BOTSHELO JWA BOKERESETE
Dikarolo Tse di Thusang mo Kgatisong ya Itumelele go Tshelela Ruri!
A o itumelela go dirisa dibidio le dipotso tse di mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!? O ikutlwa jang ka dikarolo tseno “Batho Bangwe ba Re,” “Leka go Dira Seno” le “Dintlha Tse Dingwe”? Ke dikarolo dife tse o akanyang gore di ka go thusa fa o ithuta Baebele le mongwe?—Mat 28:19, 20.
Dikgatiso: Fa e le gore o batla go tshwara thuto ya Baebele o dirisa buka e e gatisitsweng, o ka dira eng gore o bone dibidio tsotlhe le dikgatiso tse dingwe motlhofo? Mo bukeng ya ileketeroniki, tlhopha karolo e o e batlang mo go tse nnê. Mo karolong eo, ya kwa tlase ga ditlhogo tsa dithuto, o bo o tobetsa mo go kwadilweng dikgatiso tse di tlhagang mo karolong eo go bona dikgatiso tsotlhe. (Bona setshwantsho 1.)
Setting ya “Printed Edition”: Fa o ithuta le mongwe o dirisa sedirisiwa sa ileketeroniki, gongwe go ka nna molemo gore o dirise setting ya “Printed Edition” fa lo ntse lo ithuta. Fa o ntse o le mo thutong, tobetsa didoto tse tharo tse di fa godimo kafa mojeng, go tswa foo o bo o tobetsa “Printed Edition.” Fa o kgona go bona gore kgatiso eno e ntse jang fa e printilwe, seno se tla go thusa go bona gore ntlha e lo tlotlang ka yone e amana jang le setlhogo sa thuto. Fa o batla go boela kwa setting ya ileketeroniki, tobetsa didoto tse tharo gape, go tswa foo o bo o tobetsa “Digital Edition.”
“A ke Setse ke Siame?”: Mabokoso a a kwa bofelong jwa karolo 4 a umaka dilo tse di tlhokegang gore motho yo o ithutang Baebele a kgone go rera le go kolobediwa. (Bona setshwantsho 2.)
Dintlha Tse di Kwa Bofelong: Dintlha tse di kwa bofelong di na le tshedimosetso e e oketsegileng ka dintlha dingwe tse di botlhokwa. Buka ya ileketeroniki e na le linki kwa bofelong jwa ntlha nngwe le nngwe e e tla go busetsang kwa lo feleleditseng gone. (Bona setshwantsho 2.)
Fa motho yo o ithutang le ene a ka kolobediwa lo ise lo fetse go bala buka ya Itumelele go Tshelela Ruri!, lo tshwanetse go tswelela lo ithuta go fitlha a e fetsa. Fa a sena go kolobediwa, o ka tswelela o bega nako, maeto a go boela le thuto. Fa mmoledi mongwe a tsamaya le wena mme a nna le seabe mo thutong, le ene a ka bega nako eo.