LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w21 October ts. 14-17
  • Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKGWETLHO
  • IPEELE MEKGELE E O KA E FITLHELELANG
  • O SE KA WA INEELA!
  • ‘Bitsa Bagolwane’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa O a Go Rata!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Bagolwane—Tswelelang lo Etsa Sekao sa ga Moaposetoloi Paulo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
w21 October ts. 14-17
Mokaulengwe o lebega a tlaletswe fa a akanya ka tiro le nako e e tla tlhokegang gore a baakanye ntlo ya gagwe e e senyegileng.

Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa

NGWAGA le ngwaga go nna le dinku tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo tse di busediwang mo phuthegong ya ga Jehofa. Akanya kafa go ‘nnang le boitumelo jo bogolo kwa legodimong’ ka gone fa mongwe le mongwe wa bone a busediwa mo phuthegong! (Luke 15:7, 10) Fa e le gore o buseditswe, tlhomamisega gore Jesu, baengele le Jehofa ba itumelela gore o boetse mo phuthegong. Mme gone, fa o ntse o baakanya kamano ya gago le Jehofa, o ka lebana le dikgwetlho. Dingwe tsa tsone ke dife, mme ke eng se se ka go thusang?

DIKGWETLHO

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba sa ntse ba ikutlwa ba kgobegile marapo le fa ba setse ba buseditswe mo phuthegong. Gongwe seo se dira gore o tlhaloganye tsela e Kgosi Dafide a neng a ikutlwa ka yone. Tota le fa a ne a itshwaretswe maleo a a neng a a dirile, o ne a re: “Melato ya me e mentsi thata.” (Pes. 40:12; 65:3) Fa motho a sena go boela kwa go Jehofa, o sa ntse a ka ikutlwa molato kgotsa a tlhabiwa ke ditlhong ka dingwaga di le dintsi. Isabelle o ne a fetsa dingwaga di feta 20 a kgaotswe.a O ne a re: “Go ne go le thata gore ke dumele gore Jehofa a ka intshwarela.” Fa o kgobega marapo, kamano ya gago le Jehofa e ka koafala gape. (Diane 24:10) Leka ka natla gore seo se se ka sa go diragalela.

Bangwe ba tshwenngwa ke gore ba ka nna ba se ka ba kgona go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore ba atamalane le Jehofa gape. Fa Antoine a sena go busediwa, o ne a re: “Ke ne ke lebetse dilo tse dintsi tse ke neng ke di ithutile le tse ke neng ke di dira mo phuthegong pele ke kgaolwa.” Maikutlo ao a ka dira gore bangwe ba se ka ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa.

Ka sekai, fa setsuatsue se sentse ntlo ya mongwe, motho yoo a ka nna a ikutlwa a imetswe tota fa a akanya ka tiro le nako e e tla tlhokegang gore a baakanye ntlo eo. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore kamano ya gago le Jehofa e sentswe ke boleo jo bo masisi jo o bo dirileng, o ka nna le maikutlo a gore go tla go tlhoka tiro e ntsi gore o e baakanye. Mme gone, o se ka wa tshwenyega ka gonne ga o tlhoke go kgaratlha o le nosi.

Jehofa o re kopa jaana: “Jaanong tlang, mme re tlhamalatse dilo fa gare ga rona.” (Isa. 1:18) O setse o dirile ka natla gore o “tlhamalatse dilo.” Jehofa o go rata tota ka gonne o tsere kgato eo. E re ka o boetse kwa go Jehofa, a ka dirisa sekao sa gago go bontsha Satane gore ke moaki!—Diane 27:11.

O setse o atamalane le Jehofa ka gonne o boetse kwa go ene, mme le ene o solofetsa gore o tla atamalana le wena. (Jak. 4:8) Le fa go le molemo gore batho mo phuthegong ba lemoge gore o buseditswe, ga go felele foo. O tshwanetse go tswelela o nonotsha tsela e o ratang Rrago le Tsala ya gago e bong Jehofa ka yone. O ka dira seo jang?

IPEELE MEKGELE E O KA E FITLHELELANG

Leka go ipeela mekgele e o ka e fitlhelelang. Gongwe o sa ntse o gakologelwa dithuto tsa motheo tse o di ithutileng ka Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe tsa Paradaise. Le fa go ntse jalo, gone jaanong o tlhoka go ikaga ka go dira dilo tsa botlhokwa tse o neng o tle o di dire tse di jaaka go rera ka metlha, go ya dipokanong le go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Akanya ka mekgele e e latelang.

Bua le Jehofa ka metlha. Rrago o a tlhaloganya gore o ka nna wa thatafalelwa ke go mo rapela ka gonne o ipona molato ka ntlha ya boleo jo o bo dirileng. (Bar. 8:26) Le fa go ntse jalo, ‘nna o rapela’ o bolelela Jehofa gore o batla go nna tsala ya gagwe. (Bar. 12:12) Andrej a re: “Ke ne ke ikutlwa ke le molato tota, e bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Mme nako le nako fa ke sena go rapela, maikutlo ao a ne a fokotsega. Ke ne ke nna le kagiso.” Fa o sa itse gore o ka rapelela eng, akanya ka dithapelo tsa ga Kgosi Dafide yo o neng a ikwatlhaya, tse di mo go Pesalema 51 le 65.

Ithute Baebele ka metlha. Fa o dira jalo tumelo ya gago e tla nonofa e bile tsela e o ratang Jehofa ka yone e tla gola. (Pes. 19:7-11) Felipe o ne a re: “Selo se se dirileng gore tumelo ya me e koafale ke bo ke utlwise Jehofa botlhoko, ke gore ke ne ke se na thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele le go ithuta. Ke ne ke sa batle go utlwisa Jehofa botlhoko gape, ka jalo ke ne ka tlhomamisa gore ke ithuta ka metlha ke le nosi.” Le wena o ka dira se se tshwanang. Fa e le gore o tlhoka thuso ya go tlhopha se o ka se ithutang, o ka kopa tsala e e atamalaneng thata le Jehofa gore e go thuse.

Baakanya kamano ya gago le bakaulengwe le bokgaitsadi. Bangwe ba ba boelang mo phuthegong, ba tshwenyega ka gore batho ba bangwe ba ka se ba tshware sentle. Larissa a re: “Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong tota. Ke ne ke ikutlwa e kete ke swabisitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba me le gore ke ba utlwisitse botlhoko. Ke ne ka ikutlwa jalo ka lobaka lo loleele.” Tlhomamisega gore bagolwane, bakaulengwe le bokgaitsadi ba batla go go thusa gore o baakanye kamano ya gago le Jehofa. (Bona lebokose le le reng, “Se Bagolwane Ba ka Se Dirang.”) Ba itumeletse gore o boetse mo phuthegong, e bile ba batla gore o itumele!—Diane 17:17.

Ke eng se se ka go thusang gore o atamalane le phuthego? Nna gone kwa dipokanong tsotlhe o bo o ye tshimong ka metlha le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Seo se tla go thusa jang? Felix a re: “Phuthego e ne e itumeletse gore ke boile. Ke ne ka lemoga gore ba a nthata. Botlhe mo phuthegong ba ne ba nthusa gore ke ikutlwe ke le karolo ya phuthego gape, ke lemoge gore Jehofa o intshwaretse le gore nka kgona go tswelela ke mo direla.”—Bona lebokose le le reng, “Se o Ka se Dirang.”

Se o Ka se Dirang

O ka ikaga ka go dira dilo tsa botlhokwa tse o neng o di dira pele

Mogolwane o rapela le mokaulengwe yo o buseditsweng mo phuthegong.

BUA LE JEHOFA KA METLHA

Bolelela Jehofa gore o batla go nna tsala ya gagwe. Bagolwane ba tla go rapelela e bile ba tla rapela le wena

Mogolwane o dirisa buka ya “Atamalana le Jehofa” go tshwarela mokaulengwe yoo thuto ya Baebele.

ITHUTE BAEBELE KA METLHA

Fa o nonotsha kamano ya gago le Jehofa, seo se tla go thusa gore tsela e o mo ratang ka yone e gole

Mokaulengwe yoo o tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe kwa kokoanong nngwe.

BAAKANYA KAMANO YA GAGO LE BA BANGWE

Nna gone kwa dipokanong tsotlhe o bo o ye tshimong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ka metlha

O SE KA WA INEELA!

Satane o tla nna a go tlisetsa ditsuatsue tse dingwe gore a go koafatse fa o ntse o baakanya kamano ya gago le Jehofa. (Luke 4:13) Ipaakanyetse seo ka go nonotsha kamano ya gago le Jehofa gone jaanong.

Jehofa o solofetsa gore o tla dira seno ka dinku tsa gagwe: “Ke tla batla e e latlhegileng, ke tla busa e e faletseng, ke tla hapa e e gobetseng, e bile ke tla nonotsha e e bokoa.” (Esek. 34:16) Jehofa o thusitse batho ba le bantsi gore ba baakanye kamano ya bone le ene. Tlhomamisega gore o batla go go thusa gore o tswelele o nonotsha kamano ya gago le ene.

Se Bagolwane Ba ka Se Dirang

Mogolwane o thusa mokaulengwe go baakanya ntlo ya gagwe e e senyegileng.

Go na le dilo tse dintsi tse bagolwane ba ka di dirang go thusa baboledi ba ba buseditsweng mo phuthegong gore ba baakanye kamano ya bone le Jehofa. Bona gore ke eng se bagolwane ba ka se dirang go ba thusa.

Ba tlhomamisetseng gore ba a ratiwa. Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore moleofi yo o ikwatlhaileng a ka “fekeediwa ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng.” (2 Bakor. 2:7) Gangwe le gape a ka ikutlwa a le molato e bile a ka kgobega marapo. Paulo o ne a laela phuthego gore e ‘itshwarele motho yoo ka pelo yotlhe le go mo gomotsa.’ Batho ba ba buseditsweng mo phuthegong ba tshwanetse go tlhomamisediwa gore Jehofa le bakaulengwe ba bone ba a ba rata. Fa bagolwane ba ba akgola ka metlha e bile ba ba thusa, seo se ka dira gore ba se ka ba kgobega marapo.

Rapelang le bone. “Thapelo ya mosiami yo o rapelang ka tlhoafalo e na le maatla a magolo.” (Jak. 5:16) Larissa yo re buileng ka ene mo setlhogong seno a re: “Ke ne ka bolelela bagolwane dilo tse di neng di ntshwenya le tse ke neng ke tlhobaela ka tsone. Ba ne ba nthapelela. Ka jalo, ke ne ka lemoga gore bagolwane bano ba ne ba sa nngalela. Ba ne ba batla go nthusa gore ke baakanye kamano ya me le Jehofa.” Theo a re: “Dithapelo tsa bagolwane di ne tsa ntlhomamisetsa gore ruri Jehofa o a nthata le gore o bona dilo tse di molemo mo go nna e seng tse di bosula fela.”

Itsalanyeng le bone. Batho ba ba buseditsweng ba tlhoka ditsala mo phuthegong. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Justin a re: “Ba laletse gore ba bereke le wena gangwe le gape mo tshimong, mme sa botlhokwa le go feta, ba etele kwa magaeng a bone. Go botlhokwa thata gore o nne tsala ya bone!” Mogolwane yo mongwe yo o bidiwang Henry a re: “Fa bangwe mo phuthegong ba bona bagolwane ba itsalanya le batho ba ba buseditsweng, le bone ba tla dira se se tshwanang.”

Ba thuseng go ithuta. Fa motho yo o buseditsweng a na le tsala e e atamalaneng le Jehofa, tsala eo e ka mo thusa gore a nne le thulaganyo e molemo ya go ithuta. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Darko a re: “Ke rata go tlotla ka dilo tse di kgatlhang tse ke di boneng fa ke ithuta ke le nosi le kafa ke itumelelang go ithuta Baebele ka gone. Gape ke rulaganya le batho ba ba buseditsweng gore ke ithute le bone ditlhogo dingwe tse di kgothatsang.” Mogolwane yo mongwe yo o bidiwang Clayton a re: “Ke ba kgothaletsa gore ba bale dipego dingwe tsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba lebana le maemo a a tshwanang le a bone.”

Nnang badisa ba ba molemo. Fa batho ba ba buseditsweng ba ne ba kgaolwa, ba ne ba leba bagolwane e le baatlhodi. Mme gone jaanong ba tshwanetse go ba leba e le badisa ba ba molemo. (Jer. 23:4) Bagolwane, nnang bonako go ba reetsa mme lo nne lo ipaakanyeditse go ba akgola. Nnang lo ikgolaganya le bone. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Marcus o tlhalosa se ba se dirang fa ba le mo maetong a bodisa, a re: “Re tlotla le bone ka Baebele, re a ba akgola e bile re ba tlhomamisetsa gore re motlotlo ka go bo ba dirile ka natla gore ba boele mo phuthegong le gore Jehofa le ene o motlotlo ka bone. Fa re tswa foo, re baya letlha le lengwe le re tlileng go ba etela ka lone gape.”

a Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela