England: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba amogela batlakopanong ya boditšhabatšhaba
GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE
Yuropa
DINAGA 47
PALO YA BATHO 743 421 605
BABOLEDI 1 614 244
DITHUTO TSA BAEBELE 842 091
Go Fapaanya Batho go re Thusitse go Simolola Thuto ya Baebele
Kopano ya boditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa London kwa Engelane, e ne e le tiragalo e e itumedisang mo batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe le Basupi ba ba nnang koo. Andrew le Elizabeth ba ne ba etela hotele nngwe kwa London ka maikaelelo a go dumedisa bangwe ba batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Fa Elizabeth a bona mosadi mongwe yo o apereng sentle kwa lefelong le go amogelwang batho kwa go lone la hotele, o ne a mo dumedisa ka boitumelo ka gonne a ithaya a re ke mongwe wa batlakopanong. Mosadi yono o ne a gakgamalela seo, mme Elizabeth o ne a kopa maitshwarelo. O ne a re: “Intshwarele. Ke ne ke akanya gore o tlile kopanong!”
Mosadi yoo o ne a mmotsa jaana: “Kopanong ya eng?”
Elizabeth o ne a mmontsha letshwao la go amogela Basupi ba ga Jehofa le le mo tafoleng e bile o ne a itumeletse tsela e mosadi yoo a bontshitseng kgatlhego ka yone. Mosadi yoo o ne a re: “Go a itumedisa! A ke lebega jaaka Mosupi wa ga Jehofa?”
Fa ba ntse ba tlotla, Elizabeth o ne a utlwa gore leina la mosadi yoo ke Vivien, le gore o tswa kwa Nigeria e bile ene le Elizabeth ke baagelani. Vivien o ne a dumela go ithuta Baebele e bile a batla gore le bana ba gagwe ba ithute le ene. Andrew le Elizabeth ba ne ba etela Vivien kwa lapeng, mme leno e ne e le lekgetlo la gore ene a ba tlamparele. Go kopana ga bone le Vivien kwa bogare jwa London go ne go mo kgatlhile. Fa Andrew le Elizabeth ba ne ba bontsha Vivien buka ya Baebele e Ruta Eng, ba ne ba gakgamala fa a ba raya a re o na le yone e bile o ne a e bala le bana ba gagwe ba banè. Fa ba sena go bolelela Vivien gore buka eo e dirisediwa go tshwara thuto ya mahala ya legae ya Baebele, o ne a bua jaana a itumetse: “A re simololeng gone jaanong!”
Lekwalo go Tswa Kwa Mokaulengweng wa Mo-Roma
Ka November 2014 go ne ga bulwa phuthego ya ntlha ya Se-Roma kwa Slovakia. Kwa kopanong ya potologo ya bosheng, go ne ga kolobediwa baboledi ba ba buang Se-Roma ba le 21. Botlhe ba ne ba tswa kwa motseng o le mongwe. Batho ba ba neng ba ile Segopotsong kwa phuthegong ya Se-Roma ba ne ba le 495. Mokaulengwe mongwe yo o sa tswang go kolobediwa o ne a kwala jaana:
Slovakia: Baboledi ba Bogosi ba babedi ba itumelela go bolelela mosadi wa Mo-Roma dikgang tse di molemo
“Ke mongwe wa Ba-Roma ba kwa Žehra kwa Slovakia. Kwa ke nnang gone, makgoa a le mantsi a re tsaya re le bakgarakgatshegi e bile a re re leswe, re maaka e bile re magodu. Fa ke ne ke batla go ya kerekeng, motlhokomedi o ne a re ga ke tshwanelege a bo a nteleka. O ka akanya fela gore ke ne ka leba makgoa jang morago ga go diragalelwa ke dilo tseo. Morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntaletsa kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka ya ke na le dipelaelo tse dintsi, ke solofetse go swabisiwa gape. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore pele ke tsena mo Holong ya Bogosi, monna mongwe wa lekgoa o ne a ntumedisa ka seatla mme a nkamogela ka lorato. Fa puo ya phatlalatsa e ntse e tsweletse, ke ne ke sa kgone go tlhoma mogopolo. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Go tla jang gore mongwe le mongwe a intumelele jaana?’
“Mo bosigong joo ke ne ke sa kgone go robala ka gonne ke ne ke akantse fela ka se se diragetseng kwa Holong ya Bogosi. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka go ya gape, go bona gore a go ne go itiragaletse fela gore ba nkamogele jalo. Ka nako eo, batho ba ne ba intumeletse thata e bile ba ne ba ntsaya jaaka tsala ya bone ya bogologolo. Ga ke a ka ka tlogela go ya dipokanong e bile fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka kolobediwa. Fa ke sena go kolobediwa, bakaulengwe ga ba a ka ba tlogela go mpontsha bopelonomi e bile ba sa ntse ba nkgathalela. Ka dinako dingwe ba nnaya dijo tse di monate go feta tse ba di jang. Ke batla go nnela ruri mo phuthegong eno e bile Jehofa ke Modimo yo ke batlang go mo direla ka bosakhutleng.”
Thapelo ya go Rera Dikgang Tse di Molemo e a Arabiwa
Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Aysel o ne a tsamaya ka bese go tswa kwa toropong ya Ganja go ya kwa Baku, kwa Azerbaijan. O ne a rapela Jehofa a mmolelela gore o eletsa go bua le mongwe ka Baebele fa a le mo tseleng. Le fa gone Aysel a ne a na le setulo se a se abetsweng mo beseng, mosadi mongwe o ne a mo kopa gore a bape le ene. Aysel o ne a simolola go bua le mosadi yoo mme fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go dira gore ba tlotle ka Baebele. Mosadi yoo o ne a re o rata Jesu le gore o batla go itse mo go oketsegileng ka ene. Aysel le mosadi yoo ba ne ba naana dinomoro tsa founu mme ba rulaganya go kopana gape. Mosadi yoo o ne a kopa Aysel gore a mo tlele ka Baebele fa go kgonega.
Fa Aysel a sena go boela kwa Ganja, o ne a etela mosadi yo o neng a bontshitse kgatlhego kwa a berekang gone. Mosadi yoo o ne a mo raya a re o na le “buka ya dithapelo” e a e balang letsatsi le letsatsi. Kgaitsadi wa rona o ne a gakgamaletse go bona gore buka eo e e bidiwang “buka ya dithapelo” ke bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ya 2013! Thuto ya Baebele e ne ya simololwa mme Aysel o ne a itumeletse go bo Jehofa a mo thusitse go nna le bopelokgale jwa go rera a se mo bodireding.
Lekwalo la Ditebogo go Tswa Kwa Legolegweng
Lekwalo le le latelang le tswa kwa Spain:
“Sa ntlha, ke rata go lo lebogela matsapa a lo a tsayang go bolelela batho ba mefuta yotlhe ka molaetsa wa Baebele.
“Lekgetlo la ntlha ke kopana le Basupi ba ga Jehofa e ne e le dingwaga tse 15 tse di fetileng kwa Tiranë kwa Albania. E re ka re ne re le segongwana sa basha ba le lesome, ke ne ka gakgamadiwa ke gore Mosupi mongwe o ne a nna le bopelokgale jwa go tla kwa go rona. Go ne go se ope yo o neng a batla go bua le rona, le fa go ntse jalo, mokaulengwe yoo o ne a bua le rona le fa re ne re tshwere dibetsa. O ne a bua le rona ka Baebele a sa tshoga. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke bopelokgale jwa gagwe.
“Dingwaga di le nnè tse di fetileng mo Spain, ke ne ka etelwa ke Mosupi mongwe mo kgolegelong mme a kopa go ithuta Baebele le nna. Ke ne ka amogela go ithuta, mme fa e sa le ka nako eo ke fetotse tsela e ke tshelang ka yone. Ga ke tlhole ke rata ntwa e bile ga ke tlhole ke le dikgoka. Go setse go fetile dingwaga ke sa tsene mo mathateng. Ke ithutile ka Jehofa e bile seno se dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao. Ke leka go tshela ka kagiso le batho ba ke nnang le bone e bile go setse go fetile ngwaga ke le mmoledi yo o sa kolobediwang.
“Le fa gone jaanong ke na le dingwaga di le 12 ke le mo kgolegelong, mo dingwageng di le nnè tse di fetileng ke ile ka bona boitumelo jwa mmatota ka bo ka nna le kagiso ya mogopolo e ke iseng ke tsamaye ke nne le yone. Letsatsi le letsatsi ke leboga Jehofa ka seno.
“Dibeke tse di fetileng ke ne ka leba dibidio dingwe mo jw.org. Ke ne ka amiwa thata ke bidio ya mokaulengwe yo o neng a le kwa kgolegelong kwa United States. Ga ke motho yo o amegang maikutlo motlhofo, mme fa ke bona diphetogo tse a di dirileng mo botshelong jwa gagwe, ke ne ka lela.
“E kete Jehofa a ka nna a lo segofaletsa matsapa a lo a tsayang go fitlhelela batho ba mefuta yotlhe ka go ranolela dikgang tse di molemo mo dipuong tse dintsi le ka go re etela mo dikgolegelong.
“Ke lo leboga go menagane.”
“Kgabagare Ke ne Ka Nna le Kagiso ya Mogopolo”
Felicity wa dingwaga di le 68 yo o nnang kwa Sweden a re: “Ga ke bolo go ikutlwa ke se motho wa sepe le go kgarakgatshega, ke batla go nna le kagiso ya mogopolo e go neng go lebega ke sa e bone.” E re ka a ne a sa kgotsofadiwe ke ditumelo tsa kereke ya gagwe ya Katoliki, o ne a simolola go dira dipatlisiso ka dikgopolo tsa madumedi a a farologaneng mme a feleletsa a nna le seabe mo dilong tsa boloi le boitseanape.
E re ka botshelo jwa gagwe bo ne bo se na bokao, o ne a ikutlwa a gateletswe thata mo maikutlong mo a neng a batla go ipolaya. “Ke ne ka goela kwa Modimong ke ntse ke lela, ke mo kopa gore a mpolelele gore o batla gore ke dire eng. Dibeke tse pedi tse di latelang, ke ne ka utlwa mongwe a kokota ka bonolo mo kgorong. Lekawana lengwe le le neng le nyenya le ne la mpotsa gore a nka itumelela go reetsa Lefoko la Modimo. Mo pelong ke ne ka re, ‘Nnyaa tlhe Modimo, ke ne ke sa reye jalo—e seng Basupi ba ga Jehofa!’”
Le fa gone a ne a batla go tswala kgoro, o ne a swetsa ka gore a reetse le go amogela go ithuta Baebele ka buka ya Baebele e Ruta Eng. A re: “Ke ne ka thusiwa go leba Baebele ka tsela e nngwe.” Felicity o ne a kolobediwa kwa kopanong ya tikologo ka 2014 kwa Sweden. Gone jaanong a re: “Ke sone se ke sa bolong go se batla botshelo jwa me jotlhe. Kgabagare ke ne ka nna le kagiso ya mogopolo.”