BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Lo se Ka Lwa Tlhobaela”
Kwa Iseraele, Jehofa o ne a thusa batho ba ba humanegileng. Gompieno o thusa jang batlhanka ba gagwe ba ba humanegileng?
O re ruta gore re lebe madi ka tsela e e siameng.—Luk 12:15; 1Ti 6:6-8
O re ruta go itlotla.—Job 34:19
O re ruta gore re dire ka natla le gore re tile mekgwa e e sa siamang.—Dia 14:23; 20:1; 2Bk 7:1
O re neile bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba re ratang.—Joh 13:35; 1Jo 3:17, 18
O re neile tsholofelo.—Ps 9:18; Isa 65:21-23
Le fa maemo a rona a botshelo a ka nna thata jang, ga re a tshwanela go tlhobaela. (Isa 30:15) Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang fa fela re baya Bogosi jwa gagwe kwa pele. —Mat 6:31-33.
LEBANG BIDIO YA LORATO GA LO KE LO FELA LE FA . . . O HUMANEGILE—CONGO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang gaufi le mafelo a kopano ba ile ba bontsha jang gore ba rata bakaulengwe ba ba neng ba nna kgakala le mafelo ao?
Bidio eno e re ruta gore Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba humanegileng?
Re ka etsa Jehofa jang le fa re ka tswa re humile kgotsa re humanegile?