LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 2 ts. 10-12
  • Se o Ka se Dirang Gore o Tshele Kwa Lefatsheng le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se o Ka se Dirang Gore o Tshele Kwa Lefatsheng le Lesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GORE O FALOLE O TSHWANETSE “GO ITSE” MODIMO
  • BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE KA METLHA
  • KOPA MODIMO GORE A GO THUSE
  • Se Modimo a se Dirileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • O ka Kgona Jang go Tshelela Ruri?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O ka Kgona go Tshela mo Lefatsheng le Lesha la Modimo la Kagiso
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 2 ts. 10-12

Se o Ka se Dirang Gore o Tshele Kwa Lefatsheng le Lesha

Mo setlhogong se se fetileng re ithutile gore Modimo o tlile go fedisa batho ba ba bosula mo lefatsheng, le mathata otlhe a a mo go lone. Ga re belaele gore seno se tlile go direga. Goreng? Ka gonne Lefoko la Modimo Baebele le a re:

“Lefatshe le a feta.”​—1 JOHANE 2:17.

Re a itse gore go tlile go nna le ba ba falolang ka gonne temana e e fa godimo ya Baebele e a re:

“Motho yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosakhutleng.”

Ka jalo, fa re batla go falola re tshwanetse go dira thato ya Modimo. Fa re batla go itse gore thato ya Modimo ke eng, re tshwanetse go mo itse pele.

GORE O FALOLE O TSHWANETSE “GO ITSE” MODIMO

Ditshwantsho: 1. Mooki o dutse fatshe o lapile e bile ga a itse gore a itire eng. 2. O tsere nako ya go ikhutsa mme o bona mmereki mmogo le ene a bala makasine a itumetse 3. Mmereki mmogo le ene o mmalela temana ya Baebele a o a mo naya karata ya jw.org.

Jesu o ne a re: “Ba tshwanetse go go itse, wena Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Johane 17:3) E le gore re falole le gore re tshelele ruri, re tshwanetse ‘go itse’ Modimo. Go mo itse ga se kgang ya go itse dilo di le mmalwa fela ka ene. Re tlhoka go nna ditsala tsa gagwe. Fa re batla go nna tsala le mongwe re tshwanetse go fetsa nako le ene. Go ntse fela jalo le ka Modimo. Akanya ka dilo di le mmalwa tse re di ithutang mo Baebeleng tse di ka re thusang go nna ditsala tsa gagwe.

Se re se ithutang mo Baebeleng

Mooki o kwa lapeng, o mo websaeteng ya jw.org.

Re ithuta gore Modimo o ne a batla gore re tshele mo Paradaiseng.

Modimo o ne a bopa Adame le Efa a bo a ba baya mo tshingwaneng e ntle ya Edene. Ba ne ba itekanetse, gape Modimo o ne a ba neile sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba tshele ba itumetse. Ba ne ba ka tshelela ruri fa ba ne ba ka tswelela e le ditsala tsa Modimo. Mme ba ne ba tlhopha go tlola taelo e e motlhofo e Modimo a neng a ba e neile.

Re ithuta lebaka la go bo re boga.

Fa Adame a ne a tlhopha go tlola molao wa Modimo, tshono ya go tshelela ruri e ne ya mo latlhegela e bo e latlhegela le batho botlhe mo lefatsheng. Baebele e a re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, mme boleo bo ne jwa tlisa loso. Ka jalo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” (Baroma 5:12) Fela jaaka batsadi ba ne ba ka fetisetsa bolwetse mo baneng ba bone, Adame o fetiseditse boleo mo baneng ba gagwe. Ka jalo, rotlhe re a tsofala re bo re swa.

Re ithuta gore Modimo o re thusitse jang.

Baebele e a re: “Modimo o ratile lefatshe thata mo a ileng a ntsha Morwawe yo o tshotsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Modimo o ne a romela Jesu gore a tle go re ntshetsa botshelo jwa gagwe e le thekololo. Rre mongwe yo o nang le dingwaga di le 86 wa kwa India yo leina la gagwe e leng Prabhakar, a re: “Seno se mpontsha gore Jehofaa o nthata thata. Tsela e a nthatang ka yone e dirile gore ke nne le tsholofelo ya gore ke tla tshelela ruri.”

Re ithuta gore re tshwanetse go dira eng go bontsha Modimo gore re lebogela dilo tse a re diretseng tsone.

Baebele e a re, re ka bontsha Modimo gore re lebogela dilo tse a re diretseng tsone ka go “ikobela ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 2:3) Jehofa o re bontsha gore ke eng se re ka se dirang gore re itumelele botshelo gone jaanong. (Isaia 48:17, 18) Ga a batle gore re boge. O re solofetsa gore fa re ka ikobela ditaelo tsa gagwe re tlile go itumelela botshelo gone jaanong le gore re tla nna le tshono ya go tshelela ruri.

BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE KA METLHA

Mooki o lebile kwa godimo fa a sena go bala Baebele ka nako ya gagwe ya boikhutso.

O ka kgona go falola bokhutlo jwa lefatshe fa o kopa Modimo gore a go thuse go dira thato ya gagwe

Re tlhoka go nna re ja dijo gore re kgone go tshela. Mme Jesu o ne a re: “Motho ga a tshwanela go tshela ka senkgwe fela, mme o tshwanetse go tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.”​—Mathaio 4:4.

Gompieno, Jehofa o bua le rona a dirisa Baebele. Fa re ithuta buka eno e e sa tshwaneng le epe, re ithuta gore Modimo o ile a dira eng, o dira eng gone jaanong le gore ke eng se a tlileng go se dira.

KOPA MODIMO GORE A GO THUSE

Ke eng se o ka se dirang fa o leka go ikobela ditaelo tsa Modimo mme go le thata go tlogela go dira dilo tse Modimo a re bolelelang gore ga di a siama? Fa go le jalo, go itse Modimo sentle ke gone go ka go thusang.

Akanya ka mosadi mongwe yo re tla mmitsang Sakura, yo o ne a rata go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Fa a simolola go ithuta Baebele, o ne a ithuta gore o tshwanetse go “Tshaba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bakorintha 6:18) Sakura o ne a rapela Modimo, a mo kopa gore a mo thuse go tlogela boitsholo jono jo bo sa siamang. Mme o ne a sa ntse a tlhoka go lwa le dikeletso tseo tsa gagwe. A re “Fa ke simolola go akanya ka dilo tseno ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse ka gonne ke itse gore nka se kgone go fenya dikakanyo tseo ka bonna fela. Go rapela go dirile gore ke atamalane le Jehofa.” Fela jaaka Sakura, batho ba le bantsi ba ithuta ka Modimo. O ba naya maatla a gore ba kgone go fetola matshelo a bone le gore ba tshele ka tsela e e mo itumedisang.​—Bafilipi 4:13.

Fa o ntse o ithuta ka Modimo le ene o tla go itse, o bo o nna tsala ya gagwe. (Bagalatia 4:9; Dipesalema 25:14) Mme seo se tla dira gore o kgone go tshela kwa lefatsheng le lesha. Go tla bo go ntse jang kwa lefatsheng le lesha? Re tla araba potso eno mo setlhogong se se latelang.

a Baebele e a re leina la Modimo ke Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela