SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 48
PINA 129 Galaletsa Jehofa
Buka ya Jobe E ka Go Thusa Jang fa o Boga?
“Ruri Modimo ga a dire bosula.”—JOBE 34:12.
SE GO BUIWANG KA SONE
Mo setlhogong seno, buka ya Jobe e tla re thusa go bona lebaka la go bo Modimo a letlelela pogo le gore re ka itshoka jang fa re boga.
1-2. Goreng go le botlhokwa gore re bale buka ya Jobe?
A O SA tswa go bala buka ya Jobe? Buka eno e kwadilwe dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, mme batho ba le bantsi ba sa ntse ba e tsaya e le nngwe ya dibuka tse di kwadilweng ka manontlhotlho. Buka nngwe e tlotlomatsa mokwadi wa yone ka gonne a dirisitse mafoko a go leng motlhofo go a tlhaloganya mme molaetsa wa yone o le “maatla e bile o itumedisa.” Le fa Moshe e le ene a kwadileng buka eno, mafoko a a neng a a kwala a tswa kwa go Jehofa Modimo.—2 Tim. 3:16.
2 Buka ya Jobe ke nngwe ya dibuka tsa botlhokwa thata mo Baebeleng. Goreng? Lebaka lengwe ke gore e re bolelela ka kgang ya botlhokwa ya go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa, e e amang baengele le batho. Gape e re ruta ka dinonofo tse di kgatlhang tse Jehofa a nang le tsone, tse di jaaka lorato, botlhale, tshiamiso le maatla. Ka sekai, buka ya Jobe e le nosi fela e bitsa Jehofa e re ke “Mothatayotlhe” ka makgetlo a le 31. Gape e araba dipotso tse di tshwentseng batho ba le bantsi go akaretsa e e reng: Goreng Modimo a letlelela batho gore ba boge?
3. Go ithuta buka ya Jobe go ka re tswela mosola jang?
3 Re ka tshwantsha go bala buka ya Jobe le go palama thaba. Fa o le kwa setlhoeng sa thaba, o kgona go bona sengwe le sengwe sentle. Ka tsela e e tshwanang, fa re bala buka ya Jobe re kgona go lemoga gore Jehofa o akanya eng ka pogo. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore buka ya Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang le gore rona e ka re tswela mosola jang gompieno. Gape re tla bona gore re ka dirisa buka eno jang go thusa batho ba bangwe.
MODIMO O LETLELELA GORE JOBE A BOGE
4. Jobe o ne a farologane jang le Baiseraele ba ba neng ba le kwa Egepeto?
4 Fa Baiseraele ba ne ba le kwa bokgobeng kwa Egepeto, Jobe o ne a nna kwa lefatsheng la Use. Go ka direga gore Use e ne e le kwa botlhaba jwa Lefatshe le le Solofeditsweng, kwa bokone jwa Arabia. Jobe o ne a farologane thata le Baiseraele ka gonne bangwe ba bone ba ne ba obamela medimo ya maaka fa ba le kwa Egepeto, mme ene o ne a direla Jehofa ka boikanyegi. (Josh. 24:14; Esek. 20:8) Jehofa o ile a bua jaana ka Jobe: “Ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng.”a (Jobe 1:8) Go ne go se na motho ope yo o neng a humile e bile a tlotliwa jaaka Jobe kwa Botlhaba. (Jobe 1:3) Ga go pelaelo gore Satane o ile a galefa tota fa a bona monna yono yo batho ba le bantsi ba neng ba mo itse e bile ba mo tlotla a direla Jehofa ka boikanyegi.
5. Goreng Jehofa a ile a letlelela gore Jobe a boge? (Jobe 1:20-22; 2:9, 10)
5 Satane o ile a latofatsa Jobe ka gore o ne a tla tlogela go direla Jehofa fa a ne a ka boga. (Jobe 1:7-11; 2:2-5) Le fa gone Jehofa a ne a rata Jobe fela thata, o ile a letla Satane gore a bontshe gore a se a neng a se bua ka Jobe se boammaaruri. (Jobe 1:12-19; 2:6-8) Satane o ile a dira gore Jobe a latlhegelwe ke metlhape le matsomane, a bolaya bana ba gagwe ba le lesome a bo a dira gore Jobe a tswe mathopa a a botlhoko mo mmeleng otlhe. Tota le fa Satane a ne a dirile gore Jobe a boge thata jalo, Jobe o ile a tswelela a ikanyega. (Bala Jobe 1:20-22; 2:9, 10.) Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a fodisa Jobe a bo a mo naya dikhumo tse di fetang tse a neng a na le tsone le bana ba bangwe ba le lesome. Gape batho ba ile ba boa ba tlotla Jobe. Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a oketsa botshelo jwa ga Jobe ka dingwaga tse dingwe di le 140. Ka jalo, Jobe o ile a kgona go bona ditlogolo le ditlogotlogolwana tsa gagwe. (Jobe 42:10-13, 16) Batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ne ba ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jobe, mme rona re ka ithuta eng?
6. Go itse gore ke eng fa Jehofa a letlelela gore batho ba boge go ne go ka thusa Baiseraele jang? (Bona le setshwantsho.)
6 Pego ya ga Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang? Baiseraele ba ne ba sa tlhaba kgobe ka mmutlwa fa ba le kwa Egepeto. Ka sekai, Joshua le Kalebe e ne e le makgoba go tloga fela ba sa le basha. Morago ga moo, ba ile ba tshwanelwa ke go kgarakgatshega mo nageng dingwaga di le 40 ka gonne Baiseraele ba bangwe ba ne ba sa reetsa Jehofa. Fa e le gore Baiseraele ba ne ba itse ka diteko tse Jobe a ileng a lebana le tsone le gore go ile ga felela jang, ga go pelaelo gore seo se ile sa ba thusa mmogo le dikokomana tse di neng di tla latela go tlhaloganya gore Satane ke ene a dirang gore re boge. Gape se ne se ka ba thusa go tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a letlelela gore batho ba boge le gore o rata batho ba ba tswelelang ba ikanyega mo go ene tota le fa ba lebana le maemo a a thata le gore o tla ba duela.
E re ka Baiseraele ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi e le makgoba kwa Egepeto, go itse se se diragaletseng Jobe go ne go ka ba tswela mosola (Bona serapa 6)
7-8. Buka ya Jobe e ka thusa jang batho ba ba bogang? Naya sekai.
7 Pego ya ga Jobe e ka re tswela mosola jang? Ka maswabi, batho ba le bantsi gompieno ga ba tlhole ba dumela mo Modimong ka gonne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo batho ba ba siameng ba diragalelwa ke dilo tse di bosula. Akanya ka se se ileng sa diragalela Hazelb wa kwa Rwanda. Fa a sa le monnye, o ne a dumela mo Modimong. Mme dilo di ile tsa fetoga. Batsadi ba gagwe ba ile ba tlhalana, mme mmaagwe o ne a nyalwa ke monna yo mongwe. Rre yoo o ne a sotla Hazel. Moragonyana fa Hazel a le mosha, o ile a betelelwa. Hazel o ne a ya kwa kerekeng gore a gomodiwe, mme ga a a ka a bona kgomotso epe. Fa nako e ntse e tsamaya, Hazel o ne a kwalela Modimo lekwalo. Mo lekwalong leo, o ile a re: “Modimo, ke ntse ke go rapela ke leka go dira se se siameng, mme wena o ntuetse ka bosula. Jaanong ke a go tlogela, mme ke tla tshela jaaka ke batla.” Re utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba jaaka Hazel, ba ba rutilweng gore Modimo ke ene a dirang gore re boge.
8 Mme rona, re thusitswe ke buka ya Jobe go itse gore Satane ke ene a dirang gore re boge. Gape e re thusitse go lemoga gore fa batho ba boga, ga re a tshwanela go akanya gore ba tshwanetse ba bo ba dirile sengwe se se sa siamang. Baebele e re bolelela gore mongwe le mongwe wa rona ‘a ka diragalelwa ke dilo tse a sa di lebelelang’ ka nako e a sa e lebelelang. (Mor. 9:11; Jobe 4:1, 8) Mo godimo ga moo, re ithutile gore fa re tswelela re direla Jehofa ka boikanyegi le fa go le thata, re naya Jehofa tshono ya go bontsha gore Satane ke moaki. (Jobe 2:3; Diane 27:11) Ga re tseye dintlha tseno tsa botlhokwa tse re di ithutileng lotsatsa ka gonne di re thusa go itse gore ke eng fa rona le batho ba re ba ratang re boga. Moragonyana, Hazel o ile a ithuta le Basupi ba ga Jehofa mme o ile a tlhaloganya gore Modimo ga se ene a neng a dira gore a boge, o ile a re: “Ke ile ka rapela Modimo gape ka pelo yotlhe. Ke ne ka mmolelela gore fa ke ne ke re ke a mo tlogela, tota ke ne ke sa batle go mo tlogela. Boammaaruri ke gore ke ne ke sa mo itse. Jaanong ke a tlhaloganya gore Jehofa o a nthata. Ke itumetse e bile ke kgotsofetse.” Ruri re lebogela go itse lebaka la go bo Modimo a letlelela batho gore ba boge! A jaanong re boneng gore buka ya Jobe e ka thusa mongwe le mongwe wa rona jang fa a lebane le diteko.
