LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 February ts. 2-7
  • Re ka Thusa Jang ba Masika ba e Seng Basupi ba ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka Thusa Jang ba Masika ba e Seng Basupi ba ga Jehofa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA TLHOMOGELE PELO
  • LEKA GO BA TLHALOGANYA
  • NNA O LE PELOTELELE O BO O NNE LE TSHOLOFELO
  • BA BONTSHE GORE O A BA RATA
  • O SE KA WA BA TLHOBOGA
  • Boammaaruri ga bo Tlise “Kagiso” Mme bo Tlisa “Tšhaka”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Molebedi wa Potologo
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • A Dithuto Tsa Ntlha Tse o di Ithutileng di sa Ntse Di ka Go Tswela Mosola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 February ts. 2-7

APRIL 6-12, 2026

PINA 82 “A Lesedi la Lona le Phatsime”

Re ka Thusa Jang ba Masika ba e Seng Basupi ba ga Jehofa?

“A re se ka ra lesa go dira se se molemo.”​—BAGAL. 6:9.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore re ka dirisana sentle jang le ba masika a rona ba e seng Basupi, le gore fa ba re letla re ka bua jang le bone ka Jehofa re le pelonomi.

1-2. Go ithuta Baebele go ka tswa go amile jang tsela e wena le ba masika a gago lo dirisanang ka yone?

JESU o ne a raya monna mongwe yo o neng a batla go nna molatedi wa gagwe a re: “Ya gae kwa go ba losika lwa gago, mme o ba bolelele dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone.” (Mar. 5:19) Se Jesu a neng a se bua se bontsha gore o ne a itse gore re tshotswe re na le keletso ya go tlotlela ba malapa a rona dikgang tse di itumedisang.

2 A o gakologelwa gore o ne o ikutlwa jang lekgetlo la ntlha fa o ne o ithuta Baebele? Gongwe o ne o swegaswega pelo go tlotlela ba masika a gago dilo tse di itumedisang tse o di ithutileng. Le fa go ntse jalo, gongwe bone ga ba a ka ba itumelela go utlwa gore o ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Kgotsa gongwe tsela e o neng o ba bolelela dikgang tse di molemo ka yone e ile ya dira gore lo se ka lwa utlwana. Fa e le gore go ntse jalo, setlhogo seno se tla go thusa gore o itse gore o ka dira eng gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa, mme o ntse o dirisana sentle le ba masika a gago.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tla ithuta ka dilo tseno tse nnê tse di ka re thusang go dirisana sentle le ba malapa a rona ba e seng Basupi: (1) Gore go nna pelotlhomogi go ka re thusa jang go bontsha ba masika a rona ba e seng Basupi gore re amega ka bone tota le fa ba sa batle go ithuta ka Jehofa, (2) gore re ka dira eng go bontsha gore re a ba tlhaloganya, (3) gore fa re le pelotelele e bile re na le tsholofelo re ka thusa jang ba masika a rona gore ba ithute ka Jehofa, le (4) gore re ka ba bontsha jang gore re a ba rata.

BA TLHOMOGELE PELO

4. Jesu o ile a dira eng fa batho ba ne ba sa reetse molaetsa wa gagwe?

4 Jesu ga a ka a nna bonako go tlhoboga batho ba ba neng ba sa reetse molaetsa wa gagwe. O ile a itshwantsha le motho yo o berekang mo tshimong ya morara, yo o neng a dira dilo tse di farologaneng go thusa setlhare sa mofeige se se neng se sa ungwe gore se ungwe. (Luke 13:6-9) Fa Jesu a ne a dira setshwantsho seno, go ne go setse go fetile dingwaga di le tharo a thusa Bajuda gore ba nne le tumelo. Goreng a ne a sa ba tlhoboge? Jesu o ne a tlhomogela batho pelo, mme seo se ile sa mo thusa gore a nne pelotelele le bone.

5. Ke eng se se neng se tlhotlheletsa Jesu gore a tlhomogele Bajuda pelo?

5 Jesu o ne a tlhomogela Bajuda pelo ka gonne o ne a itse gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa thusa batho go itse boammaaruri ka Jehofa. Jesu o ne a lemoga gore Bajuda bao ba ne ba “tshwana le dinku tse di se nang modisa.” (Mar. 6:34) Nakwana pele Jesu a swa, o ile a lelela Jerusalema ka gonne a itse gore bontsi jwa batho ba ba neng ba nna koo ba ne ba tlile go swa ka gonne ba se na tumelo. (Luke 19:41-44) Fela jaaka Jesu, fa re akanya ka mabaka a go bo ba masika a rona ba tlhoka go itse boammaaruri, seno se ka dira gore re batle go ba rerela.

6. Goreng re tshwanetse go nna pelotelele le ba masika a rona ba e seng Basupi? (Bagalatia 6:9)

6 Bala Bagalatia 6:9. Tota le fa ba masika a rona ba sa batle go ithuta ka Jehofa gone jaanong, re tshwanetse go nna pelotelele le bone mme re se ka ra lesa “go dira se se molemo.” Re a itse gore go tsaya nako gore batho ba fetole se ba se dumelang mme ba simolole go dumela mo go Jehofa. Gongwe mo nakong e e fetileng o ne o tshwana le batho ba ba neng ba tshela mo lefatsheng ba ‘se na tsholofelo e bile ba sa itse Modimo.’ (Baef. 2:12) Fa e le gore go ntse jalo, ga go pelaelo gore mongwe o ne a go thusa. Fa o le pelotelele le ba masika a gago, le wena o ka nna le tshono ya go ba thusa go itse mo go oketsegileng ka Jehofa.

LEKA GO BA TLHALOGANYA

7. Ke eng se se ka tswang se dirile gore bomonnawe Jesu ba se ka ba dumela mo go ene?

7 Gongwe bomonnawe Jesu ba ne ba utlwaletse ka dikgakgamatso tse Jesu a ileng a di dira kwa Galalea. (Luke 4:14, 22-24) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba dumela mo go ene ka yone nako eo. (Joh. 7:5) Goreng? Baebele ga e re bolelele lebaka la seo. Mme gone, e re bolelela dilo di ka nna pedi tse di dirileng gore Bajuda bangwe ba se ka ba nna barutwa ba ga Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba tshaba gore baagelani ba bone ba ne ba tlile go ba bogisa fa ba ka nna balatedi ba ga Jesu. (Joh. 9:18-22) Ba bangwe ba ne ba itsile Jesu go tloga a sa le monnye, ka jalo go ne go le thata go dumela gore ke ene Mesia. (Mar. 6:1-4) Bomonnawe Jesu le bone ba ka tswa ba ne ba akanya jalo. A ba masika a gago le bone ba ka tswa ba ikutlwa jalo?

8. Ke eng se se ka dirang gore ba masika a rona ba bue kgotsa ba dire dilo tse di ka re utlwisang botlhoko?

8 Leka go akanya gore ke eng se se dirang gore ba bue le go dira dilo tse di go utlwisang botlhoko. Bomonnawe Jesu e ka tswa e ne e le bangwe ba masika a ga Jesu ba ba neng ba re “o latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mar. 3:21) Ke eng se se ka tswang se dirile gore ba akanye jalo? Pego eno ya Baebele e bontsha gore Jesu o ne a dira ka natla mo tirong ya go rera mo a neng a se na nako ya go ja. (Mar. 3:20) A ba masika a gagwe ba ne ba akanya gore o feteletsa dilo? Go ka direga. Ba masika a rona ba ka tswa ba akanya gore bodumedi jwa rona bo re ile tlhogong. Fa e le gore ba akanya jalo, se re se buang le se re se dirang se ka dira gore ba fetole mogopolo.

9. Ke eng se se ka dirang gore ba masika a rona ba fetole tsela e ba lebang Basupi ka yone? (1 Petere 3:1, 2) (Bona le ditshwantsho.)

9 Tswelela o le pelonomi e bile o le tekatekano. Fa re bua re le pelonomi e bile re dira dilo tse di bontshang gore re amega ka ba masika a rona, seo se ka dira gore ba fetole tsela e ba lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone. (Bala 1 Petere 3:1, 2.) A re re monna wa kgaitsadi mongwe ga se Mosupi. Monna yoo a ka jewa ke bodutu kgotsa a galefa fa mosadi wa gagwe a ya dipokanong kgotsa a ya tshimong. E re ka kgaitsadi yono a sa batle gore monna wa gagwe a ikutlwe jalo, a ka fetola dinako tse a yang tshimong ka tsone gore a kgone go fetsa nako e e oketsegileng a na le ene. Ka sekai, a ka ya tshimong fa monna wa gagwe a dira ditiro dingwe kgotsa a se kwa lapeng. Seo se ka thusa monna wa gagwe gore a fetole tsela e a lebang Basupi ka yone.

Ditshwantsho: 1. Kgaitsadi o direla monna wa gagwe yo e seng Mosupi dijo le kofi pele ga a ya tirong. 2. Moragonyana, o na le kgaitsadi yo mongwe kwa tshimong e bile o bontsha mosadi mongwe yo ba mo rerelang sengwe mo Baebeleng a dirisa founu ba eme fa kgorong.

Tsela e e molemo e re buang le molekane yo e seng Mosupi ka yone le se re se dirang di ka mo thusa go fetola tsela e a lebang Basupi ka yone (Bona serapa 9)f


10. Re ka etsa Jesu jang fa ba bangwe ba re tshwayatshwaya diphoso?

10 Ga o patelesege go araba sengwe le sengwe se ba masika a gago ba go tshwayatshwayang diphoso ka sone. Fa Jesu a ne a latofadiwa ka gore o ja bobe le gore o nwa thata, ga a ka a iphemela. O ne a batla gore batho e nne bone ba iponelang gore a se se neng se buiwa ka ene se boammaaruri kgotsa nnyaa. (Math. 11:19) Gape tsela e a neng a tshela ka yone e ne e bontsha gore o tekatekano. (Bapisa le Johane 2:2, 6-10.) Le wena o se ka wa ikutlwa o patelesega go araba sengwe le sengwe se o tshwaiwang phoso ka sone. Go na le moo, re ka bontsha ka se re se dirang gore re tekatekano le gore re itumetse. Fa ba masika a rona ba bona seo, ba ka lemoga gore dilo tse ba neng ba re latofatsa ka tsone ga di boammaaruri.

NNA O LE PELOTELELE O BO O NNE LE TSHOLOFELO

11. Jesu o ne a dirisana jang le bomonnawe ba ba neng ba sa dumele mo go ene?

11 Baebele e bontsha gore Jesu o ile a tswelela a le pelotelele le bomonnawe. Ka sekai, go bonala le bone ba ne ba le teng kwa Kana fa a ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha. (Joh. 2:11, 12) Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, bomonnawe Jesu ga ba a ka ba dumela mo go ene. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tlogela go dirisana le bone fela ka gonne e se balatedi ba gagwe. Baebele e re bontsha gore mo e ka nnang dingwaga di le tharo morago ga gore Jesu a dire kgakgamatso ya gagwe ya ntlha kwa Kana, o ne a sa ntse a bua le bomonnawe a le pelonomi.​—Joh. 7:5-8.

12. Ke eng se se ka re nayang tsholofelo ya gore letsatsi lengwe bangwe ba masika a rona ba tla direla Jehofa?

12 Re setse re ithutile go le gontsi ka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa. Seo se ka re thusa gore re tswelele re na le tsholofelo ya gore nako nngwe ba masika a rona ba tla direla Jehofa. Fa bodumedi jwa maaka bo fedisiwa, ba masika a rona ba ka nna ba gakologelwa gore re ile ra ba bolelela gore seno se tla direga.a (Tshen. 17:16) Tota e bile, ba ka nna ba tla mo kobamelong ya boammaaruri fa pitlagano e kgolo e sena go simologa. Mme fa ba masika a rona ba nna le mathata, re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa. Fa ba lemoga gore tota re a ba rata, ba ka nna ba batla go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele.

BA BONTSHE GORE O A BA RATA

13. Le fa gone re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko?

13 Le fa gone re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, ga re batle gore ba masika a rona ba tseye gore ga re na nako le bone kgotsa gore ga re sa tlhole re ba rata. (Math. 7:12) Re ka bontsha jang gore re amega ka bone? Go na le dilo di le mmalwa tse re ka di dirang.

14-15. Re ka dira eng go bontsha gore re rata ba masika a rona ba e seng Basupi? Naya sekai.

14 Nna o ba tlhola, mme o ba bontshe gore o a ba rata. Re bontsha ba masika a rona gore re a ba rata ka go nna re ba bolelela gore re tsoga jang. Ka sekai, re ka ba romelela molaetsa le dinepe tse re di tsereng fa re ile go iphokisa phefo, re tsere loeto kgotsa re iketlile le ditsala. Re ka ba romelela mphonyana kgotsa ra ba kwalela lekwalo. Seno le sone se ka bontsha gore re amega ka bone e bile se ka re thusa go atamalana le bone. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re a ba rata.

15 Akanya ka se se ileng sa diragalela Kgaitsadi Anna wa kwa Armenia. Ene le ba lelapa la gagabo ba ne ba fetsa nako mmogo segolobogolo ka malatsi a matsalo le a boikhutso. Fa Anna a ithuta boammaaruri, ba masika a gagwe ba ne ba tshwenyegile ka gore bodumedi jwa gagwe bo ne bo tla ama jang tsela e ba neng ba dirisana le ene ka yone. Gape ba ne ba tshwenyega ka gore tshwetso e a e dirileng ya go nna Mosupi, e ne e tla ama bokamoso jwa gagwe jang. Anna o dira eng gore ba wele makgwafo? A re: “Fa ke etela ba masika a me, ke ba bolelela se se diragalang mo botshelong jwa me le gore ke ntse ke dira eng. Gape ke ba laletsa kwa ga me ke bo ke ba kopanya le ditsala tsa me. Seo se ile sa dira gore bontsi jwa bone ba itse ditsala tsa me le gore ba phuthologe fa ba na le tsone. Bontsi jwa ba masika a me ba ne ba re ba a lemoga gore ke itumetse e bile ga ba sa tlhole ba tshwenyega ka nna.”

16. Jesu o ile a bontsha jang gore o amega ka monnawe e bong Jakobe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

16 Bontsha gore o amega ka se se diregang mo matshelong a bone. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a bontsha gore o amega ka monnawe e bong Jakobe ka go iponatsa kwa go ene. (1 Bakor. 15:7) Jakobe o tshwanetse a bo a ile a itumela thata fa a lemoga gore Jesu ga ise a ko a tsamaye a mo tlhoboge. Eo e tshwanetse e a bo e le yone nako e Jakobe a ileng a lemoga gore Jesu ke Mesia. Morago ga seno, Jakobe o tshwanetse a bo a ile a ya go tlhalosetsa ba masika gore Jesu ke Mesia.b​—Dit. 1:14.

17. Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Baroma 12:15? (Bona le setshwantsho.)

17 Bala Baroma 12:15. Ba masika a rona ba ka diragalelwa ke dilo tse di itumedisang le tse di utlwisang botlhoko. Fa re ba bontsha gore re amega ka bone, segolobogolo fa ba tlhoka thuso, ba ka fetola tsela e ba lebang Basupi ka yone.c Ka sekai, re ka ba lebogisa fa ba nna le ngwana re bo re ba naya mpho go bontsha gore re itumela le bone. Fa ba tlhokafaletswe, re ka ba kgothatsa, ra ba thusa ka dilo dingwe kgotsa ra ba romelela karata. Gape re tshwanetse go nna re ba tlhola ka metlha, bogolo jang fa ba na le mathata.

Kgaitsadi yo o tlhagang mo ditshwantshong tse di fetileng, o itsaya senepe a na le monna wa gagwe yo e seng Mosupi le matsalaagwe yo o mo wheelchair.

Fa o bontsha ba masika a gago gore o amega ka bone, segolobogolo fa ba tlhoka thuso, ba ka fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka se o se dumelang (Bona serapa 17)g


A ke Ye Lenyalong Kgotsa Phitlhong ya Mongwe wa Losika yo e Seng Mosupi?

Gantsi ba masika ba kopana kwa manyalong kgotsa kwa diphitlhong. Mme gone, pele o dira tshwetso ya go ya lenyalong kgotsa phitlhong ya mongwe wa losika akanya ka melaometheo eno ya Baebele.

  • A go tla dirwa meletlo ya bodumedi kgotsa meetlo e e sa itumediseng Jehofa? (2 Bakor. 6:14, 15)

  • Fa o dira tshwetso ya gore o tla ya, a o tla kgona go gana fa ba go pateletsa gore o tseye karolo mo dilong tsa bodumedi kgotsa mo meetlong e e sa itumediseng Jehofa? (Diane 22:3)

  • A ba masika a gago ba a itse gore ga o kitla o dira dilo tse di sa dumalaneng le Baebele?

  • Fa o dira tshwetso ya go ya lenyalong kgotsa phitlhong e e tla tshwarelwang kwa kerekeng, Bakeresetemmogo le wena ba tla ikutlwa jang ka seo? (Bafil. 1:10)

Le fa o ka dira tshwetso efe, ka metlha leka go tlhalosetsa ba masika a gago ka tsela e e motlhofo e bile o le pelonomi gore ke eng se o tla se dirang le se o se kitlang o se dira. Mme sa botlhokwa le go feta, dira sotlhe se o ka se kgonang go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa.e

18. Re ka etsa morutwa Anderea jang?

18 Ba itsise bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa morutwa Anderea a lemoga gore Jesu ke Mesia, o ile a ya kwa go morwarragwe e bong Petere a bo a mmolelela gore a ye go kopana le Jesu. (Joh. 1:40-42) Le rona re ka dira se se tshwanang. Ka sekai, ka dinako dingwe re ka ba laletsa gore ba tle kwa dipokanong kgotsa gore ba tle go itumelela dijo le ditsala tsa rona. Fa ba masika a rona ba kopana le Basupi ba bangwe ba ka lemoga gore ba tshwana fela le batho ba bangwe le gore ke batho ba ba siameng.

19. Re tshwanetse go tshwara ba masika a rona jang, tota le fa ba sa tlhaloganye se re se dumelang? (1 Petere 3:15)

19 Bala 1 Petere 3:15. Ba masika a rona ba ka tswa ba sa tlhaloganye sentle lebaka la go bo re sa dire dilo dingwe, mme ba tla nna ba gopola gore re pelonomi mo go bone e bile re a ba tlotla. Le fa gone re se kitla re tlhola re keteka malatsi a boikhutso kgotsa re dira meetlo mengwe, ba ka itumela tota fa re ka tsaya matsapa a go fetsa nako le bone. Ka sekai, re ka ba etela, ra itumelela dijo le bone e bile ka dinako dingwe re ka ba rekela dimpho.

O SE KA WA BA TLHOBOGA

20. Goreng sekai sa ga Jakobe se re kgothatsa?

20 Jakobe ga a ka a nna molatedi wa ga Jesu fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Mme gone, o ile a nna mongwe wa balatedi ba ga Jesu moragonyana. Gape o ile a ithuta dilo di le dintsi tse Jesu a neng a di ruta fa a ne a le mo lefatsheng. (Bagal. 1:18, 19; 2:9) Ka sekai, mo lekwalong le a ileng a le kwala, o ile a umaka dithuto dingwe tse di tshwanang le tse Jesu a ileng a di ruta mo Therong ya Kwa Thabeng.d

21. Goreng re sa tshwanela go tlhoboga ba masika a rona?

21 Tota le fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go bontsha ba masika a rona bopelonomi le gore re amega ka bone, ba ka nna ba se ka ba re tshwara sentle kgotsa ba se ka ba batla go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa. Goreng re sa tshwanela go ba tlhoboga? Ka gonne fa ka dinako tsotlhe re le pelonomi mo go bone, re a bo re etsa Modimo wa rona yo o pelonomi le yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa le Morwawe e bong Jesu. (Luke 6:33, 36) Fa nako e ntse e tsamaya, tsela e re ba ratang ka yone e ka dira gore ba fetole tsela e ba ikutlwang ka yone ka rona. Tota e bile, ba ka nna ba gopola dilo di le dintsi tse re ba boleletseng tsone ka Jehofa le tse a solofetsang gore o tla re direla tsone. Fa re sa ba tlhoboge, re ka itumelela go direla Jehofa le bangwe ba bone!

O KA ARABA JANG?

  • Bopelotlhomogi bo ka re rotloetsa jang go thusa ba masika a rona ba e seng Basupi?

  • Goreng re tshwanetse go nna pelotelele le go nna le tsholofelo ya gore ba masika a rona ba ka direla Jehofa?

  • Re ka bontsha jang ba masika a rona gore re a ba rata?

PINA 60 Seno se ka Boloka Matshelo a Bone

a Bona setlhogo se se reng, “Goreng re sa Belaele Gore Jehofa o Tla Atlhola Sentle?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 2024 ts. 11, ser. 11-13.

b Bomonnawe Jesu ba ka nna babedi e bong Jakobe le Jude, ba ile ba nna Bakeresete morago ga gore Jesu a bolawe le gore a tsosiwe.

c Bona lebokoso le le reng “A ke Ye Lenyalong Kgotsa Phitlhong ya Mongwe wa Losika yo e Seng Mosupi?”

d Bapisa Jakobe 1:2 le Mathaio 5:11, 12; Jakobe 1:19 le Mathaio 5:22; Jakobe 1:22; 2:24 le Mathaio 7:21; Jakobe 2:13 le Mathaio 5:7; 6:14, 15.

e Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng mo dikgannyeng tseno, bala “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2002 le November 15, 2007.

f TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Pele kgaitsadi a ya tshimong, o direla monna wa gagwe dijo.

g TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Gape kgaitsadi yoo o etela matsalaagwe yo e seng Mosupi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela