Bontsha Batho Gore o Amega ka Bone—Ka go Fetofetola Puisano ya Gago
1 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhoma sekao se se molemo tota sa go fetofetola puisano ya gagwe fa a buisana le batho ka dikgang tse di molemo gore e tsamaisane le maemo a bone le tsela e ba akanyang ka yone. (1 Bakor. 9:19-23) Le rona re tshwanetse go leka ka natla go dira jalo. Fa re le kelotlhoko, gantsi re ka kgona go fetola dipuisano tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi gore di tsamaisane le maemo a batho ba ba mo tshimong ya rona. Fa re atamela kgoro, go ka nna ga direga gore re bone dilo dingwe tse di re nayang lesedinyana la gore mong wa ntlo o kgatlhegela dilo dife mme re bo re tsenyeletsa dilo tseo mo puisanong ya rona le ene. Le fa go ntse jalo, go na le tsela e nngwe gape e re ka fetofetolang puisano ya rona ka yone mo bodireding.
2 O se Ka wa Fapoga se Mong wa Ntlo a se Buang: Fa re bolelela batho dikgang tse di molemo, gantsi re botsa beng ba matlo potso re bo re ba kopa gore ba e arabe. O leba jang karabo ya gagwe? A o e amogela o feta fela o bo o tswelela ka motlotlo o o tlileng ka one? Kgotsa a se o se buang se bontsha gore o akanyeditse karabo ya mong wa ntlo? Fa o bontsha batho ba bangwe gore tota o kgatlhegela se ba se buang, o ka nna wa kgona go ba botsa dipotso tse dingwe gape ka botlhale malebana le se ba se buileng go bona gore ke eng se ba se akanyang. (Dia. 20:5) Fa o dira jalo, o tla kgona go tlotla le bareetsi ba gago ka molaetsa wa Bogosi o o amanang le dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone.
3 Seno se raya gore re tshwanetse go iketleeletsa go bua ka dilo tse dingwe e seng go tswelela fela ka motlotlo o re tlileng re o baakanyeditse. Fa re simolola ka go umaka bothata bongwe jo go ntseng go buiwa ka jone mo dikgannyeng mme mong wa ntlo ene a bo a umaka bothata bongwe bo sele jo bo mo lefelong la bone kgotsa jo bo mo amang ka tlhamalalo, go batla go mo thusa go tla re tlhotlheletsa gore re dire gore motlotlo wa rona wa Baebele e nne o o buang ka bothata joo jo a nang najo.—Bafil. 2:4.
4 Go Fetofetola Puisano ya Rona: Fa mong wa ntlo a botsa potso, re ka nna ra go fitlhela go le molemo gore re tsweletse motlotlo mo nakong e e tlang fa re sena go batla tshedimosetso e nngwe e e amanang le kgang eo. Gape, re ka nna ra mo naya dikgatiso tse di tlotlang ka mo go tseneletseng ka kgang eo. Seno sotlhe se tla bo se bontsha gore tota re batla go thusa batho ba bangwe gore ba itse Jehofa.—2 Bakor. 2:17.