LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb16 ts. 119-ts. 123 ser. 2
  • Tiro e a Gola Kwa Botlhaba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro e a Gola Kwa Botlhaba
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Ditlhogwana
  • “Lo Tla Gogelwa fa Pele ga Balaodi . . . Gore e Nne Bosupi”
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
yb16 ts. 119-ts. 123 ser. 2

INDONESIA

Tiro e a Gola Kwa Botlhaba

Ka 1953, Peter Vanderhaegen o ne a newa kabelo ya go nna molebedi wa potologo kwa Indonesia. Potologo ya gagwe e ne e akaretsa naga yotlhe, e le dikilometara di ka nna 5 100 go tswa botlhaba go ya bophirima mme go tswa bokone go ya borwa e le dikilometara di ka nna 1 800. Gantsi o ne a lebana le maemo a a tsitsibanyang mmele.

Peter Vanderhaegen

Peter Vanderhaegen

Ka 1954, Mokaulengwe Vanderhaegen o ne a etela kgaolo e e kwa botlhaba jwa Indonesia, karolo e e nang le madumedi a mantsi, go akaretsa ditlhaketlhake tsa Bali, kwa go nang le Bahindu ba bantsi; Lombok le Sumbawa, kwa go tletseng Bamoseleme; Flores, kwa bontsi jwa baagi e leng Bakatoliki; le kwa Sumba, Alor le Timor, kwa go nang le Baporotesetanta ba bantsi. O ne a tsamaya ka sekepe se se reketlang, a tsamaya a rerela batho ka bokhutshwane mo ditlhaketlhakeng tse a fetang mo go tsone go ya Kupang, toropokgolo ya Timor. Mokaulengwe Vanderhaegen o ne a re: “Ke ntse dibeke tse pedi ke rera kwa Timor. Le fa go ne go na dipula tsa matsorotsoro, ke ne ka tsamaisa dikgatiso tsotlhe tse ke neng ke di tshotse, ka amogela dipeeletso di le 34 tsa di makasine ka bo ka simolola dithuto tsa Baebele di le mmalwa.” Babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba sala ba nosetsa peo eno mme ba tlhoma phuthego kwa Kupang. Go tswa foo dikgang tse di molemo di ne tsa goroga le kwa ditlhaketlhakeng tse di mabapi tsa Rotè, Alor, Sumba le Flores.

Fa baruti ba kereke ya Porotesetanta kwa Kupang ba bona maloko a dikereke tsa bone a rutwa ke Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba fufega fela thata. Moruti mongwe yo o neng a na le maemo a a kwa godimo mo kerekeng, o ne a raya rre mongwe wa segolwane yo o neng a bereka ka dithini, e bong Thomas Tubulau a re a lese go ithuta Baebele le Basupi e seng jalo mongwe o tla raga kgamelo. Thomas o ne a mo raya a re: “Ga go na Mokeresete yo o ka buang jalo. Ga nkake ka tlhola ke le gata kwa kerekeng ya gago.” Thomas e ne ya nna mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi, mme morwadie e ne ya nna mmulatsela yo o kgethegileng.

Le fa go ntse jalo, baruti ba kwa Timor ba ne ba ikemiseditse go fedisa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1961, ba ne ba tlhotlheletsa Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi le bolaodi jwa sesole go thibela tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba tla ka ditsela tse dingwe tsa go rera. Ba ne ba rerela batho kwa dimmarakeng le kwa didibeng, kwa mawatleng le ba ba etetseng baswi kwa mabitleng. Morago ga kgwedi, bolaodi jwa sesole bo ne jwa ineela mme jwa itsise ka radio gore go na le kgololesego ya bodumedi mo Timor. E rile Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi le gatelela gore tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e sa ntse e thibetswe, bakaulengwe ba ne ba kopa gore go kwalwe lekwalo le le supang seo. Badiredi ba lefapha leo ba ne ba gana mme bakaulengwe ba ne ba tswelela ba rera ka ntlo le ntlo ntle le go kgorelediwa.

Ka 1962, go ne ga tla barongwa kwa Papua, e bong Piet le Nell de Jager, Hans le Susie van Vuure, ba le bone ba neng ba bogisiwa ke baruti ba dikereke. Baruti ba le bararo ba ba neng ba tshwere maemo a a kwa godimo ba ne ba laela barongwa gore ba ye go rera go sele. Baruti ba ne ba bua maaka ka Basupi kwa dikerekeng, mo diradiong e bile ba kwala maaka ka bone, ba re Basupi ba bakela puso mathata. Maloko a dikereke a a neng a ithuta Baebele le barongwa a ne a tsiediwa ke baruti ka loleme, a tshosediwa e bile a newa pipamolomo. Mo godimo ga moo, baruti ba ne ba pateletsa dikgosi tsa metse gore di eme kgatlhanong le tiro ya go rera.  

Maiteko a bone a ne a itaya sefololetse fa kgosi nngwe e ne e laletsa barongwa kwa motseng wa yone. Hans o ne a re: “Fa kgosi e sena go kokoanya baagi ba motse, nna le Piet re ne ra ba beela dipuo tse pedi tse dikhutshwane tse di tlhalosang tiro ya rona. Go tswa foo, basadi ba rona ba ne ba ba bontsha gore re kokota fela mo matlong, re bo re tsena re tlotla le bone ka bokhutshwane ka molaetsa wa Baebele. Kgosi le setšhaba sa gagwe ba ne ba itumelela dipuo le pontsho eo ba bo ba re letla go rera ka kgololesego.”

Go ne go diragala fela jalo fa ba tsena mo motseng mongwe le mongwe. Bamoseleme ba ne ba kgoreletsa tiro ya go rera ka sewelo; tota gantsi e ne e kgorelediwa ke baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Mme ke se se sa ntseng se direga le gompieno.

“Lo Tla Gogelwa fa Pele ga Balaodi . . . Gore e Nne Bosupi”

Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.” (Math. 10:18) Mafoko ano a ga Jesu, a ile a diragadiwa gangwe le gape kwa Indonesia.  

Ka 1960, moithutabodumedi mongwe wa Mo-Dutch yo o itsegeng kwa Jakarta o ne a gatisa buka e e neng e re Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba maaka. Buka eno e ne ya dira gore baruti ba le bantsi ba latofatse Basupi. Ka sekai, moruti mongwe o ne a kwalela Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi a latofatsa Basupi ka go re ba “tlhakanya maloko a kereke ya bone tlhogo.” Balaodi ba ne ba bitsa Basupi ba re ba tle go ipuelela kgatlhanong le ditatofatso tseo mme bakaulengwe ba ne ba tlhalosa dintlha ka tsela e e neng ya neela bosupi. Molaodi mongwe yo o ratang bodumedi o ne a raya modirikaene a re: “Tlogela Basupi ba ga Jehofa. Ba tsosa Baporotesetanta mo borokong.”

Ba folosa dibuka tsa Paradise, kwa Indonesia ka 1963

Ba folosa dibuka tsa Paradise, 1963

Ka 1964, setlhopha sa baruti ba Baporotesetanta kwa Papua se ne sa ikuela kwa Komiting ya Palamente ya Tsa Bodumedi le Loago, se kopa gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibelwe. Ofisi ya lekala e ne ya kopa go tla go ipuelela kgatlhanong le seo. Tagor Hutasoit o ne a re: “Re ne ra fetsa ura re tlhalosetsa komiti ka tiro ya rona ya go ruta batho Baebele. Radipolotiki mongwe wa Moporotesetanta o ne a re latofatsa ka go re re baka dikhuduego tsa bodumedi mo Papua. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Bamoseleme ba e neng e le maloko a komiti eo ba ne ba le kutlwelobotlhoko. Ba ne ba re raya ba re: ‘Molaotheo o letlelela batho gore ba obamele ka kgololesego, ka jalo lo na le tshwanelo ya go rera.’” Morago ga pokano eno, modiredipuso mongwe wa maemo a a kwa godimo kwa Papua o ne a re: “Puso e ntšha . . . e letlelela batho gore ba obamela ka kgololesego, go akaretsa le madumedi a masha.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela