015
TSEBE 14 • DIPINA: 83, 57
AUGUST 17-23, 2015
Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo 1
TSEBE 22 • DIPINA: 138 Leina la Gago ke Jehofa (pina e ntšha), 89
AUGUST 24-30, 2015
Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo 2
TSEBE 27 • DIPINA: 22, 68
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Keresete—Maatla a Modimo
▪ O ne A Rata Batho
Ditlhogo tseno tse di buang ka dikgakgamatso tsa ga Jesu di re ruta dithuto tsa botlhokwa malebana le go nna pelontle le go thusa ba bangwe. Gape di bua ka dinonofo tse di molemo tsa ga Jesu. Ditlhogo tseno di re naya tsholofelo ka isagwe fa re tla bo re bona dilo tse di gakgamatsang di direga mo lefatsheng lotlhe.
▪ O ka Kgona go Nna o Itshekile
Re tshela mo lefatsheng le le kgothaletsang boitsholo jo bo sa siamang, ka jalo go ka nna thata go nna re itshekile le go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. Setlhogo seno se re bontsha gore re ka kgona go lwa le maikutlo a a sa siamang ka go atamalana le Jehofa, ka go reetsa kgakololo ya Baebele le ka go bona thuso mo Bakereseteng ba ba godileng sentle.
▪ Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo 1
▪ Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo 2
Fa re rapela, ga re boaboeletse mafoko a ga Jesu a a mo thapelong ya Morena, mme re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa mo go yone. Ditlhogo tseno di bontsha kafa re ka tshelang go dumalana le thapelo ya Morena ka gone.
DITLHOGO TSE DINGWE MO MAKASINENG ONO
KHABARA: Basupi bangwe ba dirisa mekoro go ya go rerela batho ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng tsa Bocas del Toro Archipelago gaufi le lotshitshi lwa Panama. Ba rera ka Se-Ngabere
PANAMA
BAAGI
3 931 000
BABOLEDI
16 217
BABULATSELA BA KA METLHA
2 534
Kwa Panama, go na le diphuthego di le 309 e bile go na le babulatsela ba ba kgethegileng ba feta 180. Baboledi ba ka nna 1 100 mo diphuthegong di le 35 le ditlhopha di le 15 ba dirisa puo ya Se-Ngabere. Baboledi ba ka nna 600 ba direla mo diphuthegong di le 16 le ditlhopha di le 6 tse di dirisang Puo ya Diatla ya Se-Panama.