LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb17 ts. 169-170
  • Batho ba ba Buang Se-Kurd ba Ithuta Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Buang Se-Kurd ba Ithuta Baebele
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
yb17 ts. 169-170
Kgaitsadiarona a ithuta le mosadi yo o buang Se-Kurd

GEORGIA

Batho ba ba Buang Se-Kurd ba Ithuta Baebele

GULIZAR a re: “Ke tlhola ke leboga Jehofa ka go bo ke kgonne go ithuta ka ene ka puo e ke antseng.”

Gulizar o ne a fetsa dingwaga di le robedi a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a kolobediwa fa a sena go ya dipokanong tsa puo ya Se-Kurd. Ke mongwe wa Ba-Kurd ba ba ileng ba amogela boammaaruri kwa Georgia mo dingwageng tse di fetileng. Ba-Kurd ke bomang?

Ba-Kurd ba na le dingwagangwaga ba nna kwa Botlhabagare. Bakanoki bangwe ba dumela gore ke ditlogolwana tsa Bameda ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. (2 Dikg. 18:11; Dit. 2:9) Se-Kurd ke nngwe ya dipuo tse di buiwang ke batho ba kwa Iran.

Gone jaanong, dimilione tsa Ba-Kurd ba nna kwa dinageng tse di farologaneng tse di akaretsang Armenia, Iran, Iraq, Siria le Turkey. Go na le Ba-Kurd ba ka nna 20 000 kwa Georgia. Ke batho ba ba boifang Modimo e bile ba tlotla Baebele.

Gone jaanong go na le baboledi ba Ba-Kurd ba le 500 kwa Georgia le diphuthego di le tharo. Ka 2014, ba ne ba itumela thata go nna le kopano ya ntlha ya Se-Kurd kwa Tbilisi mme go ile ga tla baboledi go tswa kwa Armenia, Jeremane, Turkey le Ukraine.

Bana ba buang Se-Kurd ba lebeletse bidio ya ga Kabo le Masego
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela