LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb17 ts. 171
  • Lorato ga lo Palelwa ke Sepe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato ga lo Palelwa ke Sepe
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
yb17 ts. 171

GEORGIA

Lorato ga lo Palelwe ke Sepe

PELE Sanel a tsholwa, dingaka di ile tsa bolelela batsadi ba gagwe gore o tlile go lwala thata. O ile a tlhoka go dira karo letsatsi la ntlha fela fa a sena go tsholwa. Batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa Abkhazia, kgaolo e e neng e sa laolwe ke Georgia, mme ba ne ba sa kgone go bona ngaka e e neng e tla ara Sanel e sa mo tshele madi.

Batsadi ba ga Sanel ba ile ba ikgolaganya le Komiti ya Puisano le Dikokelo (HLC).a Bakaulengwe ba HLC ba ile ba kgona go bona ngaka e e neng e tla ara Sanel e sa mo tshele madi mme ngaka eo e ne e le kwa Tbilisi, motsemoshate wa Georgia. Mme mmaagwe Sanel ga a ka a kgona go ya Tbilisi ka gonne o ne a ise a fole sentle fa a sena go tshola ngwana. Ka jalo, ba ne ba dira tshwetso ya gore bonkokoagwe Sanel, ba e leng Basupi ba ise Sanel kwa bookelong jo bo kwa Tbilisi.

Karo ya ga Sanel e ile ya tsamaya sentle. Moragonyana bonkokoagwe ba ne ba kwala jaana: “Re ntse malatsi a feta 20 mo bookelong. Fa re le koo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ne ba re etela e bile ba re thusa. Bontsi jwa bone ba ne ba re utlwela botlhoko. Re tlhola re bala ka tsela e bakaulengwe ba ratanang ka yone, mme jaanong re iponetse ka matlho a rona.”

a Bagolwane ba kwa Georgia ba ba direlang mo komiting ya HLC ba buile le dingaka di feta 250 tse di ileng tsa dumela go ara di sa dirise madi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela