MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 BAKORINTHA 4-6
“Ga re Ineele”
A re dire sekai ka malapa a mabedi a a nnang mo matlong a a onetseng, a a lebegang e le matlotla. Lelapa le lengwe le kgobegile marapo mme le lengwe le itumetse. Goreng go ntse jalo? Lelapa le le itumetseng le tloga le fudugela mo ntlong e ntle tota.
Le fa batho mo lefatsheng lotlhe ba boga e bile ba le “mo botlhokong,” batlhanka ba Modimo bone ba itumetse ka gonne ba na le tsholofelo. (Bar 8:22) Mathata a re lebanang le one gone jaanong, ke a ‘nakwana e bile a motlhofo’ ka gonne re a itse gore mo nakong e e tlang re tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha. Fa re nna re akantse ka masego a Modimo a re solofeditseng one re tla itumela e bile ga re na go ineela.