Indonesia
PEGO eno ke e e amang pelo ya banna le basadi ba Bakeresete ba ba neng ba emela se ba se dumelang ka bopelokgale ntswa go ne go na le dikhuduego tsa sepolotiki, dikgotlhang tsa bodumedi le thibelo e e tlhotlheleditsweng ke baruti e e tsereng dingwaga di le 25. Bala ka mokaulengwe yo Bakomonise ba neng ba ikaeletse go mmolaya le ka Mokeresete yo o nonofileng mo tumelong, yo o kileng a nna moeteledipele wa dikebekwa. Utlwa pego e e amang maikutlo ya ditsala tse pedi tsa basetsana tse di sa utlweng mo ditsebeng le gore di lemogile jang gore ke bana ba motho. Gape bona gore batho ba ga Jehofa ba dira jang gore ba kgone go rera mo nageng e e tletseng Bamoseleme.