Diefangele Tse Nnê Tsa Mokvi tse di kwadilweng ka Se-Georgia mo lekgolong la bo14 la dingwaga
GEORGIA | 1924-1990
Baebele ya Se-Georgia
SE-GEORGIA ke nngwe ya dipuo tsa bogologolo tse Baebele e ileng ya ranolelwa mo go yone, go akaretsa le Se-Armenia, Se-Coptic, Selatine, Sesiria le dipuo tse dingwe. Go ile ga fitlhelwa Diefangele, makwalo a ga Paulo le buka ya Dipesalema tse di ranoletsweng mo puong ya Se-Georgia mme e ne e le tsa dingwaga tsa bo400 kgotsa pele ga moo. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, Dibaebele di le dintsi tsa Se-Georgia di ne tsa ranolwa le go gatisiwa mme ga felela go na le dithanolo tse dintsi tse di farologaneng.a
Batho ba Georgia ba ne ba dirisa Baebele thata mo dikgatisong tsa bone e bile ba dirisa melaometheo ya yone mo matshelong a bone. Ka sekai, go na le pego nngwe e e amang pelo e e buang ka botshelo jwa ga Kgosigadi Shushanik. Pego eo e ka tswa e kwadilwe kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo400 mme e na le mafoko a a nopotsweng mo ditemaneng tse di farologaneng tsa Baebele. Mmoki Shota Rustaveli o ne a kwala poko e e bidiwang Vepkhvistqaosani (The Knight in the Panther’s Skin) ka bo1220, e mo go yone a ileng a umaka tsela e Bakeresete ba itshwarang ka yone. O ne a kwala ka dilo tse di jaaka, botsala, go aba le go rata batho, dilo tse batho ba Georgia ba sa ntseng ba di dira le gompieno.
a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng, “Letlotlo le le Neng le Fitlhegile ka Makgolo a Dingwaga” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2013.