BUKA YA JOBE E RE THUSA GO ITSHOKA
9. Jobe o ne a dira eng fa a ne a boga? (Jakobe 5:11)
9 Leka go akanya ka Jobe a ntse a le nosi mo meloreng, a tletse mathopa mo mmeleng otlhe e bile a le mo ditlhabing. Letlalo la gagwe le ntshofetse, le a oboga e bile o otile. E re ka a feletswe ke maatla, ga a kgone go dira sepe se se kalo. O ingwaya ka kapetla ya sejana sa letsopa se se thubegileng e bile o bua thata ka ditlhabi tse a leng mo go tsone le tsela e a ikutlwang ka yone. Boammaaruri ke gore Jobe o ne a sa lebana fela le maemo a a thata, mme gape o ne a itshokile. (Bala Jakobe 5:11.) Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a itshoke?
10. Jobe o ne a na le botsala jo bo ntseng jang le Jehofa?
10 Jobe o ile a bolelela Jehofa kafa a neng a ikutlwa ka gone. (Jobe 10:1, 2; 16:20) Ka sekai, kgaolo 3 e re bolelela gore Jobe o ile a tlhalosa kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone ka ntlha ya se se neng se mo diragaletse. O ne a akanya gore Jehofa ke ene a neng a mmakela mathata a a neng a le mo go one. Go tswa foo, ditsala tsa gagwe tse tharo di ne di mmolelela gangwe le gape gore Modimo o mo otlhaela maleo a a a dirileng. Mme gone, Jobe o ile a nna a ba bolelela gore o ikanyega mo go Jehofa. Dilo dingwe tse Jobe a neng a di bua di ne di bontsha gore o ne a itsaya a siame go feta Modimo. (Jobe 10:1-3; 32:1, 2; 35:1, 2) Tota e bile, Jobe o ile a tlhalosa gore ka dinako dingwe o ne ‘a bua fela a sa akanye’ ka gonne a ne a batla go bontsha gore o a ikanyega. (Jobe 6:3, 26) Mo kgaolo 31, Jobe o ne a batla gore Modimo a mo arabe le gore a tlhalose gore ga a a tshwanela go otlhaiwa. (Jobe 31:35) Mme gone, Jobe o ne a sa tshwanela go pateletsa Modimo gore a mo tlhalosetse lebaka la go bo a boga.
11. Fa Jobe a ne a re o a ikanyega, Jehofa o ile a mo araba jang?
11 Jaanong re a tlhaloganya gore tsela e Jobe a neng a bua le Jehofa ka yone e bontsha gore o ne a atamalane le ene thata, le gore o ne a dumela gore Jehofa o a itse gore o a ikanyega. Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a araba Jobe go tswa mo sefefong. Mme gone, ga a a ka a mo tlhalosetsa gore ke eng fa a boga, e bile ga a a ka a mo otlhaela tsela e a neng a bua ka yone kgotsa go bo a ile a bua gore ga a a dira sepe se se phoso. Go na le moo, o ile a mo thusa ka bonolo gore a akanye sentle, fela jaaka rre yo o lorato a ne a ka bua le morwawe. Ruri eo e ne e le tsela e ntle ya go mo thusa! Seo se ile sa dira gore Jobe a lemoge gore ga a itse go le kalo le gore a ikwatlhaele go bo a ile a bua a sa akanye. (Jobe 31:6; 40:4, 5; 42:1-6) Pego eno e ne e ka tswela batho ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng mosola jang, mme rona e ka re tswela mosola jang?
12. Pego ya ga Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang?
12 Pego ya ga Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang? Baiseraele ba ne ba ka ithuta mo go se se ileng sa diragalela Jobe. Ka sekai, akanya ka Moshe. Go ne go se motlhofo gore a etelele Baiseraele pele. Ba ne ba sa ikobele Jehofa ka makgetlo a le mantsi e bile ba ne ba kgoba Moshe marapo. Go farologana le Baiseraele bao ba ba neng ba tlhanogela Jehofa e bile ba nna ba ngongorega ka Jehofa, Moshe ene o ne a bua le Jehofa ka se se neng se mo tshwenya. (Ekes. 16:6-8; Dipa. 11:10-14; 14:1-4, 11; 16:41, 49; 17:5) Gape pego ya ga Jobe e ne e ka thusa Moshe gore a itshoke fa a ne a kgalemelwa. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba le kwa Kadeshe, gongwe mo ngwageng wa bone wa bo40 ba le kwa nageng, Moshe o ile a “bua ka bogale” e bile ga a a ka a tlotlomatsa Jehofa. (Pes. 106:32, 33) Seo se ile sa dira gore Jehofa a se ka a letla Moshe gore a tsene kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dute. 32:50-52) Moshe o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko, le fa go ntse jalo o ile a amogela kotlhao eo. Pego ya ga Jobe e ne e ka thusa dikokomana tse di neng tsa latela tsa Baiseraele gore di itshokele diteko tse di neng tsa lebana le tsone. Gape go akanyetsa kwa teng ka pego eo, go ne go ka thusa Baiseraele ba ba ikanyegang gore ba itse gore ba ka bua jang le Jehofa e bile e ne e tla ba gopotsa gore ba se ka ba akanya gore ba siame go feta Jehofa. Mo godimo ga moo, e ne e ka ba thusa gore ba ikokobetse le gore ba amogele kgalemelo e Jehofa a ba nayang yone.
13. Buka ya Jobe e ka re thusa jang go itshoka? (Bahebera 10:36)
13 Pego ya ga Jobe e ka re tswela mosola jang? Re tshela mo dinakong tse di thata, ka jalo re tlhoka maatla a gore re itshoke le gore re kgone go direla Jehofa. (Bala Bahebera 10:36.) Ka sekai, bangwe ba rona re a lwala, re a tlhobaela, re tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa re na le mathata mangwe mo lelapeng. Gongwe e bile re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang. Ka dinako dingwe, se se ka gakatsang dilo ke fa mongwe a bua kgotsa a dira sengwe se se re utlwisang botlhoko. (Diane 12:18) Mme gone, buka ya Jobe e re ruta gore re ka kgona go bolelela Jehofa kafa re ikutlwang ka gone le gore o tla re reetsa. (1 Joh. 5:14) Ga a ka ke a re galefela ka gonne re mmolelela gore re ikutlwa jang le fa gone ka dinako dingwe re dira jalo “re sa akanya.” Go na le moo, o tla re naya maatla le botlhale gore re kgone go itshoka. (2 Ditir. 16:9; Jak. 1:5) Gape a ka re kgalemela fa go tlhokega, fela jaaka a ile a kgalemela Jobe. Mo godimo ga moo, buka ya Jobe e re ruta kafa re ka itshokang ka gone fa Jehofa a re kgalemela kgotsa a re gakolola a dirisa Lefoko la gagwe, phuthego ya gagwe, bagolwane kgotsa ditsala. (Baheb. 12:5-7) Fela jaaka Jobe, go reetsa kgakololo e Jehofa a re nayang yone go re tswela mosola. (2 Bakor. 13:11) Ruri re ithutile dithuto tsa botlhokwa mo bukeng ya Jobe! A jaanong re boneng gore re ka dirisa jang buka ya Jobe go thusa batho ba bangwe.
DIRISA BUKA YA JOBE GO THUSA BATHO BA BANGWE
14. Re ka tlhalosa jang lebaka la go bo batho ba boga?
14 Fa o le mo tshimong, a mongwe o kile a go botsa gore goreng batho ba ba siameng ba boga? O ile wa mo araba jang? O ka tswa o ile wa dirisa Baebele go tlhalosa se se ileng sa direga kwa tshimong ya Edene. Gongwe o ile wa simolola ka go tlhalosa gore moengele yo o bosula e bong Satane o ile a bolelela Adame le Efa maaka a a ileng a dira gore ba tlhanogele Modimo. (Gen. 3:1-6) Go tswa foo, o ka tswa o ile wa tlhalosa gore fa Adame le Efa ba sena go tlhanogela Modimo go ile ga nna le mathata a a seng kana ka sepe mo lefatsheng e bile batho ba ile ba simolola go swa. (Bar. 5:12) Gape o ka tswa o ile wa tlhalosa gore Modimo o ile a letla nako gore e fete go bontsha mongwe le mongwe gore se Satane a neng a se bua ka ene ke maaka, le gore nako eo e ne e tla naya batho tshono ya gore ba itse gore Modimo o tlile go tlosa pogo le gore ba ka tshelela ruri. (Tshen. 21:3, 4) Fa e le gore o arabile potso eo jalo, o dirile sentle. Karabo eo e thusitse batho ba le bantsi go tlhaloganya lebaka la go bo batho ba boga.
15. Re ka dirisa buka ya Jobe jang go thusa batho ba ba botsang gore goreng batho ba ba siameng ba boga? (Bona le ditshwantsho.)
15 Tsela e nngwe e re ka tlhalosetsang batho ba bangwe lebaka la go bo re boga ke ka go ba bolelela ka Jobe. Re ka simolola ka go akgola motho yo o boditseng potso eno. Go tswa foo, re ka tlhalosa gore monna mongwe yo o ikanyegang yo o bidiwang Jobe le ene o ne a ipotsa gore goreng a ne a boga. O ne a akanya gore Modimo ke ene a neng a dira gore a boge. (Jobe 7:17-21) Motho yo o buang le ene a ka nna a itumelela go utlwa gore tota le batho mo nakong e e fetileng ba ne ba ipotsa potso eo. Go tswa foo, o ka nna wa mo tlhalosetsa ka botlhale gore Satane ke ene a neng a dira gore Jobe a boge, e seng Modimo. Satane o ile a re batho ba direla Modimo fela ka gonne a ba naya dilo dingwe, mme fa ba ka boga ba ne ba ka tlogela go mo direla. Gape o ka nna wa re, le fa Modimo e se ene a dirileng gore Jobe a boge, o ile a letlelela gore a boge. Seo se bontsha gore Modimo ga a belaele gore batho ba ba ikanyegang ba tla bontsha gore Satane ke moaki. Mo godimo ga moo, o ka nna wa tlhalosa gore fa nako e ntse e tsamaya, Modimo o ile a segofatsa Jobe ka gonne a ile a tswelela a ikanyega. Ka jalo, re ka kgothatsa batho ka go ba tlhomamisetsa gore Jehofa ga se ene a dirang gore re boge.
O ka dirisa buka ya Jobe jang go thusa batho ba bangwe go tlhaloganya gore Modimo ga se ene a dirang gore re boge? (Bona serapa 15)
16. Naya sekai se se bontshang gore buka ya Jobe e ka thusa mongwe yo o bogang.
16 Akanya kafa buka ya Jobe e ileng ya thusa Mario ka gone. Letsatsi lengwe ka 2021, kgaitsadi mongwe o ne a rera ka founu. Motho wa ntlha yo a ileng a mo founela e ne e le Mario. O ile a mmalela temana nngwe mo Baebeleng a bo a mo tlhalosetsa gore Modimo o reetsa dithapelo tsa rona le gore o re batlela bokamoso jo bo itumedisang. Fa kgaitsadi yono a botsa Mario gore o akanya eng ka kgang eno, Mario o ile a mmolelela gore fa a ne a founa o ne a kwalela ba lelapa la gagwe molaetsa a ba bolelela gore o a ba rata le gore go tswa foo o ne a tlile go ipolaya. Mario o ne a re: “Ke dumela mo Modimong, mme mo mosong ke ne ke ipotsa gore a o ntatlhile.” Fa kgaitsadi yoo a ne a founela Mario lekgetlo la bobedi, o ile a mo tlhalosetsa kafa Jobe a neng a boga ka gone. Mario o ile a dira tshwetso ya gore a bale buka yotlhe ya Jobe. Ka jalo, kgaitsadi o ile a mo romelela linki ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Go ile ga felela jang? Mario o ne a amogela thuto ya Baebele e bile o ile a itumelela go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo yo o lorato yo o amegang ka ene.
17. Goreng re lebogela go bo buka ya Jobe e ile ya tsenngwa mo Baebeleng? (Jobe 34:12)
17 Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho e bile e gomotsa ba ba bogang. (Baheb. 4:12) Ruri re lebogela go bo Jehofa a dirile gore buka ya Jobe e tsenngwe mo Baebeleng! (Jobe 19:23, 24) Buka ya Jobe e re netefaletsa gore “ruri Modimo ga a dire bosula; Mothatayotlhe ga a sokamise tshiamiso.” (Bala Jobe 34:12.) Gape e re bolelela lebaka la go bo Modimo a letlelela batho gore ba boge le gore re ka itshoka jang. Mo godimo ga moo, e re thusa gore re gomotse batho ba bangwe. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore buka ya Jobe e ka re thusa jang gore re neye mongwe kgakololo e e ka mo tswelang mosola.
PINA 156 Ka Tumelo
a Jobe o tshedile fa Josefa a sena go tlhokafala, pele Moshe a romelwa kwa Egepeto gore a ye go golola Baiseraele. Ka jalo, puisano ya ga Jehofa le Satane le diteko tsa ga Jobe di tshwanetse tsa bo di diregile fa gare ga 1657 B.C.E. le 1514 B.C.E.
b Maina mangwe a fetotswe.