LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 November ts. 8
  • “Madinyana a le Mabedi a Tshipi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Madinyana a le Mabedi a Tshipi”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Leboga Jehofa ka Tsela e lo Ratang ba Bangwe ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • “Mpho ya ga Jehofa”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 November ts. 8
Motlholagadi o lebile madinyana a gagwe a mabedi pele a ntsha moneelo ka one.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Madinyana a le Mabedi a Tshipi”

Moneelo o motlholagadi mongwe a neng a o ntsha o ne o sa lekana gore a ka ithekela sengwenyana sa go ja. (Bona w08 3/1 12 ¶1-3) Mme gone, moneelo wa gagwe o ne o bontsha gore o rata Jehofa le gore o tsaya go obamela Jehofa go le botlhokwa. Mme se a neng a se ntshitse se ne se le tlhwatlhwakgolo mo go Rraagwe yo o kwa legodimong.—Mar 12:43.

LEBANG BIDIO YA, “MPHO YA GA JEHOFA,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Setshwantsho se se tlhagang mo bidiong ya ‘Mpho ya ga Jehofa.’ Meneelo e a ntshiwa gore go agiwe dikago tsa kobamelo.

    Meneelo e re e ntshang e thusa mo ditirong dife?

  • Setshwantsho se se tlhagang mo bidiong ya ‘Mpho ya ga Jehofa.’ Mosetsanyana o tsenya moneelo mo lebokosong kwa Holong ya Bogosi.

    Goreng meneelo ya rona e le botlhokwa le fa re sa ntsha madi a mantsi?

  • Setshwantsho se se tlhagang mo bidiong ya ‘Mpho ya ga Jehofa.’ Ditshwantsho: Meneelo e tshegetsa ditiro tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. 1. Ditiro tsa kwa Bethele. 2. Dikolo tsa Puso ya Modimo. 3. Thuso ya namolo. 4. Dikago tsa kobamelo. 5. Dikopano.

    O ka ithuta kae ka mekgwa ya go ntsha meneelo mo lefelong le o nnang mo go lone?—Bona lebokoso la, “Ithute Gore o ka Ntsha Meneelo Jang mo Internet”

ITHUTE GORE O KA NTSHA MENEELO JANG MO INTERNET

Mo app ya JW Library tobetsa linki ya, “Donations” e e kwa tlase. Fa o sena go tsena mo “Donations,” go na le linki e e nang le dikarabo tsa dipotso tse gantsi batho ba nang le tsone ka go ntsha meneelo mme go ikaegile mo lefelong le o nnang mo go lone. Bidio ya, Go Ntsha Meneelo o Dirisa Internet e bontsha ditsela tse di farologaneng tse di ka go thusang go ntsha meneelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela