LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb17 ts. 108-109
  • “Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo e a Lekwa Kwa Poland
    Tsogang!—2000
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Letlotlo le le Neng le Fitlhegile ka Makgolo a Dingwaga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
yb17 ts. 108-109

GEORGIA

“Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

Natela Grigoriadis

  • O TSHOTSWE KA 1960

  • O KOLOBEDITSWE KA 1987

  • DINTLHA KA GA GAGWE Natela o ne a kile a bereka e le manejara wa go reka le go rekisa, ka jalo fa a sena go kolobediwa, o ne a dirisa kitso eo go thusa mo tirong ya go gatisa mo sephiring.

Natela Grigoriadis

KA BO1980, motshwari wa Tora ya Tebelo ke ene fela a neng a na le makasine o gantsi o neng o kwalolotswe ka seatla. Ka jalo, ke ne ka kopa mogolwane mongwe e bong Genadi Gudadze gore re leke go printa dimakasine tse dingwe tse re ka di dirisang.

Ka nako eo, bakaulengwe ba ne ba itirela motšhine wa mimeograph ba bo ba o dirisa go gatisa dikgatiso di le mmalwa. Mme ba ne ba tlhoka motšhine o o berekang sentle wa mimeograph, motho yo o itseng go thaepa, motšhine wa go thaepa le dipampiri gore ba kgone go gatisa dimakasine ka metlha. Le fa go ntse jalo, didirisiwa tsotlhe tsa go printa, tota le pampiri, di ne di laolwa ke puso e bile di sireleditswe.

Motho yo nkileng ka bereka le ene o ne a nnaya motšhine wa go thaepa o o neng o latlhilwe. Nnake o ne a itse go thaepa e bile a re o tla re thusa. Bakaulengwe ba ne ba dira motšhine o mosha wa mimeograph ba bo ba batla lefelo le ba ka rekang pampiri kwa go lone. Sengwe le sengwe se ne se tsamaya sentle, mme mo nakong e e sa fediseng pelo re ne ra gatisa makasine wa ntlha wa Tora ya Tebelo ka Se-Georgia.

Mme gone, go ne ga nna le bothata bongwe. Letsatsi lengwe, Genadi o ne a nthaya a re: “Re tshwanetse go batla lefelo le lengwe le re ka rekang dipampiri kwa go lone.” O ne a bone dipampiri mo ofising nngwe ya puso mme o ne a sa kgone go di reka ka gonne balaodi ba puso ba ne ba mo setse morago. Re ne re ka di reka jang? Ke ne ke nna ke mo raya ke re: “Go ka se kgonege!” Mme Genadi o ne a bua jaana a tiisitse: “Tlogela go re, ‘Go ka se kgonege.’ ‘Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega’!”—Math. 19:26.

Ke ne ka nna ke akanya ka kgang eno fa ke ya kwa ofising ya puso mo letsatsing le le latelang, ke tshogile. Jehofa o ile a nthusa gore ke kopane le mongwe yo tiro ya gagwe e neng e le go thaepa a bo a re o tla romela kopo ya me kwa mookameding wa ofisi. Mookamedi yoo e ne e le monna wa gagwe. Re ne ra simolola go reka dipampiri mo ofising eo mme mathata a rona a ne a fela.

Natela Grigoriadis a bala Tora ya Tebelo
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela