SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 35
Nnang lo “Agane”
“Nnang lo kgothatsane lo bo lo agane.”—1 BATHES. 5:11.
PINA 90 A re Kgothatsaneng
SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa
1. Go ya ka 1 Bathesalonika 5:11 ke tiro efe e rotlhe re nnang le seabe mo go yone?
A GO kile ga agiwa Holo ya Bogosi kgotsa ya tlhabololwa kwa phuthegong ya lona? Fa e le gore go ntse jalo, ga go pelaelo gore o gopola lekgetlo la ntlha fa o ne o tsenela dipokano mo holong eo. O tshwanetse wa bo o ile wa leboga Jehofa fela thata. Tota e bile, o ka tswa o ile wa tsholola dikeledi tsa boitumelo wa bo wa palelwa ke go opela pina e e simololang. Diholo tsa rona Tsa Bogosi tse di agilweng sentle di dira gore Jehofa a bakwe. Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o mongwe wa go aga o o dirang gore Jehofa a bakwe le go feta. O botlhokwa go feta go aga dikago tsa mmatota, mofuta oo ke go aga batho ba ba tlang mo mafelong ao a kobamelo. Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka mofuta ono wa go aga fa a ne a kwala mafoko a a mo go 1 Bathesalonika 5:11, a setlhogo seno se theilweng mo go one.—E bale.
2. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?
2 Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se se molemo sa go kgothatsa badumedimmogo le ene. O ne a ba akanyetsa. Mo setlhogong seno re tlile go sekaseka gore o thusitse jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe go (1) itshokela diteko, (2) go agisana le ba bangwe, le (3) go nonotsha tumelo ya bone mo go Jehofa. A re boneng gore re ka etsa sekao sa gagwe jang fa re kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gompieno.—1 Bakor. 11:1.
PAULO O NE A THUSA BAKAULENGWE BA GAGWE GO ITSHOKELA DITEKO
3. Paulo o ne a bontsha jang gore o leba dilo sentle?
3 Paulo o ne a rata bakaulengwe ba gagwe fela thata. E re ka a ile a nna le diteko, o ne a kgona go tlhomogela badumedimmogo le ene pelo le go ba akanyetsa fa ba na le diteko. Nako nngwe Paulo o ne a se na madi, ka jalo o ne a tshwanelwa ke go batla tiro gore a kgone go itlamela le go thusa ditsala tsa gagwe. (Dit. 20:34) O ne a itse go dira ditente. Ka jalo, fa a fitlha kwa Korintha o ne a bereka le Akhwila la Peresila mo tirong ya bone ya go dira ditente. Le fa go ntse jalo, “ka sabata mongwe le mongwe” o ne a rerela Bajuda le Bagerika. Mme fa Silase le Timotheo ba goroga, “Paulo o ne a simolola go tlhoma mogopolo thata mo tirong ya go rera.” (Dit. 18:2-5) Paulo ga a ka a lebala gore selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe e ne e le go direla Jehofa. E re ka Paulo a ile a re tlhomela sekao se se molemo sa go dira ka natla mo bodireding le mo tirong ya boitshediso, o ne a ka kgona go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. O ne a ba gopotsa gore ba se ka ba letla gore mathata a botshelo le maikarabelo a go tlamela ba malapa a bone a dire gore ba itlhokomolose “dilo tse di botlhokwa thata,” e leng dilo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri.—Bafil. 1:10.
4. Paulo le Timotheo ba ne ba thusa badumedimmogo le bone jang go itshoka fa ba ne ba bogisiwa?
4 Nakwana fela morago ga gore phuthego ya kwa Thesalonika e tlhomiwe, Bakeresete ba phuthego eo ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba ne ba bogisiwa. Fa baganetsi ba ba setlhogo ba ne ba sa fitlhele Paulo le Silase, ba ne ba gogela “bakaulengwe bangwe kwa babusing ba motse” ba goa ba re: “Banna bano botlhe ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara.” (Dit. 17:6, 7) Akanya kafa Bakeresete bao ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba neng ba tshogile kwa gone fa banna ba motse ba ne ba le kgatlhanong le bone. Ba ne ba ka fokotsa tsela e ba neng ba dira tiro ya ga Jehofa ka yone, mme Paulo o ne a sa batle gore seo se direge. Le fa ene le Silase ba ile ba tshwanelwa ke go tsamaya, ba ne ba netefatsa gore phuthego eno e na le mongwe yo o tla e tlhokomelang. Paulo o ne a gopotsa Bathesalonika jaana: “[Re ne] ra romela Timotheo, mokaulengwe wa rona . . . gore a nonotshe tumelo ya lona le gore a lo gomotse, gore ope a se ka a koafadiwa ke dipitlagano tseno.” (1 Bathes. 3:2, 3) Timotheo a kwa tswa a ile a bogisiwa kwa motseng wa gaabo kwa Lisetera. O ile a bona tsela e Paulo a ileng a nonotsha bakaulengwe ba koo ka yone. E re ka Timotheo a bone kafa Jehofa a neng a eme bakaulengwe ba kwa Lisetera nôkeng ka gone, o ne a ka netefaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba sa tswang go sokologa gore le bone, dilo di ne di tla ba tsamaela sentle.—Dit. 14:8, 19-22; Baheb. 12:2.
5. Mogolwane mongwe o ne a thusa mokaulengwe Bryant jang?
5 Paulo o ne a nonotsha badumedimmogo le ene ka tsela efe e nngwe? Fa Paulo le Barenabase ba ne ba boela kwa Lisetera, Ikonio le kwa Antioka, ba ne ba “tlhoma bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe.” (Dit. 14:21-23) Ga go pelaelo gore bagolwane bao ba ba neng ba tlhomilwe, ba ne ba gomotsa diphuthego tseo fela jaaka bagolwane ba dira gompieno. Akanya ka se se neng sa buiwa ke mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Bryant. A re: “Fa ke na le dingwaga di le 15, Papa o ne a tlogela lelapa la gaetsho, mme Mama ene o ne a kgaolwa. Ke ne ke ikutlwa ke latlhilwe e bile ke kgobegile marapo.” Ke eng se se thusitseng Bryant go itshokela boemo jono jo bo thata? A re: “Mogolwane mongwe yo o bidiwang Tony o ne a bua le nna ka metlha kwa dipokanong le ka dinako dingwe. O ne a mpolelela ka bangwe ba ba neng ba nna ba itumetse le fa ba lekiwa. E bile o ne a mpalela Pesalema 27:10, a bo a mpolelela ka Hesekia yo o neng a direla Modimo ka boikanyegi le fa rraagwe a ne a sa mo tlhomele sekao se se molemo.” Se mogolwane yono a neng a se dira se ne sa thusa Bryant jang? A re: “Kgothatso e Tony a neng a nnaya yone e ne ya nthusa gore moragonyana ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng.” Bagolwane, nnang lo etse tlhoko badumedimmogo le lona ba ba tshwanang le Bryant, ba ba ka tlhokang “lefoko le le molemo” la kgothatso.—Diane 12:25.
6. Paulo o dirisitse jang maitemogelo a nako e e fetileng go kgothatsa badumedimmogo le ene?
6 Paulo o ne a gopotsa badumedimmogo le ene gore Jehofa o ile a thusa “basupi ba bantsintsi” gore ba itshokele mathata. (Baheb. 12:1) Paulo o ne a tlhaloganya gore maitemogelo a batho ba ba ileng ba itshokela diteko mo nakong e e fetileng, a ne a tla thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go nna pelokgale le go tlhoma mogopolo mo ‘motseng wa Modimo o o tshelang.’ (Baheb. 12:22) Go ntse fela jalo le gompieno. Rotlhe re kgothadiwa ke go bala ka tsela e ka yone Jehofa a ileng a thusa Gidione, Barake, Dafide, Samuele, mmogo le ba bangwe ba bantsi. (Baheb. 11:32-35) Mme go tweng ka dikai tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba motlha wa rona? Gantsi mo ntlokgolo ya lefatshe lotlhe re amogela makwalo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba tumelo ya bone e ileng ya nonofa fa ba sena go bala maitemogelo a bakaulengwe ba motlha wa rona ba ba ileng ba ikanyega.
PAULO O NE A BONTSHA BAKAULENGWE BA GAGWE KAFA BA KA AGISANANG KA GONE
7. Re ithuta eng ka kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baroma 14:19-21?
7 Re aga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa re bua le go dira dilo tse di dirang gore go nne le kagiso mo phuthegong. Ga re itetle go kgaoganngwa ke tsela e e sa tshwaneng e re lebang dilo ka yone. E bile ga re pateletse gore dilo di dirwe ka tsela ya rona fa e le gore se motho a se dirang ga se kgatlhanong le melaometheo ya Dikwalo. Akanya ka sekai seno. Phuthego ya kwa Roma e ne e na le Bakeresete ba Bajuda le ba e neng e se Bajuda. Fa Molao wa ga Moshe o sena go fedisiwa, dijo tse di rileng di ne di sa tlhole di thibetswe. (Mar. 7:19) Go simolola ka nako eo, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go ja mefuta e e farologaneng ya dijo. Mme gone, Bakeresete ba bangwe ba Bajuda bone ba ne ba akanya gore go ja dijo tseo go ne go sa siama. Seo se ne sa dira gore go nne le kgotlhang mo phuthegong. Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa gore go nne le kagiso mo phuthegong fa a ne a re: “Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.” (Bala Baroma 14:19-21.) Paulo o ne a thusa badumedimmogo le ene go bona kafa dikgogakgogano di ka amang phuthego ka gone le go utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Gape o ne a ikemiseditse go fetola tsela e a dirang dilo ka yone gore a se ka a kgopisa ba bangwe. (1 Bakor. 9:19-22) Le rona re ka aga ba bangwe ra bo ra dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ka go tlogela go baka dikgotlhang ka dilo tse mongwe le mongwe a ka itirelang ditshwetso ka tsone.
8. Paulo o ne a dira eng fa go ne go na le kgang nngwe e e neng e ka senya kagiso mo phuthegong?
8 Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo ka go dira gore go nne le kagiso fa batho ba ne ba sa utlwane ka dikgang dingwe tsa botlhokwa. Ka sekai, bangwe mo phuthegong ya bogologolo ba ne ba batla gore fa batho ba e seng Bajuda ba nna Bakeresete, ba rupisiwe. Gongwe ba ne ba sa batle gore Bajuda ba bangwe ba ba bone molato. (Bagal. 6:12) Paulo o ne a sa dumalane le tsela e ba neng ba leba dilo ka yone, mme go na le gore a pateletse gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe o ne a kopa kgakololo ya baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema. (Dit. 15:1, 2) Tsela e a neng a dira dilo ka yone e ne ya thusa Bakeresete mo phuthegong gore ba nne ba itumetse ba bo ba nne le kagiso.—Dit. 15:30, 31.
9. Re ka etsa sekao sa ga Paulo jang?
9 Fa go ka nna le kgang nngwe e e ka dirang gore go nne le kgotlhang, re ka dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ka go kopa kgakololo mo go ba Jehofa a ba tlhomileng gore ba tlhokomele phuthego. Gantsi re ka bona kaelo e e tswang mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona le mo ditaelong tse re di newang ke phuthego ya Modimo. Fa re tlhoma mogopolo mo ditaelong tseo go na le gore re batle gore go dirwe se re akanyang gore se siame, re ka dira gore go nne le kagiso mo phuthegong.
10. Paulo o ne a dira eng gape gore go nne le kagiso mo phuthegong?
10 Paulo o ne a dira gore go nne le kagiso mo phuthegong ka go bua ka dilo tse di molemo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba di dira, go na le go bua ka makoa a bone. Ka sekai, kwa bokhutlong jwa lekwalo le a neng a le kwalela Baroma o ne a umaka batho ba bantsi ka maina gantsi a bua sengwe se sentle se ba se dirileng kgotsa a umaka sengwe ka bone. Re ka etsa Paulo ka go umaka dilo tse dintle tse badumedimmogo le rona ba di dirang. Fa re dira jalo, re nna le ditsala tse di molemo mo phuthegong e bile re dira gore tsela e ba ratanang ka yone e gole.
11. Re ka dira jang gore go nne le kagiso fa go na le dikgotlhang?
11 Ka dinako dingwe Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng le bone ba ka nna ba ngangisana kgotsa ba se utlwane ka sengwe. Seo se ne sa diragalela Paulo le Barenabase, ba e neng e le ditsala tse di atamalaneng thata. Banna bano ba babedi ba ne ba sa dumalane ka gore ba tsamaye le Mareko mo loetong lwa bone le le latelang la borongwa. Ba ne ba “omana mo go botlhoko tota” mme morago ga moo ba ne ba kgaogana. (Dit. 15:37-39) Le fa go ntse jalo, Paulo, Barenabase le Mareko ba ne ba rarabolola kgotlhang ya bone. Seo se ne se bontsha gore ba ne ba tsaya go nna le kagiso le kutlwano mo phuthegong go le botlhokwa thata. Moragonyana, Paulo o ne a bua dilo tse di molemo ka Barenabase le Mareko. (1 Bakor. 9:6; Bakol. 4:10) Le rona re tshwanetse go baakanya dikgotlhang tse re nnang le tsone le ba bangwe mo phuthegong, mme re tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo tse ba di dirang. Fa re dira jalo, re tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano.—Baef. 4:3.
PAULO O NE A NONOTSHA TUMELO YA BAKAULENGWE BA GAGWE
12. Ke mathata afe a bakaulengwe le bokgaitsadi ba nnang le one?
12 Re aga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa re ba thusa gore ba nne le tumelo e e nonofileng. Bangwe ba bone ba sotliwa ke ba malapa a bone ba e seng Basupi, kgotsa batho ba ba berekang le bone kgotsa ba ba tsenang sekolo le bone. Ba bangwe ba a lwala kgotsa ba kgobegile marapo. Ba bangwe bone ba na le dingwaga tse dintsi ba kolobeditswe e bile ga ba bolo go letela gore lefatshe leno le fedisiwe. Maemo ano a ka leka tumelo ya Bakeresete gompieno. Bakeresete ba phuthego ya bogologolo le bone ba ile ba nna le mathata a a tshwanang le ao. Paulo o ne a dira eng gore a nonotshe bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe?
Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka aga ba bangwe jang? (Bona serapa 13)b
13. Paulo o ne a thusa jang ba ba neng ba sotliwa ka ntlha ya se ba se dumelang?
13 Paulo o ile a dirisa Dikwalo go aga tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Ka sekai, Bakeresete ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba sa itse gore ba ka araba jang ba malapa a bone ba e neng e se Bakeresete e bile ba dumela gore tumelo ya Sejuda e botlhokwa go feta Bokeresete. Ga go pelaelo gore lekwalo le Paulo a ileng a le kwalela Bahebera le ile la nonotsha Bakeresete bao fela thata. (Baheb. 1:5, 6; 2:2, 3; 9:24, 25) Tsela e a neng a dirisa Dikwalo ka yone e ne e ka ba thusa gore ba kgone go araba batho bao ba ba neng ba ba ganetsa. Le rona gompieno, re ka thusa badumedimmogo le rona gore ba dirise dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go tlhalosa se ba se dumelang fa ba ganediwa. Mme fa e le gore basha ba sotliwa ka gonne ba dumela gore dilo di bopilwe, re ka ba thusa gore ba batle tshedimosetso e e tla ba thusang gore ba ntshe mabaka a go bo ba dumela gore Mmopi o teng, mo boroutšhareng jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking.
Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka aga ba bangwe jang? (Bona serapa 14)c
14. Paulo o ile a dira eng le fa a ne a tshwaregile ka tiro ya go rera le go ruta?
14 Paulo o ile a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe gore ba bontshe lorato ka go dira “ditiro tse di molemo.” (Baheb. 10:24) O ne a thusa bakaulengwe ba gagwe ka se a neng a se dira le se a neng a se bua. Ka sekai, fa go ne go na le leuba kwa Judea, Paulo o ne a isetsa badumedimmogo le ene dilo tse ba neng ba di tlhoka. (Dit. 11:27-30) Tota e bile, le fa Paulo a ne a tshwaregile ka go rera le go ruta, o ne a nna a batla ditsela tsa go thusa ba ba neng ba tlhoka thuso. (Bagal. 2:10) Seo se ne sa nonotsha badumedimmogo le ene gore ba tshepe Jehofa gore o tla ba tlhokomela. Le rona gompieno, re ka nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka go ithaopa go dirisa nako, maatla le bokgoni jwa rona go thusa mo tirong ya namolo. Gape re ntsha meneelo go thusa mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Fa re dirisa ditsela tseno le tse dingwe, re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go tshepa gore Jehofa ga a kitla a ba latlha.
Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka aga ba bangwe jang? (Bona serapa 15-16)d
15-16. Re ka kgothatsa jang bakaulengwe ba tumelo ya bone e koafetseng?
15 Paulo o ne a tswelela a kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tumelo ya bone e neng e koafetse. O ne a ba tlhomogela pelo e bile a bua le bone ka tsela e e neng e bontsha gore o a ba rata le go ba akanyetsa. (Baheb. 6:9; 10:39) Ka sekai, gantsi mo lekwalong le a neng a le kwalela Bahebera o ne a dirisa lefoko “re,” le le bontshang gore le ene o ne a tshwanetse go dirisa kgakololo e a neng a ba naya yone. (Baheb. 2:1, 3) Fela jaaka Paulo, ga re tlhoboge bakaulengwe ba rona ba tumelo ya bone e koafetseng. Go na le moo, re ka ba aga ka go ba bontsha gore re a ba kgatlhegela. Fa re dira jalo, re ba bontsha gore re a ba rata. Tsela e re buang le bone ka yone e ka ba kgothatsa go feta se re se buang.
16 Paulo o ne a netefaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe gore Jehofa o bona dilo tse di molemo tse ba neng ba di dira. (Baheb. 10:32-34) Le rona re ka dira se se tshwanang fa re thusa modumedimmogo le rona yo tumelo ya gagwe e koafetseng. Re ka nna ra mo kopa gore a re bolelele gore go tlile jang gore e nne Mosupi, kgotsa ra mo kgothaletsa gore a gopole dilo tse di mo diragaletseng tse di mmontshitseng gore Jehofa o mo ema nôkeng. Gape, re ka mo tlhomamisetsa gore Jehofa ga a lebale dilo tse a neng a di dira mo nakong e e fetileng tse di bontshang gore o a mo rata, e bile Jehofa ga a kitla a mo latlha. (Baheb. 6:10; 13:5, 6) Metlotlo eno e ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi bano gore ba tswelele ba direla Jehofa.
“NNANG LO KGOTHATSANE”
17. Ke bokgoni bofe jo re ka dirang ka natla gore re nne le jone?
17 Fela jaaka moagi a tokafatsa bokgoni jwa gagwe fa nako e ntse e tsamaya, le rona re ka kgona go tokafatsa tsela e re kgothatsang ba bangwe ka yone. Re ka thusa ba bangwe gore ba nne le maatla a go itshokela diteko ka go tlotla le bone ka batho ba ba ileng ba itshoka mo nakong e e fetileng. Re ka dira gore go nne le kagiso ka go bua ka dilo tse di molemo tse re di bonang mo bathong ba bangwe, ka go dira gore go nne le kagiso fa go na le dilo tse di e kgoreletsang le ka go rarabolola dikgotlhang. Gape re ka nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka go tlotla le bone ka boammaaruri jo bo mo Baebeleng, ka go ba naya kgakololo e e tla ba tswelang mosola le ka go thusa Bakeresete ba tumelo ya bone e koafetseng.
18. O ikemiseditse go dira eng?
18 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba berekang mo diporojekeng tsa go aga mafelo a kobamelo ba kgotsofetse e bile ba itumetse. Re tla itumela e bile re tla kgotsofala fa re aga tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Go farologana le dikago tse di onalang fa nako e ntse e tsamaya, tiro e re e dirang ya go nonotsha bakaulengwe ba rona yone e tla ba solegela molemo go ya go ile. E kete re ka ikemisetsa go ‘nna re kgothatsana re bo re agana!’—1 Bathes. 5:11
PINA 100 Amogelang Baeng
a Botshelo bo thata mo lefatsheng leno. Badumedimmogo le rona ba na le mathata a le mantsi. Re ka kgona go ba thusa fa re batla ditsela tsa go ba kgothatsa. Go sekaseka sekao sa ga moaposetoloi Paulo go ka re thusa go dira jalo.
b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Rre o bontsha morwadie tsela e a ka dirisang dikakantsho tse di mo dikgatisong tsa rona ka yone go buelela lebaka la go bo a sa keteke Keresemose.
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Banyalani ba mo karolong e nngwe ya naga ya bone gore ba thuse bakaulengwe ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego.
d TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mogolwane o etetse mokaulengwe yo tumelo ya gagwe e koafetseng. O mmontsha dinepe tse ba di tsereng fa ba ne ba le kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng. Fa mokaulengwe a leba dinepe tseo o gopola dinako tse di itumedisang tse ba nnileng le tsone. Mokaulengwe yono o batla go itumela ka tsela e a neng a itumetse ka yone fa a ne a direla Jehofa. Fa nako e ntse e ya, o boela mo phuthegong.