LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 December ts. 7
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Fetofetoga le Maemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Fetofetoga le Maemo
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Tlhaloganyo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Kafa o ka Baakanyetsang go Buelela Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Tlotla le Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Bontsha Batho Gore o Amega ka Bone—Ka go Fetofetola Puisano ya Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 December ts. 7
Bokgaitsadi ba babedi ba rerela monna yo o nang le leruo ba dirisa di-tablet tsa bone.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona Mo Bodireding—Go Fetofetoga le Maemo

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku tse dingwe ba laletsa batho botlhe gore ba “tseye metsi a botshelo mahala.” (Tsh 22:17) Metsi ano a tshwantshetso a emela dilo tse Jehofa a tlamelang batho ba ba mo ikobelang ka tsone gore ba gololwe mo boleong le mo losong. Gore re kgone go thusa batho ba ditso le madumedi a a farologaneng, re tshwanetse go ba rerela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” ka tsela e e tla ba amang pelo.—Tsh 14:6.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tlhopha setlhogo kgotsa temana e batho ba mo tshimong ya lona ba ka e ratang. O ka nna wa dirisa nngwe ya dipuisano tse di mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi kgotsa o ka dirisa setlhogo se o kileng wa se dirisa mme sa go berekela. Ba rata ditemana dife e bile ba rata go bua ka eng? A go na le dikgang dingwe tsa bosheng tse batho ba buang thata ka tsone? Ke eng se borre ba ratang go bua ka sone? Ke eng se bommê ba ratang go bua ka sone?

  • Fa o tlotla le motho mo dumedise ka tsela e e tlwaelegileng o bo o bua ka dilo tse di tlwaelegileng mo lefelong leo.—2Bak 6:3, 4

  • Itlwaetse dikgatiso le dibidio tse di mo Lebokosong la Rona la go Ruta gore o kgone go di bontsha batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa rona

  • Downloada tshedimosetso ka dipuo tsa batho ba o ka ba fitlhelang mo tshimong ya lona

  • Fetola setlhogo sa gago mme o dirise se se tshwanelang maemo a mong wa ntlo. (1Bak 9:19-23) Ka sekai, o ne o ka reng fa motho yo o mo rerelang a go bolelela gore o tlhokafaletswe ke mongwe?

LEBANG BIDIO LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mmoledi o ne a bua ka eng fa a simolola go bua le mong wa ntlo?

  • Mong wa ntlo o ne a tshwenyegile ka eng?

  • Ke temana efe e e neng e ka tshwanela maemo ano, mme goreng o rialo?

  • O ka fetola puisano ya gago jang gore batho ba o ba rerelang, ba kgatlhegele molaetsa o o o rerang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela