INDONESIA
Go Nna Motlotlo ka Leina la ga Jehofa
Mo dingwageng tse dintsi tsa fa tiro e thibetswe, bakaulengwe kwa Indonesia ba ikobetse taelo eno ya ga Jesu ka botlhale, “itshupeng lo le botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo lo le ba ba se nang molato jaaka maphoi.” (Math. 10:16) Mme fa thibelo e sena go tlosiwa, ba le bantsi ba ne ba tlhoka go ithuta go rera “ka bopelokgale.”—Dit. 4:31.
Ka sekai, bakaulengwe bangwe ba ne ba okaoka fa ba tshwanetse go rera ka ntlo le ntlo, mme ba ne ba tlhoma mogopolo mo maetong a go boela le dithuto tsa Baebele. Ba bangwe ba ne ba ikgogona go rerela Bamoseleme. Ba le bantsi ba ne ba bolelela batho gore ke Bakeresete go na le gore ba re ke Basupi ba ga Jehofa e bile ba dirisa dithanolo tse dingwe tsa Baebele go na le go dirisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha.a Ba bangwe ba ne ba sa tsamaise dikgatiso tsa Baebele ka tshosologo.
Mekgwa eno e ile ya tswelela le mororo thibelo e ne e tlositswe. E mengwe e ne e bakwa ke go ganelela mo setsong. Ka setso sa Se-Indonesia, motho a kampa a swa senku go na le gore a bue dilo ka tlhamalalo, gape ba nna ba amegile thata ka gore batho ba tla reng. Bakaulengwe ba ne ba ka thusiwa jang?
Jehofa o ne a ba thusa ka go romela bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba ba gakolole ka lorato. (Baef. 4:11, 12) Ka sekai, ka 2010, leloko la Setlhopha se se Laolang, e bong Stephen Lett o ne a kgothaletsa bakaulengwe gore ba tlotlomatse leina la Modimo ka go dirisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka tshosologo mo bodireding. Morongwa, Misja Beerens o ne a re: “Puo ya ga Mokaulengwe Lett e ne ya ama baboledi ba le bantsi tota. Ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa le go nna motlotlo ka go femela Lefoko la Modimo.”
E re ka Bamoseleme ba kwa Indonesia ba amanya Basupi ba ga Jehofa le madumedi a a ipitsang a Bokeresete, Tirelo ya Bogosi ya kwa Indonesia e ne ya naya kgakololo eno e e molemo: “Gantsi go ikitsise di tloga fela gore o Mosupi wa ga Jehofa ke yone tsela e e molemo ya go simolola puisano le batho mo bodireding. . . . Re motlotlo go emela leina la ga Jehofa mme re batla gore batho mo tshimong ba le itse ba bo ba itse le boikaelelo jwa gagwe!” Shinsuke Kawamoto, yo o direlang kwa ofising ya lekala ya Indonesia, a re: “Go bua jaana ka tlhamalalo mme o dira jalo ka tlotlo go dira gore go nne le diphelelo tse di molemo. Bontsi jwa Bamoseleme ba ipotsa dipotso ka Basupi ba ga Jehofa. Ba batla go itse gore re farologana jang le madumedi a mangwe. Dipotso tsa bone di dira gore re kgone go neela bosupi.”
Baboledi ba ne ba kgothalediwa gore ba oketse palo e ba e tsamaisang ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Lothar Mihank, yo e leng morulaganyi mo Komiting ya Lekala o ne a re: “Batho ba tshwanetse go bala dimakasine tsa rona gore ba tle ba re itse. Dimakasine di nolofatsa dipelo tsa batho e bile di dira gore ba amogele boammaaruri. Fa re di anamisa gongwe le gongwe, re fa batho ba le bantsi tshono ya go ithuta ka Jehofa.”
Go Rera Phatlalatsa go Nna le Diphelelo Tse di Molemo
Ka 2013, Setlhopha se se Laolang se ne sa naya lekala la Indonesia tetla ya go simolola dithulaganyo tse pedi tsa go rera: thulaganyo e e kgethegileng ya go neela bosupi mo ditoropong tse dikgolo le ya diphuthego ya go rera phatlalatsa. Dithulaganyo tseno di kgontsha batho ba le bantsi kwa Indonesia go utlwa dikgang tse di molemo.
Tafole ya ntlha ya thulaganyo e e kgethegileng ya go neela bosupi mo ditoropong tse dikgolo e ne ya bewa kwa mmolong wa didirisiwa tsa ileketeroniki kwa Jakarta Bophirima. Go tswa foo, diphuthego di ne tsa simolola go dirisa ditafole tsa go rera mo ditshimong tsa tsone. Mo lobakeng lwa ngwaga, go dirisitswe ditafole le dikolotsana di feta 400 go rera phatlalatsa kwa Indonesia. Go nnile le diphelelo dife?
Mogolwane mongwe kwa Jakarta e bong Yusak Uniplaita, o bega jaana: “Pele ga re simolola go rera phatlalatsa, phuthego ya rona e ne e otara dimakasine di le 1 200 ka kgwedi. Morago ga dikgwedi di le thataro, ke fa re otara dimakasine di le 6 000 ka kgwedi. Jaanong re otara dimakasine di le 8 000 ka kgwedi. Gape, re tsamaisitse dibuka le diboroutšhara di le dintsi tota.” Kwa Medan, kwa Sumatra Bokone, setlhotswana sa babulatsela se ile sa baya ditafole tseno tsa go rera mo mafelong a le mararo. Mo kgweding ya ntlha, ba tsamaisitse dibuka di le 115 le dimakasine di ka nna 1 800. Morago ga dikgwedi tse pedi, babulatsela ba le 60 mo mafelong a le supa, ba tsamaisitse dibuka di feta 1 200 le dimakasine di le 12 400. Morongwa, Jesse Clark o ne a re: “Bakaulengwe ba itumelela go rera ka ditsela tseno tse disha e bile go bontsha fa thobo e le ntsi mo Indonesia. Mokgwa ono wa go rera phatlalatsa o tla tswelela o ntse o dirisiwa!”
Go Dirisa Puo E ba E Antseng
Indonesia e kwa Borwabotlhaba jwa Asia, e leng karolo ya lefatshe e e nang le dipuo tse dintsi.b Le fa batho ba le bantsi ba bua Se-Indonesia, bontsi bo dirisa dipuo tsa dikgaolo tsa bone, e leng puo e ba e antseng.
Setlhopha sa baranodi ba Se-Batak-Toba kwa Sumatra Bokone
Ka 2012, ofisi ya lekala e ne e batla go bona gore ke dipuo dife tse di buiwang thata. Tom Van Leemputten a re: “Re simolotse ka go ranola dikgatiso ka dipuo di le 12 tse di dirisiwang ke batho ba ka nna dimilione di le 120. Fa baranodi ba Se-Java ba bona pampitshana ya ntlha ya puo ya Se-Java, ba ne ba lela selelo sa boitumelo. Kgabagare ba ne ba na le dijo tsa semoya ka puo ya bone!”
Le fa go ntse jalo, diphuthego di le dintsi di ne di ntse di tshwara dipokano ka Se-Indonesia, tota le mo dikgaolong tse mo go tsone go neng go na le batho ba ba buang dipuo tse dingwe. Lothar Mihank o ne a re: “Ka 2013, nna le mosadi wa me Carmen, re ne ra ya kopanong ya malatsi a mabedi kwa setlhaketlhakeng sa Nias kwa Sumatra Bokone. Go ne go na le batho ba le 400 mme bontsi jwa bone ba ne ba bua Se-Nias le fa dipuo tsotlhe di ne di beilwe ka Se-Indonesia. Morago ga go buisana le dibui, re ne ra bolelela bareetsi gore mo letsatsing le le latelang kopano e ne e tla tshwarwa ka Se-Nias. Letsatsi le le latelang batho ba le 600 ba ne ba pitlagana mo lefelong la kopano.” Carmen o ne a tlatsa jaana: “Go ne go bonala sentle gore bareetsi ba ne ba tlhwaile tsebe go feta mo letsatsing le le fetileng fa dipuo di ne di beilwe ka Se-Indonesia. Ba ne ba itumeletse go utlwa le go tlhaloganya molaetsa wa Baebele ka botlalo ka puo ya bone.”
Motho yo o sa utlweng mo ditsebeng o rerelwa molaetsa wa Baebele
Tota le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgona go rutwa boammaaruri ka puo ya bone kwa Indonesia. Go tloga ka 2010, baranodi ba Puo ya Diatla ya Indonesia ba ranotse diboroutšhara di le supa le dipampitshana di le robedi. Mo godimo ga moo, ofisi ya lekala e ne ya rulaganya ditlelase di le 24 tsa go thapisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 750 ba ba rerang mo tshimong ya puo ya diatla. Gompieno, kwa Indonesia go na le diphuthego le ditlhopha di le 23 tsa puo ya diatla tse di rutang batho ba ka nna dimilione di le tharo go bona thuso le kgomotso mo Baebeleng.
Ga jaana, Lefapha la Thanolo le na le ditlhopha tsa baranodi di le 37. Go na le baranodi ba le 117 le ba bangwe ba le 50 ba ba dirang ditiro tse dingwe go tshegetsa tiro ya thanolo mo mafelong a le 19.
a Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Indonesia e golotswe ka 1999. Baranodi ba tsere dingwaga di le supa go wetsa thanolo eno tiro e ntse e thibetswe. Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, baranodi ba ne ba dira tiro e e duleng diatla; go ne ga gololwa dibolumo tse pedi tsa Insight on the Scriptures le Watchtower Library ka CD-ROM tsa Se-Indonesia!
b Kwa Indonesia go dirisiwa dipuo di le 707, fa kwa nageng e e gaufi le yone ya Papua New Guinea go dirisiwa di le 838