LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 August ts. 26-30
  • Le fa Ke le Ditlhong, ke Ile ka Kgona go Nna Morongwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Le fa Ke le Ditlhong, ke Ile ka Kgona go Nna Morongwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG
  • KE SIMOLOLA GO RATA TIRO YA BORONGWA
  • RE BARONGWA KWA NAGENG E E TLETSENG DINTWA
  • RE YA GO DIRELA KWA NAGENG E NNGWE
  • KE LEBANA LE MATHATA
  • KE LEBOGELA THUSO YA GA JEHOFA
  • Sengwe se se Botlhokwa go Gaisa Botshelo Jwa Rona Gone Jaanong
    Tsogang!—2011
  • Letsholo le le Kgethegileng la Kwa Bulgaria le a Atlega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A O Bona Fela Tebego ya Kafa Ntle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Jehofa o ‘Tlhamaladitse Ditselana Tsa Me’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 August ts. 26-30
Marianne Wertholz.

KGANG YA BOTSHELO

Le fa Ke le Ditlhong, ke Ile ka Kgona go Nna Morongwa

JAAKA GO BOLETSE MARIANNE WERTHOLZ

FA KE ne ke le monnye, ke ne ke le ditlhong e bile ke tshaba batho. Mme Jehofa o ile a nthusa gore ke rate batho le gore ke nne morongwa. Seo se ile sa kgonega jang? Sa ntlha, o ile a dirisa Papa go nthuta dilo di le dintsi tse dintle ka Ene. Go tswa foo, o ile a dirisa kgaitsadi yo mosha yo o tlhomang sekao. Mme moragonyana, o ile a dirisa monna wa me go nkgothatsa a le pelonomi e bile a le pelotelele. A ke go tlotlele mo go oketsegileng ka botshelo jwa me.

Ke tsholetswe kwa Vienna kwa Austria ka 1951. Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki. Ke ne ke le ditlhong mme ke dumela mo Modimong, e bile ke ne ke rapela gantsi. Fa ke na le dingwaga di le robongwe, Papa o ile a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, Mama le ene o ne a simolola go ithuta.

Ke na le nnake e bong Elisabeth (ka fa molemeng)

Mo nakong e e sa fediseng pelo, re ne ra simolola go kopanela le Phuthego ya Döbling kwa Vienna. Re ne re dira dilo mmogo kwa gae. Re ne re bala e bile re ithuta Baebele, re ya dipokanong e bile re ithaopa kwa dikopanong. Go tloga fela ke sa le monnye, Papa o ne a nthusa gore ke rate Jehofa fela thata. Tota e bile, o ne a rapelela gore nna le nnake re nne babulatsela. Mme gone, nna ke ne ke sa akanyetse go nna mmulatsela ka nako eo.

KE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Ke kolobeditswe ka 1965 ke na le dingwaga di le 14. Mme gone, ke ne ke thatafalelwa ke go rerela batho ba ke sa ba itseng. Gape ke ne ke tsaya gore basha ba bangwe ba ne ba le botoka go nkgaisa, e bile ke ne ke batla gore ba nkamogele. Ka jalo nakwana ke sena go kolobediwa, ke ile ka simolola go itsalanya le basetsana ba ba neng ba sa direle Jehofa. Le fa gone ke ne ke rata go nna tsala ya bone, segakolodi sa me se ne se ntshwenya ka gonne ke fetsa nako e ntsi le batho ba ba sa direleng Jehofa. Mme gone, ke ne ke sa kgone go ikgaoganya le bone. Ke ile ka thusiwa ke eng?

Marianne le Dorothée.

Ke ithutile go le gontsi mo go Dorothée (ka fa molemeng)

Ka nako eo, mosetsana mongwe wa dingwaga di le 16 yo o bidiwang Dorothée o ile a fudugela mo phuthegong ya rona. Ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e a neng a rata go rera ka ntlo le ntlo ka yone. Ke ne ke mo feta go se kae ka dingwaga, mme ke ne ke sa ye tshimong ka metlha. Ke ne ka ipolelela jaana: ‘Batsadi ba me ke Basupi mme Dorothée ke ene fela Mosupi kwa gabone. Mmaagwe o a lwala, mme o nna gone ka metlha mo tshimong.’ Sekao sa gagwe se ile sa nthotloetsa gore ke batle go direla Jehofa mo go oketsegileng. Go ise go ya kae, nna le Dorothée re ile ra nna babulatsela mmogo. Re ile ra simolola re le babulatsela ba ba thusang, ba ka nako eo ba neng ba bidiwa babulatsela ba malatsi a boikhutso. Mme moragonyana, re ile ra nna babulatsela ba ka metlha. Tsela e Dorothée a neng a rata go rera ka yone e ile ya dira gore le nna ke simolole go rata go rera. O ile a nthusa gore ke nne le thuto ya Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, go ile ga nna motlhofo gore ke bue le batho kwa magaeng a bone, mo tseleng le gongwe le gongwe.

Mo ngwageng wa ntlha ke le mmulatsela wa ka metlha, mokaulengwe mongwe wa kwa Austria yo o bidiwang Heinz o ile a fudugela kwa phuthegong ya rona. O ne a ithutile boammaaruri kwa Canada fa a ne a etetse mogolowe yo e neng e le Mosupi. Heinz o ne a tla go direla e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa phuthegong ya rona kwa Vienna. Ke ile ka mo rata di tloga fela. O ne a batla go nna morongwa mme nna ke ne ke se na maikaelelo a go nna morongwa. Ka jalo, seo se ile sa dira gore ke se ka ka mmontsha gore ke a mo rata. Mme gone, moragonyana nna le Heinz re ile ra ratana re bo re nyalana. Go tswa foo, re ile ra nna babulatsela mmogo kwa Austria.

KE SIMOLOLA GO RATA TIRO YA BORONGWA

Gangwe le gape Heinz o ne a mpolelela gore a ka itumelela go nna morongwa. Le fa gone a ne a sa mpateletse gore ke nne morongwa, o ne a tle a mpotse dipotso tse di neng di dira gore ke akanyetse go dira tiro eno, jaaka go re: “E re ka re se na bana, a re ka direla Jehofa mo go oketsegileng?” Go nna ditlhong go ne go dira gore ke tshabe go nna morongwa. Le fa gone ke ne ke kgonne go nna mmulatsela le fa ke le ditlhong, ke ne ke ipolelela gore nka se kgone go nna morongwa. Le fa go ntse jalo, Heinz o ile a nthusa a le pelotelele gore ke akanyetse go nna morongwa. Gape o ile a nthusa gore ke se ka ka nnela go akanya ka dilo tse ke di boifang. Go na le moo, ke akanye gore nka thusa batho ba bangwe jang. Kgakololo ya gagwe e ile ya nthusa fela thata.

Heinz a tshwere Thuto ya Tora ya Tebelo mo phuthegong e nnye ya Se-Serbo-Croat kwa Salzburg kwa Austria, ka 1974

Ka iketlo ka iketlo, ke ile ka simolola go batla go nna morongwa. Ka jalo, re ile ra tsenya kopa ya go ya kwa Sekolong sa Gileade. Le fa go ntse jalo, motlhanka wa lekala o ile a nkakantsha gore ke leke go tokafatsa tsela e ke buang Seesemane ka yone. Morago ga dingwaga di le tharo ke ntse ke kgaratlha go tokafatsa Seesemane, re ile ra gakgamala tota fa re ne re kopiwa gore re ye kwa phuthegong ya Se-Serbo-Croat kwa Salzburg kwa Austria. Re ile ra bereka tshimo eo ka dingwaga di le supa, go akaretsa ngwaga o le mongwe re dira tiro ya potologo. Se-Serbo-Croat se ne se le thata tota, mme re ne re na le dithuto di le dintsi tsa Baebele.

Ka 1979, bakaulengwe ba ba eteletseng pele kwa ofising ya Lekala ba ile ba re kopa gore re ye kwa Bulgaria ka nakwana. E re ka tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe kwa nageng eo, ba ne ba re kopa gore re itire e kete re ile go iphokisa phefo. Ba ile ba re bolelela gore re se ka ra rerela ope, mme ka sephiri re tseye dikgatiso tse di neng di dirilwe dinnye thata re di isetse bokgaitsadi ba batlhano ba ba neng ba nna kwa Sofia, e leng toropokgolo ya Bulgaria. Ke ne ke tshogile tota, mme Jehofa o ile a nthusa gore ke dire kabelo eno. Go bona kafa bokgaitsadi bao ba neng ba le pelokgale ka gone e bile ba itumetse le fa gone ba ne ba itse gore ba ka isiwa kgolegelong nako nngwe le nngwe, go ile ga ntlhatswa pelo gore Jehofa o tla nthusa go dira tiro epe fela e a nnayang yone mo phuthegong ya gagwe.

Moragonyana, re ile ra tsenya kopo ya go ya Sekolong sa Gileade gape, mme mo lekgetlong leno re ile ra amogelwa. Re ne re akanya gore sekolo seno se ne se tlile go tshwarwa ka Seesemane kwa United States. Mme ka November 1981, go ile ga simolola ditlelase tsa Gileade ka Se-Germany kwa ofising ya lekala e e kwa Wiesbaden kwa Germany. Ka jalo, go ne go le motlhofo gore ke tlhaloganye se se neng se rutiwa ka gonne sekolo seno se ne se tshwerwe ka Se-Germany. Re ne re tla abelwa go direla kae?

RE BARONGWA KWA NAGENG E E TLETSENG DINTWA

Re ile ra kopiwa go ya kwa Kenya! Fa re le kwa ofising ya lekala ya kwa Kenya, re ile ra bodiwa gore a re ka ya go direla kwa nageng ya boagisani kwa Uganda. Dingwaga di le lesome pele ga foo, molaodi wa masole e bong Idi Amin o ile a menola puso ya Uganda. Mo dingwageng tse di ileng tsa latela, puso ya gagwe e ile ya bolaya batho ba le diketekete e bile batho ba le dimilione ba ne ba tshela botlhoko. Ka 1979, batho bangwe ba ba neng ba le kgatlhanong le ene ba ne ba menola puso ya gagwe. Gongwe o ka tswa o tlhaloganya gore goreng ke ne ke tshaba go fudugela kwa nageng eo e e tletseng dintwa. Mme gone, Sekolo sa Gileade se ne se re thusitse go tshepa Jehofa. Ka jalo, re ne ra dumela go ya teng.

Botshelo bo ne bo tlhakatlhakane tota kwa Uganda. Puso e ne e sa neye batho metsi, motlakase le dilo tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka. Difouno di ne di sa bereke. Batho ba ne ba thuntshana e bile ba ne ba kgothosa batho ba bangwe, segolobogolo fa go le bosigo. Ka jalo fa go nna lefitshwana, batho ba ne ba nna kwa magaeng a bone ba tshwere pelo ka seatla, tota e bile ba rapelela gore go se ka ga nna le ope yo o tlang go ba utswetsa kgotsa go ba bolaya. Tota le fa botshelo bo ne bo le thata jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Uganda ba ne ba tswelela ba direla Jehofa ba itumetse!

Re apeile kwa legaeng la boorraWaiswa

Ka 1982, nna le Heinz re ile ra goroga kwa toropokgolo ya Uganda e leng Kampala. Mo dikgweding tsa ntlha tse tlhano, re ne re nna kwa legaeng la ga mokaulengwe Sam le kgaitsadi Christina Waiswa, mmogo le bana ba bone ba batlhano le bana ba le banê ba masika a bone. Gantsi mokaulengwe le kgaitsadi Waiswa le ba lelapa la bone ba ne ba ja gangwe ka letsatsi, mme ba ne ba ikemiseditse go kgaogana le rona se ba nang le sone. Fa re nna le boorraWaiswa, re ile ra ithuta dilo tse dintsi tse di ileng tsa re thusa mo tirong ya borongwa. Ka sekai, re ile ra ithuta go tlhapa ka metsi a mannye, mme moragonyana re bo re a dirisa kwa ntlwaneng. Ka 1983, nna le Heinz re ile ra bona ntlo kwa Kampala kwa lefelong le le neng le se kotsi go le kalo.

Re ne re rata tshimo ya kwa Kampala fela thata. Ke sa ntse ke gopola gore kgwedi nngwe re ile ra tsamaisa dimakasine di feta 4 000! Mme selo sa botlhokwa thata e ne e le go bona tsela e batho ba neng ba rata boammaaruri ka yone. Ba ne ba tlotla Modimo e bile ba batla go bua ka Baebele. Gantsi nna le Heinz re ne re tshwara dithuto tse dintsi tsa Baebele. Mongwe le mongwe wa rona o ne a na le dithuto di le 10 go ya go di le 15. Re ithutile dilo di le dintsi mo bathong ba re neng re ithuta le bone. Ka sekai, le fa ba ne ba tsamaya sekgala se seleele beke le beke ba tla dipokanong, ba ne ba sa ngongorege. Ba ne ba nna fela ba itumetse.

Ka 1985 le ka 1986, go ile ra runya dintwa tse dingwe tse pedi kwa Uganda. Re ne re nna re bona bana ba tshwere ditlhobolo tse ditona. Ba ne ba dirilwe masole e bile ba thiba ditsela go laola gore ke mang yo o fetang. Ka nako eo, re ne re kopa Jehofa gore a re thuse gore re nne botlhale, re se ka ra itsenya mo kotsing fa re rera le gore re se ka ra tshoga. Jehofa o ile a re araba. Gantsi fa re ne re kopana le mongwe yo o neng a batla go ithuta ka Jehofa, re ne re lebala ka dilo tse di neng di re tshosa.

Nna le Heinz re na le Tatjana (fa gare)

Gape re ne re itumelela go rerela batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Ka sekai, re ile ra ithuta le banyalani bangwe ba ba neng ba tswa kwa Tatarstan (kwa Central Russia) e bong Murat le Dilbar Ibatullin. Murat e ne e le ngaka. Banyalani bano ba ile ba kolobediwa e bile le gone jaanong ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi. Moragonyana ke ile ka ithuta le mosadi mongwe wa kwa Ukraine yo o neng a batla go ipolaya yo o bidiwang Tatjana Vileyska. Fa Tatjana a sena go kolobediwa, o ile a boela kwa Ukraine mme moragonyana a thusa go ranola dikgatiso ka Se-Ukraine.a

RE YA GO DIRELA KWA NAGENG E NNGWE

Ka 1991 fa nna le Heinz re ile go iphokisa phefo kwa Austria, ofisi ya lekala ya kwa Austria e ile ya re kopa gore re ye go direla kwa Bulgaria. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi tiro ya rona ya go rera e thibetswe kwa dinageng dingwe kwa Europe. Mme jaanong dilo di ne di fetogile, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letleletswe go rera kwa dinageng tseo. Bulgaria e ne e le nngwe ya tsone. Jaaka ke tlhalositse pelenyana, nna le Heinz re ne ra kopiwa go isa dikgatiso dingwe ka sephiri kwa nageng eo fa tiro ya rona e ne e sa ntse e thibetswe. Jaanong re ne re kopiwa gore re ye go rera teng.

Re ile ra kopiwa gore re se ka ra boela kwa Uganda. Ka jalo, ga re a ka ra boela teng gore re ye go tsaya dilwana tsa rona kgotsa gore re ye go sadisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo sentle. Go na le moo, re ile ra ya kwa Bethele ya kwa Germany re bo re newa koloi gore re ye kwa Bulgaria. Re ne re abetswe go bereka le setlhopha sa baboledi ba ka nna 20 kwa Sofia.

Re ile ra lebana le dikgwetlho di le mmalwa kwa Bulgaria. Sa ntlha, re ne re sa itse puo e e neng e buiwa koo. Sa bobedi, re ne re na le dikgatiso di le pedi fela ka Se-Bulgaria e leng buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele. Sa boraro, go ne go le thata go simolola dithuto tsa Baebele. Le fa gone re ne re lebana le mathata ano, setlhopha sa rona se sennye se ne se rera ka matlhagatlhaga. Maloko a Kereke ya Orthodox ga a a ka a itumelela seo, e bile a ile a simolola go re bogisa.

Ka 1994 puso e ne e sa tlhole e tsaya Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi jo bo ka fa molaong, e bile batho ba le bantsi ba kwa Bulgaria ba ne ba akanya gore re setlhopha sa bodumedi se se kotsi. Bakaulengwe bangwe ba ile ba tshwarwa. Batho ba le bantsi ba ne ba bua maaka ka rona mo makwalodikgannyeng le mo thelebisheneng. Ba ne ba re Basupi ba batla go ipolaela bana ka gonne ba sa ba letle go tshelwa madi. Gape ba ne ba re Basupi ba tlhotlheletsa Basupi ba bangwe gore ba ipolaye. Go ne go le thata tota gore nna le Heinz re rere. Gantsi fa re rera, batho ba ne ba re goa, ba bitsa mapodise kgotsa ba re ngata ka dilo. Go ne go sa kgonege gore re romelelwe dikgatiso mo nageng eno e bile go ne go le thata go hira diholo tse re neng re ka tshwara dipokano mo go tsone. Tota e bile nako nngwe mapodise a ile a kgoreletsa kopano e re neng re e tshwere a bo a e emisa. Nna le Heinz re ne re ise re ko re tsamaye re bone batho ba ba neng ba tlhoile Basupi jalo. Batho bano ba ne ba farologane thata le ba kwa Uganda ba ba neng ba rata go ithuta Baebele. Ke eng se se ileng sa re thusa gore re se ka ra kgobega marapo?

Go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi, go ile ga re thusa fela thata. Ba ne ba rata boammaaruri e bile ba itumelela go bo re ne re ba thusa. Re ne re tlhokomelana e bile re thusana. Sekao sa bone se re rutile gore fa re nna re rata batho, re tla itumelela kabelo epe fela e re e newang.

Marianne le Heinz Wertholz.

Re le kwa ofising ya lekala kwa Bulgaria ka 2007

Mme fa nako e ntse e tsamaya, maemo a ile a nna botoka. Ka 1998, puso e ile ya kwadisa Basupi ba ga Jehofa semolao gape e bile re ile ra nna le dikgatiso tse dintsi ka Se-Bulgaria. Go tswa foo, ka 2004 go ile ga neelwa ofisi ya lekala. Gompieno go na le diphuthego di le 57 kwa Bulgaria le baboledi ba le 2 953. Ka 2024 re ne re le 6 475 kwa Segopotsong. Go simologile go na le bokgaitsadi ba le batlhano fela kwa Sofia, gone jaanong go na le diphuthego di le robongwe. Ruri re a bona gore ‘yo monnye o ile a nna sekete’!​—Isa. 60:22.

KE LEBANA LE MATHATA

Ke ile ka nna le mathata a botsogo. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, dingaka di ile tsa fitlhela ditlhagala di le mmalwa mo mmeleng wa me. Nako nngwe di ile tsa fitlhela tlhagala mo bobokong. Ka jalo, ke ile ka newa kalafi e e bogale e e neng e tla fokotsa tlhagala eo, e bile ke ile ka ya kwa India go ya go dirwa karo ya diura di le 12 go e ntsha. Morago ga karo eo, re ile ra nna kwa Bethele ya kwa India gore ke nne botoka. Go tswa foo, re ile ra boela kwa kabelong ya rona kwa Bulgaria.

Ka yone nako eo, Heinz o ile a tshwarwa ke bolwetse jo bo sa tlwaelegang jwa Huntington’s disease. Bolwetse jono bo ne bo dira gore go nne thata gore Heinz a bue, e bile matsogo le maoto a gagwe a ne a sa laolesege. Fa bo ntse bo etegela, o ne a ikaega ka nna gore ke mo thuse. Ka dinako dingwe, ke ne ke lapa thata e bile ke ipotsa gore a tota ke tla kgona go mo tlhokomela. Mme gone, mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Bobi o ne a nna a tla go tsaya Heinz gore a ye le ene tshimong. Bobi o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke gore Heinz o ne a sa kgone go bua sentle le gore matsogo le maoto a gagwe a ne a sa laolesege. Ka metlha fa ke tlhoka thuso, Bobi o ne a nthusa. Tota le fa nna le Heinz re ne re dirile tshwetso ya gore ga re tle go nna le bana mo lefatsheng leno, Jehofa o ne a re naya Bobi gore e nne ngwana wa rona.​—Mar. 10:29, 30.

Gape Heinz o ne a na le kankere. Ka maswabi, monna wa me yo ke neng ke mo rata thata o ne a tlhokafala ka 2015. Ke mo gopola tota. Ke ene yo ka metlha a neng a nthusa gore ke se ka ka tshwenyega thata. Go ne go le thata tota go tlwaela gore ga a yo. Mme gone, ke sa ntse ke akanya ka ene thata, e bile mo go nna go ntse jaaka e kete o sa ntse a tshela. (Luke 20:38) Gantsi fa ke dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, ke gopola tsela e a neng a nkgothatsa ka yone le kgakololo e a neng a nnaya yone. Ke leboga gore re ile ra direla Jehofa mmogo ka dingwaga di le dintsi.

KE LEBOGELA THUSO YA GA JEHOFA

Jehofa o ile a nthusa go itshokela mathata a a farologaneng. Gape o ile a nthusa gore ke nne morongwa yo o ratang batho le fa gone ke le ditlhong. (2 Tim. 1:7) Ke leboga Jehofa gore nna le nnake re mo tirelong ya nako e e tletseng. Ene le monna wa gagwe ba mo tirong ya potologo mo Europe. Ba etela diphuthego tsa puo ya Se-Serbia. Ruri Jehofa o arabile dithapelo tse Papa a neng a di rapela fa re ne re sa le bannye.

Go bala Baebele go nthusa gore ke ritibale le gore ke nne le kagiso e Jehofa a re nayang yone. Ke ithutile gore fa go le thata ke ‘rapele ka pelo yotlhe’ fela jaaka Jesu. (Luke 22:44) Tsela nngwe e Jehofa a arabang dithapelo tsa me ka yone ke go dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato e bile ba le pelonomi ba phuthego ya rona ya Nadezhda, mo Sofia. Ba nna ba ntaletsa kwa magaeng a bone e bile ba nna ba mpolelela gore ba a nthata. Dilo tseno tsotlhe di dira gore ke itumele fela thata.

Gantsi ke akanyetsa kwa teng ka tsogo ya baswi. Ke a tle ke akanye ke bona batsadi ba me ba eme fa pele ga ntlo ba le basha jaaka ka nako ya fa ba ne ba nyalana. Nnake a apeile, Heinz ene a eme go bapa le pitse. Go akanya ka dilo tseno go dira gore ke itumele, e bile go nthusa gore ke itshoke le gore ke leboge Jehofa.

Fa ke akanya ka dilo tsotlhe tse dintle tse Jehofa a nneileng tsone mo botshelong le tse a sa ntseng a nnaya tsone gone jaanong, ke ikutlwa fela jaaka Dafide. O ile a re: “Tota nkabo ke le kae fa ke ne ke se na tumelo ya gore ke tla bo ke sa ntse ke tshela gore ke bone kafa Jehofa a leng molemo ka gone? Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o nonofe. Solofela mo go Jehofa.”​—Pes. 27:13, 14.

a Bona kgang ya botshelo ya ga Tatjana Vileyska mo makasineng wa Tsogang! wa December 22, 2000, ts. 20-24 ka Seesemane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela