LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 November ts. 3
  • Re Leboga Jehofa ka Tsela e lo Ratang ba Bangwe ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Leboga Jehofa ka Tsela e lo Ratang ba Bangwe ka Yone
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Itlwaetseng go Aba”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • “Madinyana a le Mabedi a Tshipi”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • “Beela Sengwe Kwa Thoko”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • “Mpho ya ga Jehofa”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 November ts. 3
Ditshwantsho: 1. Mokaulengwe o tsenya madi mo lebokosong la moneelo. 2. JW Box. 3. Bakaulengwe ba rulaganya gore go dirwe bidio.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Re Leboga Jehofa ka Tsela e lo Ratang ba Bangwe ka Yone

Bakeresete ba phuthego ya kwa Thesalonika ba ile ba bontsha Bakeresete ba bangwe lorato le fa ba ne ba kopana le dikgwetlho. (2Bt 1:3, 4) Gone jaanong batho ba ga Jehofa le bone ba bontsha bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe gore ba a ba rata. Ditlhogo tse di mo jw.org tse di ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone” di bontsha ditsela tse meneelo ya lona e ileng ya tshegetsa bakaulengwe mo dinakong tseno tse di thata. Re lo akgolela go bo lo rata ba bangwe le go bo lo le pelotshweu.

LEBANG BIDIO YA, “KA METLHA RE LEBOGA MODIMO KA LONA,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

• Ke ditiro dife tse meneelo ya rona e di tshegetsang?

• Ke tsela efe e e molemo thata e re ka e dirisang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang? —Bona gape le setlhogo se se mo jw.org se se reng “Meneelo e e Setseng e Thusa ba ba Tlhaelelwang”

ITHUTE GORE O KA NTSHA MENEELO JANG MO INTERNET

O ka ntsha meneelo jang go tshegetsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa? Mo app ya JW Library, tobetsa linki ya “Donations” e e kwa tlase. Mo dinageng di le dintsi, go na le linki ya setlhogo se se reng “Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang” (FAQ), mo go sone setlhogo seo go arabiwa dipotso tse gantsi di bodiwang ka go ntsha meneelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela