LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb16 ts. 97-ts. 99 ser. 2
  • Mekgwa ya Bogologolo ya go Rera

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mekgwa ya Bogologolo ya go Rera
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Ditlhogwana
  • Go Gasa mo Radiong
  • Sekepe sa Lightbearer
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
yb16 ts. 97-ts. 99 ser. 2
Sekepe sa Lightbearer se se dimmetara di le 16

INDONESIA

Mekgwa ya Bogologolo ya go Rera

Go Gasa mo Radiong

Tora ya makhubu a radio

KA 1933, bakaulengwe ba ne ba rulaganya gore go nne le seteishene sa radio kwa Jakarta, gore go gasiwe dithero tsa ga Mokaulengwe Rutherford tsa Seesemane. Dithero tse dingwe tsa Se-Dutch di ne di balwa mo radiong ke monna mongwe yo o neng a kgatlhegela boammaaruri. Dikgaso tseo di ne di kgatlha batho ba le bantsi e bile di thusa bakaulengwe go anamisa dikgatiso tse dintsi.

Baruti ba Katoliki ba ne ba setse ba utlwile fa go gasiwa thero ya ga Mokaulengwe Rutherford e e sa potapoteng ya setlhogo se se reng, “Kafa Ngwaga o o Boitshepo o Amileng Kagiso le Katlego ka Gone.”a Baruti ba ne ba dirisa batlhanka ba bone go tshwarisa Mokaulengwe De Schumaker yo o neng a neile seteishane direkoto tseo. Ba ne ba mo latofatsa ka go “senya ba bangwe leina, go kgoba le go nna le letlhoo.” Mokaulengwe De Schumaker o ne a iphemela kgatlhanong le ditatofatso tseo mme a duedisiwa madi a kotlhao a a kana ka di-guilder di le 25b le ditshenyegelo tsa kgotlatshekelo. Makwalodikgang a le mararo a ne a bega ka tsheko eno mme seno se ne sa dira gore go neelwe bosupi.

Sekepe sa Lightbearer

Ka July 15, 1935, bakaulengwe ba ne ba tsamaya ba rera ka sekepe sa Watch Tower Society sa Lightbearer se se boleele jwa dimmetara di le 16. Ba ne ba goroga kwa Jakarta morago ga mosepele o o tsereng dikgwedi di le thataro go tswa Sydney, Australia. Sekepe seno se ne se tla ka babulatsela ba ba tlhagafetseng ba le supa ba ba neng ba tlile go rera dikgang tse di molemo kwa Indonesia, Singapore le Malaysia.

Babulatsela ba sekepe sa Lightbearer ba ne ba fetsa dingwaga di feta tse pedi ba etela maemakepe a magolo le a mannye a Indonesia, ba tsamaisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Jean Deschamp o ne a re fa sekepe se tsena kwa boemakepeng, “babulatsela ba ne ba tshameka rekoto ya thero ya ga J. F. Rutherford, moeteledipele wa Watch Tower Society. Akanya fela Ba-Malay ba le bantsi ba gakgamadiwa ke go bona sekepe se setona se goroga go utlwala modumo wa rekoto. Tota le sefofane se se sa tlwaelegang se se tswang kwa nageng e nngwe se ne se ka se gape matlho a batho jaaka sekepe seno.”

Bakaulengwe ba ne ba rera ka bopelokgale mme seno se ne sa galefisa baruti mo ba neng ba pateletsa badiredipuso gore ba se ka ba letla sekepe sa Lightbearer se tsena ka maemakepe a Indonesia. Ka December 1937, Lightbearer e ne ya boela Australia morago ga go dira tiro e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo kwa Indonesia.

Setlhopha sa Lightbearer

Maloko a setlhopha sa Lightbearer

a Thero ya ga Mokaulengwe Rutherford e ne e senola dithuto tsa maaka tsa Kereke ya Roma Katoliki le kafa e amanang ka gone le dipolotiki le kgwebo.

b Madi a gompieno a ka lekanang le R4 000.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela