LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 February ts. 25-27
  • O se Ka wa Itseela Kwa Godimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Itseela Kwa Godimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE ENG SE SE KA RE THUSANG GORE RE SE KA RA ITSEELA KWA GODIMO?
  • O se Ka wa Ikgopola Thata go Feta Kafa go Tlhokegang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 February ts. 25-27
Monna yo o tenegileng a omanya motho yo o berekang mo hoteleng. Go na le batho ba ba letetseng go thusiwa mo morago ga gagwe.

O se Ka wa Itseela Kwa Godimo

A O ETSE tlhoko gore batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore ba tshwanetse go tshwarwa ka tsela nngwe e e kgethegileng, kgotsa go nna le ditshwanelo dingwe tse di rileng? Le fa gone ba newa dilo tseno, ba sa ntse ba batla mo go oketsegileng. Baebele ga e bolo go bolelela pele gore mo malatsing a bofelo, batho ba tla itseela kwa godimo e bile ga ba kitla ba lebogela se ba nang le sone.​—2 Tim. 3:2.

Boammaaruri ke gore go itseela kwa godimo ga go simologe gone jaanong. Adame le Efa ba ne ba batla go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, mme seo se ile sa felela ka mahutsana. Dingwaga moragonyana, Kgosi Usia wa kwa Juda o ne a tsaya gore o na le tshwanelo ya go fisa maswalo kwa tempeleng. Mme gone, o ne a sa tshwanela go dira jalo. (2 Ditir. 26:18, 19) Ka tsela e e tshwanang, Bafarasai le Basadukae ba ne ba dumela gore Jehofa o tshwanetse go ba tshwara ka tsela e e kgethegileng ka gonne e le ditlogolwana tsa ga Aborahame.​—Math. 3:9.

Re tshela le batho ba ba itseelang kwa godimo, mme fa re se kelotlhoko re ka itshwara jaaka bone. (Bagal. 5:26) Re ka simolola go akanya gore re tshwanelwa ke go newa ditshwanelo dingwe tse di rileng, kgotsa gore re tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e kgethegileng. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra akanya jalo? Sa ntlha, re tshwanetse go itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno. Melaometheo e mebedi e re tla tlotlang ka yone, e tla re thusa.

Jehofa ke ene a itseng se se re tshwanelang. Akanya ka dikai tseno.

  • Mo lelapeng, Jehofa o batla gore monna a ikutlwe a tlotliwa ke mosadi wa gagwe, le gore mosadi a ikutlwe a ratiwa ke monna wa gagwe. (Baef. 5:33) Jehofa o lebeletse gore batho ba ba nyalaneng ba bontshane gore ba a ratana. (1 Bakor. 7:3) Gape batsadi ba lebeletse gore bana ba bone ba ba ikobele. Bana le bone ba lebeletse gore batsadi ba bone ba ba rate le gore ba ba tlhokomele.​—2 Bakor. 12:14; Baef. 6:2.

  • Mo phuthegong, Jehofa o batla gore re tlotle bagolwane ka gonne ba dira ka natla. (1 Bathes. 5:12) Mme gone, ga ba a tshwanela go gatelela bakaulengwe le bokgaitsadi.​—1 Pet. 5:2, 3.

  • Jehofa o neile dipuso tshwanelo ya gore di duedise batho lekgetho, e bile o lebeletse gore batho ba di tlotle.​—Bar. 13:1, 6, 7.

Jehofa o re naya se se fetang se se re tshwanelang. E re ka re le baleofi, re tshwanelwa ke loso. (Bar. 6:23) Le fa go ntse jalo, Jehofa o re naya dilo di le dintsi ka ntlha ya lorato lo lo sa kgaotseng. (Pes. 103:10, 11) Ga a re neye dilo tseno ka gonne di re tshwanela, mme o re di naya ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.​—Bar. 12:6-8; Baef. 2:8.

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GORE RE SE KA RA ITSEELA KWA GODIMO?

Nna kelotlhoko gore o se ka wa akanya jaaka batho ba ba sa direleng Jehofa. Fa re se kelotlhoko, re ka simolola go akanya gore re tshwanelwa ke go nna le dilo tse di fetang tse ba bangwe ba nang le tsone. Jesu o ile a bontsha gore seo se ka re diragalela fa a ne a dirisa sekai sa badiri ba ba ileng ba duelwa denario. Bangwe ba bone ba ile ba simolola tiro mo mosong ba bo ba bereka letsatsi lotlhe mo letsatsing le le babolang. Moragonyana badiri ba bangwe ba ile ba hiriwa, mme bone ba ile ba bereka ura fela. Badiri ba ntlha ba ne ba akanya gore ba tshwanelwa ke go duelwa madi a le mantsi go feta badiri ba bofelo ka gonne ba ile ba dira ka natla. (Math. 20:1-16) Jesu o ne a dirisa setshwantsho seno go bontsha balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go kgotsofalela se Jehofa a ba nayang sone.

Bangwe ba batho ba ba hirilweng ba go buiwang ka bone mo setshwantshong sa ga Jesu ba ngongoregela motho yo o ba hirileng.

Badiri ba ba ileng ba bereka letsatsi lotlhe ba ne ba akanya gore ba tshwanetse go duelwa madi a le mantsi

Lebogela se o nang le sone, mme o se ke wa lebelela gore batho ba go neye dilo. (1 Bathes. 5:18) Etsa moaposetoloi Paulo. Ga a a ka a kopa bakaulengwe ba kwa Korintha gore ba mo neye dilo tse a neng a di tlhoka, le fa gone a ne a na le tshwanelo ya go dira jalo. (1 Bakor. 9:11-14) Re tshwanetse go lebogela dilo tse re nang le tsone, e bile ga re a tshwanela go lebelela gore batho ba bangwe ba re neye dilo.

Moaposetoloi Paulo le banna ba babedi ba dira tente.

Moaposetoloi Paulo o ne a sa lebelela gore bakaulengwe ba mo neye dilo tse a neng a di tlhoka

Nna boikokobetso. Fa motho a itseela kwa godimo, o simolola go akanya gore o tshwanelwa ke go nna le dilo tse di oketsegileng. Fa re le boikokobetso ga re kitla re akanya ka tsela eo e e kotsi.

Ditshwantsho: 1. Moporofeti Daniele a tsofetse. 2. Motse wa bogologolo wa Babelona. 3. Daniele fa a sa le mosha a na le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera.

Jehofa o ne a tsaya moporofeti Daniele e le motho wa botlhokwa ka gonne a ne a le boikokobetso

Moporofeti Daniele e ne e le mongwe wa batho ba ba boikokobetso. O ne a tswa mo lelapeng le le tlotlegang, a le montle, a le botlhale e bile a na le bokgoni. Dilo tseno di ka bo di ile tsa dira gore a batle go tshwarwa ka tsela e e kgethegileng, kgotsa gore a newe ditshiamelo dingwe. (Dan. 1:3, 4, 19, 20) Le fa go ntse jalo, Daniele o ile a tswelela a le boikokobetso, mme seo se ile sa dira gore Jehofa a mo tseye e le motho wa botlhokwa.​—Dan. 2:30; 10:11, 12.

A re se ka ra itseela kwa godimo jaaka batho ba re tshelang le bone gompieno. Go na le moo, a re itumelele sengwe le sengwe se Jehofa a re nayang sone ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela