LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 5/1 ts. 4-7
  • Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso go Bahumanegi
  • Thuso ya go Itshokela Lehuma
  • Kgabagare go Tla bo go Sena Khumanego!
  • Khumanego e Tloga e Fela
    Tsogang!—1998
  • Latela Sekao sa ga Jesu Mme o Amege ka Bahumanegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Gaufi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Lehuma—Go Bona Tharabololo e e Nnelang Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 5/1 ts. 4-7

Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!

“SE BOIFENG, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe.” (Luke 2:10) Mafoko ano a a kgothatsang a ne a utlwiwa ke badisa ba ba neng ba gakgametse gaufi le Bethelehema mo bosigong jo Jesu o tshotsweng ka jone. Tumalanong le mafoko ano, Jesu o ne a bua “mafoko a a molemo” thata ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Gompieno, mafoko a a molemo kaga Jesu a ka re solegela molemo jang ka jaana re tlhoka madi thata gore re kgone go nna le dilo tse re di tlhokang?

Jesu Keresete o ne a rerela “bahumanegi Mafoko a a Molemo.” (Luke 4:18) Go ya ka Mathaio 9:35, “Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi.” Molaetsa wa gagwe o ne o kgothatsa bahumanegi thata. “Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Ke boammaaruri gore Jesu o ne a re, “bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe,” lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go swetsa ka gore mafoko ao a supa gore ga go na sepe se batlhoki ba ka se solofelang. (Johane 12:8) Fa fela tsamaiso eno e e boikepo e santse e le gone, bahumanegi ba tla aga ba le gone, go sa kgathalesege gore lehuma la bone le bakiwa ke eng. Lefoko la Modimo ga le itlhokomolose bahumanegi, mme gone, ga le rate go bua thata ka dilo tse di sa itumediseng. Go na le moo, le tlhagisa bahumanegi ka dilo tse di ka ba thusang go itshokela mathata a botshelo.

Thuso go Bahumanegi

Go ilwe ga nna ga twe: “Ga go na selo se se ka imelang motho go gaisa go itse gore ga go ope yo o amegang ka ene kana yo o tlhaloganyang seemo sa gagwe.” Gone mme, le mororo batho ba bantsi ba sa tshwenyege ka bahumanegi, ba tsholetswe mafoko a a molemo—gone jaanong le mo isagweng.

Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba ke ba itshwenya ka go thusa bahumanegi. Go ya ka The World Book Encyclopedia, batho bangwe ba dumela gore “mongwe le mongwe mo setšhabeng o a ikgaratlhela mme . . . ba ba botlhale ke bone ba nnang le maemo le go huma.” Batho bano ba ba dumelang kgang eno, e e bidiwang Thuto ya ga Darwin ya loago, ba tsaya gore batho ba ba humanegileng ba dirwa jalo ke botshwakga kana botlhaswa. Lefa go ntse jalo, batho ba ba berekang kwa dipolasing, babereki ba ba jakileng le ba bangwe, lefa ba duelwa madi a mannye thata, gantsi ba dira ka natla go fepa malapa a bone.

Mo dinageng di le dintsi lehuma ke selo se se tlwaelegileng. Ke gone ka moo bahumanegi ba teng ba bantsi ga ba dirwe gore ba ikutlwe e le batho ba ba paletsweng. Mme kwa dinageng tse di ntseng jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba tshelelang mo manobonobong ba le fa gare ga bahumanegi. Matlo a a manobonobo, a a jang madi a mantsi a bapile le ditakana tse di kgobelaneng ka batho e bile di se phepa. Banna ba ba amogelang madi a mantsi ba kgweetsa dikoloi tse di jang madi a mantsi mo mebileng e e tletseng batho ba ba sotlegang le ba ba tlhokang ditiro. Mo dinageng tse di ntseng jalo, bahumanegi ba bolaisiwa pelo ke lehuma la bone. Ruri, “ga se fela gore bahumanegi ba bogisiwa ke go se je dijo tse di otlang, go nna mo matlong a a sa itumediseng le go tlhoka dilo tse di siameng tsa kalafi, mme gape ba bogisiwa ke go tlhola ba tlhobaela ka maemo a ba leng mo go one,” go rialo The World Book Encyclopedia. “Ka gonne ba sa bone ditiro e bile ba sa kgone go di ngomaela fa ba di bone, seno se dira gore ba se ka ba itshepa le go itlotla.” Mme gone, batho bangwe ba ba humanegileng ba kgona jang go itshokela seemo sa bone? Mafoko a a molemo kaga Jesu a amana jang le go itshoka?

Sa ntlha, gakologelwa gore khumanego e ka gakadiwa ke mekgwa e e sa siamang. Ela tlhoko dikai dingwe. Valdecir o a dumela gore le mororo mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bannye ba ne ba na le dijo tse dinnye fela, o ne a senya madi ka ntlha ya boitshwaro jo bo maswe. A re: “Lefa ke ne ke bereka, ke ne ke tlhola ke sena madi, lefa go ntse jalo dikgetsana tsa me di ne di tlhola di na le dithekete tse di farologaneng tsa go betšha.” Ka ntlha ya go nwa thata le go goga, Milton o ne a jelwa kgwebo ka bahiriwa ba le 23. A re: “Ke ne ke fetsa masigo ke le mo mebileng, ke sa kgone go ya gae, mme lelapa la me le ne le boga tota ka ntlha ya me.”

João le ene o ne a senya madi ka ntlha ya mekgwa e e maswe. “Ke ne ke fetsa masigo ke se yo mo gae. Madi a ke neng ke a amogela a ne a sa lekana go duelela mekgwa ya me e e maswe le mekgape e mengwe. Seemo se ne sa nna maswe thata mo mosadi wa me a neng a batla gore re kgaogane.” Mo godimo ga mathata a gagwe a madi le a lenyalo o ne a na le a mangwe gape. A re: “Ke ne ke sa utlwane le ba losika le baagisani, mme segolobogolo ke ne ke na le mathata kwa mmerekong. Ka ntlha ya seno, ke ne ke tlhola ke lelekilwe mo meberekong.” Júlio o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi. Lefa go ntse jalo, o tlhalosa jaana: “E re ka madi a ke neng ke a amogela a ne a sa lekana go reka diokobatsi tseno, ke ne ka simolola go bereka ke le mogwebi wa diokobatsi gore ke se ka ka tlhola ke di reka.”

E re ka José a ne a goletse mo lelapeng le le humanegileng la bana ba le robedi, o ne a batla gore le ene a nne le sengwe. Ka jaana a ne a akanya gore a ka se tsene mo mathateng, ene le basha bangwe ba ne ba simolola go tseela batho dilo ka dikgoka. Ka ntlha ya go tlhoka, mosha mongwe o ne a nna leloko la segongwana sengwe sa dikebekwa se se bidiwang Bomathubatlhogo. O tlhalosa jaana: “E re ka bontsi jwa rona re ne re humanegile thata, re ne re itumelela go thubela batho le go ba tlhasela.”

Lefa go ntse jalo, gompieno banna bano le malapa a bone ga ba tlhole ba na le bothata jwa go itlhoboga kana go nna le boikutlo jwa go galefa le go nna ba sa itumela. Ga ba tlhole ba itlhobogile le go tlhoka tsholofelo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ile ba ithuta mafoko a a molemo a Jesu o neng a a rera. Ba ile ba dirisa kgakololo ya Baebele ba bo ba itsalanya le batho ba ba akanyang dilo jalo mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. E bile ba ne ba ithuta dilo tse di botlhokwa thata kaga khumo le lehuma.

Thuso ya go Itshokela Lehuma

Sa ntlha, ba ile ba ithuta gore fa motho a dirisa melaometheo ya Baebele, a ka kgona go fokotsa maemo a a sa itumediseng a khumanego. Baebele e kgala boitsholo jo bo maswe, botagwa, go betšha le go sa dirise diokobatsi sentle. (1 Bakorinthe 6:9, 10) Dilo tse di ntseng jalo di senya madi tota. Di ka dira gore mohumi a humanege le gore mohumanegi a humanege thata. Fa motho a tlogela mekgwa e e ntseng jalo e e maswe le e mengwe e e tshwanang le yone a ka tokafatsa maemo a tsa madi a lelapa la gagwe thata.

Sa bobedi, ba ile ba lemoga gore go na le dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong go gaisa khumo. Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a supa pono e e lekalekaneng: “Botlhale ke phemelo, fela jaaka madi e le phemelo; molemo o o gaisang wa kitso, ke go re botlhale bo boloka botshelo jwa yo o nang najo.” (Moreri 7:12) Ee, madi a botlhokwa. Lefa go ntse jalo, botlhale le kitso tse di tswang mo Baebeleng tse di kaga maikaelelo a Modimo di botlhokwa go a gaisa. Eleruri, motho yo o nang le madi a mantsi mme a sena botlhale a ka tshwana fela le yo o senang sepe. Mokwadi wa Baebele o ne a rapela jaana ka botlhale: “O se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng; nka tla ka kgora, mme ka go itatola, ka re: ‘Jehofa e mang?’ Kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.”—Diane 30:8, 9.

Sa boraro, ba ne ba lemoga gore fa motho a tshela tumalanong le mafoko a a molemo a Jesu a neng a a rera, ga a kitla a ikutlwa a latlhilwe. Mafoko ano a a molemo a bolela ka Bogosi jwa Modimo. Molaetsa ono o bidiwa gore ke ‘mafoko a a molemo, a bogosi,’ mme mo motlheng ono wa rona a rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Jesu o ne a re bolelela gore re tla engwa nokeng fa re ka baya tsholofelo ya rona mo Bogosing joo. O ne a re: “Batlang pele bogosi jwa [Modimo] le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Modimo ga o re solofetse dikoloi tsa maratagolejwa kana matlo a a manobonobo. Jesu o ne a bua ka dilo tsa botshelo tse re di tlhokang tota, dilo tse di jaaka dijo le diaparo. (Mathaio 6:31) Mme dimilionemilione tsa batho gompieno di ka ntsha bosupi jwa gore se Jesu a neng a se solofetsa se boammaaruri. Ga go na motho ope yo o ka ikutlwang a latlhegile fa a ka dira gore Bogosi e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe, tota lefa e le yo o humanegileng jang.

Sa bonè, ba ne ba lemoga gore motho yo o dirang Bogosi jwa Modimo go nna selo se se botlhokwa ga a fekeediwe ke mathata a madi. Ee, motho yo o humanegileng o tshwanelwa ke go bereka ka natla. Lefa go ntse jalo, fa a direla Modimo, o nna le botsala jo bo sa tshwaneng le bope le Mmopi yo Baebele e buang jaana ka ene: “Gonne ga a a nyatsa, le fa e le go feretlhwa ke patikego ya mopatikwi; le gone ga a a mo subela sefatlhogo sa gagwe; mme o rile a mo ikuela, a utlwa.” (Pesalema 22:24) Mo godimo ga moo, motho yo o humanegileng o na le ko a ka bonang thuso gone gore a itshokele mathata a botshelo. O itumelela go tsalana ka lorato le Bakeresetekaene e bile o na le kitso le tsholofelo mo dilong tse Jehofa a ratang go di dira. Dilo tse di ntseng jalo “di eletsega bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e ntsi, e e bontle bogolo.”—Pesalema 19:10.

Kgabagare go Tla bo go Sena Khumanego!

Sa bofelo, batho ba ba utlwang mafoko a a molemo ba ithuta gore Jehofa Modimo o ikaeletse go rarabololela ruri mathata a khumanego a dirisa Bogosi jwa gagwe. Baebele e solofetsa jaana: “Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng.” (Pesalema 9:18) Bogosi ke puso ya mmatota, e e tlhomilweng kwa legodimong e Jesu Keresete e leng Mmusi wa yone. Go ise go ye kae, Bogosi joo bo tla tsaya marapo mo dipusong tsa batho gore e nne jone bo laolang dikgang tsa batho. (Daniele 2:44) Morago ga moo, Jesu jaaka Kgosi e e tlhomilweng, “o tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:13, 14.

Fa Mika 4:3, 4 e bua e lebisitse kwa nakong eo, ya re: “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo [o] se buile.” Go buiwa ka bomang fano? Ee, go buiwa ka botlhe ba ba ikobelang Bogosi jwa Modimo. Bogosi joo bo tla rarabolola mathata otlhe a a tlhokofatsang batho—tota le mathata a malwetsi le loso. “[O tla kometsa] loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe.” (Isaia 25:8; 33:24) A bo e tla bo e le lefatshe le le farologaneng thata jang ne! Mme gakologelwa, re ka dumela ditsholofetso tseno ka gonne di tlhotlheleditswe ke Modimo ka boene. A re: “Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.”—Isaia 32:18.

Go baya tsholofelo mo Bogosing jwa Modimo go dira gore motho a fenye boikutlo jwa go se itshepe jo gantsi bo bakwang ke khumanego. Mokeresete yo o humanegileng o a itse gore mo matlhong a Modimo o botlhokwa fela jaaka Mokeresete yo o humileng. Modimo o ba rata botlhe ka tsela e e tshwanang e bile botlhe ba na le tsholofelo e e tshwanang. Botlhe ba tlhoafaletse nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le khumanego mo Bogosing jwa Modimo. A bo eo e tla bo e le nako e e itumedisang jang ne! Kgabagare, go tla bo go sa tlhole go na le mohumanegi!

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

O senyetsang madi ka go betšha, go goga, go nwa thata, go sa dirise diokobatsi sentle kgotsa go tshela botshelo jo bo maswe?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa Modimo o tla dirisa Bogosi go rarabolola mathata a batho a go humanega

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela