INDONESIA
Tlhaloso e Khutshwane ka Indonesia
Naga E mo gare ga Australia le Asia. E na le ditlhaketlhake tse dintsi go feta naga epe fela mo lefatsheng. E na le ditlhaketlhake di feta 17 500 mme bontsi jwa tsone di na le dithaba tse di tletseng maje le dikgwa tsa boboatsatsi. E na le makgwamolelo a a fetang 100 a a ka thunyang nako nngwe le nngwe, a a thunyang go feta a naga epe fela mo lefatsheng.
Batho Indonesia ke naga ya bonè mo lefatsheng e e nang le baagi ba bantsi, (morago ga China, India le United States) gape e na le ditso di le 300. Baagi ba bantsi ke Ba-Java le Ba-Sunda.
Bodumedi Diperesente di le 90 tsa Ba-Indonesia ke Bamoseleme. Ba bangwe ke Ba-Hindu, Ba-Buddha kgotsa Bakeresete. Mme ba bangwe ba remeletse mo bodumeding jwa setso.
Puo Go buiwa dipuo di feta 700 kwa Indonesia. Puo ya semolao ya naga eno ke Se-Indonesia e e theilweng mo puong ya Se-Malay. Gape batho ka bontsi ba bua puo e e buiwang mo kgaolong e ba nnang mo go yone.
Tsela ya go Itshedisa Batho ba le bantsi ke balemirui kgotsa bagwebi. Naga eno e humile ka ditswammung, logong, oli e e sa tlhotlhiwang le gase ya tlholego. Gape naga eno e gweba ka rabara le ka leokwane la mokolane.
Dijo Raese ke yone e jewang thata. Dijo tse di tlwaelegileng ke nasi goréng (raese e e gadikilweng ka mae le merogo), satay (nama e e beseditsweng mo matlhokwaneng) le gado-gado (salate e e nang le souse ya matonkomane).
Tlelaemete Go mogote e bile go bongola. Paka e pula e nang thata ka yone e dira gore go nne bongola le gore go phaphalale. Dipula tsa matlakadibe di tlwaelegile.