Lelapa la Bokeresete le Dira Dilo Mmogo
“Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, . . . lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—1 BAKORINTHA 1:10.
1. Malapa a le mantsi a eme jang malebana le kutlwano?
A LELAPA la gago le a utlwana? A kana go lebega mongwe le mongwe a itirela maratwaepelo? A lo dira dilo mmogo? A kana lo ka welwa fela lo le felo go le gongwe ka nako e le nngwe fela? Lefoko “lelapa” ka bolone le kaya maloko a a kitlaneng a ba ntlo nngwe.a Lefa go ntse jalo, ga se malapa otlhe a a utlwanang. Motlhatlheledi mongwe wa Moboritane o ne a ba a re: “Go na le gore le nne motheo wa mokgatlho o o siameng wa batho, lelapa . . . ke motswedi wa go sa kgotsofale gotlhe ga rona.” A lelapa la gago le ntse jalo? Fa e le gore le ntse jalo, a gone le tshwanetse go nna jalo?
2. Ke batho bafe ba ba bolelwang mo Bibeleng ba ba ileng ba bontsha gore ba tswa mo malapeng a a siameng?
2 Gore a lelapa le a utlwana kana ga le utlwane gantsi go ikaega ka tsela e le etelelwang pele ka yone, lefa e ka tswa e le ke batsadi ba le babedi kana a le mongwe fela. Mo metlheng ya Bibela, malapa a a utlwanang ao a neng a obamela mmogo a ne a segofadiwa ke Jehofa. Go ne ga direga jalo kwa Iseraele wa bogologolo, koo morwadia Jafetha, Samesone, le Samuele, ba neng ba bontsha gore ba tswa mo lelapeng la bomodimo, botlhe ba bontsha seo ka ditsela tse di farologaneng. (Baatlhodi 11:30-40; 13:2-25; 1 Samuele 1:21-23; 2:18-21) Mo metlheng ya bogologolo ya Bokeresete, Timotheo, mopati wa ga Paulo yo o ikanyegang mo maetong mangwe a ga Paulo a borongwa, o ne a godisitswe ka kitso ya Dikwalo tsa Sehebera ke mmaagwemogolo ebong Loise le mmaagwe ebong Eunike. Abo a ne a nna morutwa le morongwa yo o tlhomologileng jang ne!—Ditihō 16:1, 2; 2 Timotheo 1:5; 3:14, 15; bona le Ditihō 21:8, 9.
Ke Eng Fa Lo Tshwanetse go Dira Dilo Mmogo?
3, 4. (a) Go tshwanetse ga bonala dinonofo dife mo lelapeng le le utlwanang? (b) Legae le ka nna sengwe se se fetang ntlo fela e e sa reng sepe jang?
3 Ke eng fa go le mosola gore malapa a dire dilo mmogo? Ka gonne go dira gore maloko a tlhaloganyane a bo a tlotlane. Go na le go ithuhula mongwe mo go yo mongwe, re nna re atamelana le go tshegetsana. Setlhogo sengwe sa bosheng mo lokwalopakeng lwa Family Relations se ne sa bolela jaana: “Go setse go na le tlhaloso e e phepafetseng botokanyana e e tlhalosang gore dinonofo tse di kgethegileng tsa ‘malapa a a nonofileng’ ke dife. Dinonofo tseo di akaretsa go ineela mongwe go yo mongwe le go anaanelana, go ikutlwa lo atamelane, go buisana sentle, go kgona go rarabolola mathata, le go nonofa semoyeng.”
4 Fa go na le dinonofo tse di ntseng jalo mo lelapeng, legae ga le sa tlhole le tshwana le kwa go tshelwang peterolo gone, lefelo le o emang kwa go lone gore o tshele mafura. Ga se ntlo fela e e sa reng sepe. Ke lefelo le le ipiletsang le le gogelang maloko a lelapa. Ke botshabelo jo bo nang le lorato le maikutlo, kutlwelobotlhoko, le kutlwisiso. (Diane 4:3, 4) Ke sentlhaga se go fitlhelwang kutlwano ya lelapa mo go sone, e seng mosima wa phepheng o o tletseng kgotlhang le kgaogano. Mme lefa go ntse jalo seno se ka dirwa jang?
Go Dira Thuto ya Lelapa Mmogo
5. Re dirisa eng gore re tle re ithute kobamelo ya boammaaruri?
5 Re ithuta kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri ka go dirisa kgono ya rona ya go akanya, kana “maatla a go baya mabaka.” (Baroma 12:1, NW) Boitshwaro jwa rona ga bo a tshwanela go laolwa ke go tseega maikutlo ga nakwana jaaka mo go bakwang ke dithero tse di dirwang ka botswerere le ka thelelo tsa mekgatlho ya bodumedi e e rerang mo thelebisheneng. Go na le moo, re tlhotlhelediwa ke thuto ya rona ya ka metlha ya Bibela le ke dibuka tsa go ithuta Bibela tse di neetsweng ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le go tlhatlhanya ka tsone. (Mathaio 24:45) Ditiro tsa rona tsa Bokeresete di nna gone ka ntlha ya go bo re nna le mogopolo wa ga Keresete fa re le mo boemong kana mo thaelong nngwe le nngwe e e ka tsogang. Mo ntlheng eo, Jehofa ke Morutisi wa rona yo Mogolo.—Pesalema 25:9; Isaia 54:13; 1 Bakorintha 2:16.
6. Re na le sekao sefe sa mo lefatsheng lotlhe sa thuto ya lelapa?
6 Thuto ya lelapa ya Bibela e na le seabe sa botlhokwa mo bomoyeng jwa lelapa lengwe le lengwe la Bokeresete. Lo tshwara thuto ya lona ya lelapa leng? Fa e le gore ga lo a e rulaganyetsa kana lo tshogana fela ka lo dirile tshwetso ya go ithuta, he e tshwanetse ya bo e sa tshwarwe ka metlha, fa e le gore gone e a tle e tshwarwe. Gore lo tshware thuto ya lelapa mmogo go tlhoka thulaganyo ya ka metlha, e e tlhomilweng. Fa go ntse jalo botlhe ba itse gore ba tshwanetse gore ba bo ba le teng ka letsatsi lefe le ka ura efe gore ba tle ba ipelele maitiso a semoya jaaka lelapa. Maloko a a fetang 12 000 a lelapa la Bethele la lefatshe lotlhe a itse gore thuto ya bone ya lelapa e ka Mantaga maitseboa. Abo go itumedisa baithaopi bano ba kwa Bethele jang ne go gopola gore botlhe ba bala thuto e le nngwe fela fa letsatsi le wela, kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific le New Zealand, go ya le mo Australia, Japane, Taiwan, Hong Kong, go tswa foo le go tsenelela mo Asia, Afrika, le Yuropa, mme labofelo le mo dinageng tsa kwa Amerika. Le mororo ba katologane ka dikilometara di le diketekete e bile ba kgaogane ka dipuo tse dintsintsi, thuto eno ya lelapa e tlhotlheletsa maloko a lelapa la Bethele gore a ikutlwe a dira dilo mmogo. Lefa e tla bo e le ka selekanyo se sepotlana, lo ka tlhagolela boikutlo jo bo ntseng jalo ka thuto ya lona ya lelapa.—1 Petere 2:17; 5:9.
7. Go ya ka Petere, re tshwanetse ra leba lefoko la boammaaruri jang?
7 Moaposetoloi Petere o re gakolola jaana: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna; Ke raea ha e rile lo mo lekeletsa loa hitlhèla Morèna a le pelochweu.” (1 Petere 2:2, 3) Abo Petere a tlhalosa ka tsela e e kgatlhang jang ne ka mafoko ao! O dirisitse lediri la Segerika eleng e·pi·po·theʹsa·te, leo Linguistic Key to the Greek New Testament e tlhalosang gore le tswa mo lefokong le le kayang “go tlhoafalela, go meletsa mathe, go eletsa.” Go kaya go nna le keletso e e boteng. A o lemogile kafa phologolo e e santseng e le nnye e batlang thoba ya lebele la ga mmaayo ka tlhagafalo ka gone le kafa lesea le kgotsofalang ka gone fa le anya mo go mmaalone? Re tshwanetse ra eletsa lefoko la boammaaruri ka tsela e e ntseng jalo. Mokanoki wa Mogerika ebong William Barclay o ne a bolela jaana: “Mo Mokereseteng wa mmatota, go ithuta lefoko la Modimo ga se tiro e e bokete mme go na le moo ke sengwe se se itumedisang, ka gonne o itse gore ka gone pelo ya gagwe e tla tlamelwa ka se e se tlhoafaletseng.”
8. Tlhogo ya lelapa o lebanwa ke tiro efe fa a tsamaisa thuto ya lelapa?
8 Thuto ya lelapa e naya tlhogo ya lelapa boikarabelo jo bogolo. O tshwanetse a tlhomamisa gore thuto ya lelapa e nna e e kgatlhisang botlhe le gore botlhe ba ka nna le seabe. Bana ga ba a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore tota thuto ke ya bagolo fela. Boleng jwa thuto bo botlhokwa thata go feta selekanyo sa tshedimosetso e e ithutiwang. Dira gore Bibela e nne le botshelo. Fa go tlhokegang gone, thusa bana ba gago gore ba bone ka matlho a mogopolo mafelo le dikarolo tsa Palasetina koo ditiragalo tse go buiwang ka tsone di neng di diragala kwa go tsone. Botlhe ba tshwanetse ba kgothadiwa gore ba itirele patlisiso bone ka namana mme ba e abelane le lelapa. Ka go dira jalo bana le bone ba ka ‘golela fa pele ga Jehofa.’—1 Samuele 2:20, 21.
Go Rera Mmogo
9. Go ka dirwa jang gore tiro ya go rera e nne sengwe se lelapa le itumelelang go se dira?
9 Jesu o ne a re: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mareko 13:10) Mafoko ao a neela Mokeresete mongwe le mongwe yo o laolwang ke segakolodi thomo—go rera, go abelana le ba bangwe mafoko a a molemo a puso ya Bogosi jwa Modimo. Go dira seno mmogo jaaka lelapa e ka nna boitemogelo jo bo kgothatsang le jo bo itumedisang. Bommabana le borrabana ba itumelela tsela e bana ba bone ba neelang mafoko a a molemo ka yone. Banyalani bangwe ba ba nang le barwa ba le bararo ba dingwaga tse di fa gare ga 15 le 21 ba bolela gore ga ba bolo go nna le mokgwa wa go tsamaya le bana ba bone mo tirong ya go rera Laboraro mongwe le mongwe morago ga sekolo le Matlhatso mongwe le mongwe mo mosong. Rre o ne a re: “Re ba ruta sengwe nako le nako. Mme re tlhomamisa gore e nna boitemogelo jo bo monate, jo bo itumedisang.”
10. Batsadi ba ka solegela bana ba bone molemo jang mo bodiheding?
10 Go dira mmogo jaaka lelapa fa lo rera le fa lo ruta go ka nna le melemo e mentsi tota. Ka dinako tse dingwe batho ba arabela botoka fa ngwana a fa thero ya gagwe e e motlhofo mme e le e e tswang pelong. Mme, Mama kana Papa o a bo a le teng gore a thuse fa go tlhokega. Batsadi ba ka tlhomamisa gore bana ba bone ba tswelela pele ba thapisiwa ka jalo ba nne badiredi ‘ba ba sa tlhabiseweng ke sepe ditlhong, ba bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.’ Go rera mmogo ka tsela eno go letla batsadi gore ba ele tlhoko boikutlo jwa ngwana wa bone, tsela e a dirang ka yone, le maitseo a gagwe a mantle mo bodiheding. Ka go nna le thulaganyo ya ka metlha, ba bona kafa ngwana a gatelang pele ka gone mme ba mo thapisa ka metlha le go mo kgothatsa gore ba nonotshe tumelo ya gagwe. Ka nako e e tshwanang, bana le bone ba bona gore batsadi ba bone ke dikao tse di molemo mo bodiheding. Mo metlheng eno e e maswe le e e tletseng bothubaki, go dira jaaka lelapa le le utlwanang le le ratanang go ka nna ga bo ga nna tshireletso mo mafelong a a tletseng bokebekwa.—2 Timotheo 2:15; Bafilipi 3:16.
11. Ke eng se se ka fokotsang go tlhagafalela boammaaruri ga ngwana motlhofo fela?
11 Bana ba kgona go bona motlhofo fa bagolo ba sa tshele ka tsela e e tlhamaletseng. Fa batsadi ba sa bontshe go rata boammaaruri ka mmatota le bodihedi jwa ntlo le ntlo, ba ka se solofele gore bana bone ba nne matlhagatlhaga. Ka jalo, motsadi yo o nang le botsogo jo bontle mme nako e le yosi fela e a dirang tirelo ya tshimo e le fa a tshwere thuto ya beke le beke ya Bibela le bana ba gagwe a ka bona diphelelo tse di seng monate fa bana bao ba gola.—Diane 22:6; Bafesia 6:4.
12. Malapa mangwe a ka segofadiwa jang ka mo go kgethegileng ke Jehofa?
12 Mosola wa gore re “nnè pelo ñwe hèla” ke gore gongwe lelapa le ka dirisana mmogo gore bogolo leloko le le lengwe fela la lelapa le kgone go direla jaaka modihedi wa mmulatsela wa nako e e tletseng mo phuthegong. Malapa a le mantsi mo lefatsheng lotlhe a dira jalo, mme botlhe ba segofadiwa ka maitemogelo le go nna le bokgoni mo go oketsegileng ga leloko le le bulang tsela.—2 Bakorintha 13:11; Bafilipi 2:1-4.
Go Rarabolola Mathata Mmogo
13, 14. (a) Ke maemo afe a a ka amang kutlwano ya lelapa? (b) Mathata a le mantsi a lelapa a ka tilwa jang?
13 Mo metlheng eno e e thata ya go “sulafala maikutlo” le “kotsi,” rotlhe re ikutlwa re gateletswe. (2 Timotheo 3:1, Revised Standard Version; Phillips) Go na le mathata kwa tirong, kwa sekolong, mo mebileng, le gone mo legaeng tota. Ba bangwe ba na le botsogo jo bo sa iketlang kana mathata a boikutlo a a tsayang lobaka lo loleele, ao ka dinako tse dingwe a bakang go tlhoka kutlwano le diphapaang mo lelapeng. Go ka dirisanwa le maemo a a ntseng jalo jang? A ke gore mongwe le mongwe a itidimalele? Ka go itomolola mo go ba bangwe lefa lo nna mo legaeng le le lengwe fela? Nnyaa. Go na le moo, re tlhoka go bua dilo tse re tshwenyegileng ka tsone re bo re kope thuso. Mme ke lefelo lefe le le ka tshwanelang seno go gaisa lelapa la batho ba ba lorato?—1 Bakorintha 16:14; 1 Petere 4:8.
14 Jaaka ngaka nngwe le nngwe e itse, go thibela bolwetsi go botoka go na le go bo fodisa. Go ntse jalo le ka mathata a lelapa. Go buisana ka phuthologo le ka tlhamalalo gantsi go ka thibela mathata gore a se ka a kekela. Lefa mathata a a masisi a ka tsoga, go ka lebanwa le one a ba a rarabololwa fa lelapa le tlhatlhoba mmogo melaometheo ya Bibela e e dirang mo go one. Gantsi kgotlhang e ka fetolwa kamano e e itumetseng ka go dirisa mafoko a ga Paulo a a mo go Bakolosa 3:12-14: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; . . . Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”
Go Itlosa Bodutu Mmogo
15, 16. (a) Ke nonofo efe e e tshwanetseng ya tlhaola malapa a Bokeresete? (b) Ditumelo dingwe di tlhagisa batho ba ba ntseng jang, mme ka ntlha yang?
15 Jehofa ke Modimo o o itumetseng, mme boammaaruri ke molaetsa o o itumedisang—o o nayang batho tsholofelo. Mo godimo ga moo, lengwe la maungo a moya ke boitumelo. Boitumelo jono bo farologana thata le go ipela ga nakwana ga moatleletiki yo o fenyang motshameko mongwe o go gaisanwang mo go one. Ke boikutlo jo bo kwa teng jo bo tsayang lobaka jwa go kgotsofala jo bo penologang mo pelong ka ntlha ya go tlhagolela kamano e e gaufiufi le Jehofa. Ke boitumelo jo bo theilweng mo dinonofong tsa semoya le mo dikamanong tse di agelelang.—Bagalatia 5:22; 1 Timotheo 1:11.
16 Ka jalo, jaaka Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa, ga re na lebaka lepe la gore re sulafalelwe kana re nne re ngadile. Ditumelo dingwe di nna le batho ba ba ntseng jalo ka gonne mofuta wa tumelo ya bone o gatelela dintlha tse di sa itumediseng. Dithuto tsa bone di felela ka mofuta wa kobamelo e e hutsafatsang, e e senang sepe se se itumedisang, e bile e sa theiwa mo Bibeleng le gone e sa lebe dilo ka tekatekano. Ga di tlhagise malapa a a itumetseng mo tirelong ya Modimo. Jesu o ne a bona kafa go tlhokegang ka gone go intsha bodutu le go itapolosa. Ka sekai, ka lekgetlo lengwe, o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba “[tswele] kwa thokō kwa go senañ batho, me [ba] itapolosè ka lobakanyana.”—Mareko 6:30-32; Pesalema 126:1-3; Yeremia 30:18, 19.
17, 18. Malapa a Bokeresete a ka itlosa bodutu ka ditsela dife tse di tshwanelang?
17 Malapa le one a tlhoka nako ya go intsha bodutu. Motsadi mongwe o ne a bolela jaana kaga bana ba gagwe: “Re dira dilo di le dintsi tse di monate mmogo—go ya kwa lotshitshing lwa lewatle, go tshameka bolo kwa parakeng, le go rulaganya gore re nne le pikiniki kwa dithabeng. Gangwe le gape, re nna le ‘letsatsi la go bula tsela’ mmogo mo bodiheding; go tswa foo re bo re keteka ka dijo tse di kgethegileng, mme gongwe re bo re fane dimpho.”
18 Batsadi gape ba ka akanyetsa dilo tse di tshwanang le go eta jaaka lelapa go ya kwa lefelong la diphologolo, kwa diparakeng tse di nang le ditshamekisiwa, kwa dimusiamong, le kwa mafelong a mangwe a a kgatlhisang. Go tsamaya mo sekgweng, go lebelela dinonyane, le go bereka mo tshingwaneng ke ditiro tse di ka dirwang mmogo ka boitumelo. Gape batsadi ba ka kgothaletsa bana ba bone gore ba ithute go tshameka seletswa sengwe sa mmino kana ba dire tiro nngwe ya go intsha bodutu e e dirwang ka diatla. Kwantle ga pelaelo, batsadi ba ba dirang dilo ka tekatekano ba tla ipha nako ya go tshameka le bana ba bone. Fa malapa a tshameka mmogo, go tla nna motlhofo gore ba nne ba le mmogo!
19. Ke tlwaelo efe ya mo malatsing ano e e ka gobatsang lelapa?
19 Mo malatsing ano basha ba rata gore ba katoge malapa a bone mme ba dire se bone ba se batlang fa go tliwa mo kgannyeng ya boitlosobodutu. Lefa gone go sa re sepe gore mosha a nne le se ene a ratang go se dira go intsha bodutu ka sone, go tla bo go se botlhale go letla dilo tseo tse a di ratang gore di mo kgaoganye le lelapa go ya go ile. Go na le moo, re batla go dirisa molaomotheo o o boletsweng ke Paulo a re: ‘O se ka wa tlhokomela dilo tse e leng tsa gago fela mme o tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’—Bafilipi 2:4.
20. Dikopano tse dikgolo le tse dipotlana e ka nna dinako tse di itumedisang jang?
20 Abo go re itumedisa rotlhe jang ne go bona malapa a ntse mmogo kwa dikopanong tse dikgolo le tse dipotlana! Ka tsela e e ntseng jalo bana ba bagolwane gantsi ba kgona go thusa go tlhokomela ba babotlana. Thulaganyo e e ntseng jalo gape e thibela mokgwa wa basha ba dingwaga tsa bolesome wa gore ba tswe ka ditlhophana ba ye go nna kwa meleng e e kwa moragorago mme ba bo ba sa reetse thulaganyo ya kopano ka kelotlhoko. Le gone go ya kwa dikopanong kana go boa kwa go tsone go ka itumedisa fa go buisanwa le lelapa gore go tla tsewa tsela efe, gore go tla bonwa mafelo afe mo tseleng, le gore go tla gorogelwa kae. Akanya fela gore e tshwanetse ya bo e ne e le nako e e itumedisang jang ne mo motlheng wa ga Jesu fa malapa a ne a tsamaya mmogo go ya kwa Jerusalema!—Luke 2:41, 42.
Masego A Go Dira Dilo Mmogo
21. (a) Re ka leka jang gore re atlege mo lenyalong? (b) Ke dikakantsho dife tse nne tse di ka thusang gore lenyalo le nnele ruri?
21 Ga go ise go ke go nne motlhofo go bopa malapa a a atlegileng le a a utlwanang e bile ga a itlele fela. Go lebega gore bangwe ba bona go le motlhofo gore ba ‘beye fa fatshe,’ ba fedise lenyalo ka tlhalo, ba bo ba leka go simolola dilo sesha. Lefa go ntse jalo, gantsi one mathata a a ntseng jalo a nna teng gape mo lenyalong la bobedi kana la boraro. Tharabololo e e botoka thata ke ya Bokeresete: Leka go atlega ka go dirisa melaometheo ya Bibela ya lorato le tlotlo. Malapa a a utlwanang a ikaega ka moya wa go ineela, wa go tlhoka bopelotshetlha. Mogakolodi mongwe wa manyalo o ne a akantsha mokgwa mongwe o o motlhofo wa go dira gore manyalo a nnele ruri. O ne a kwala jaana: “Dikarolo tse nne tsa botlhokwa tse di fitlhelwang mo e batlileng e le mo manyalong otlhe a a itumetseng ke go iketleeletsa go reetsa, go kgona go ikopa maitshwarelo, go kgona go neela tshegetso ya maikutlo ka metlha, le keletso ya go ama ka lorato.” Dintlha tseo eleruri di ka thusa go dira gore lenyalo le nnele ruri ka gonne gape di theilwe mo melaometheong e e utlwalang ya Bibela.—1 Bakorintha 13:1-8; Baefesia 5:33; Yakobe 1:19.
22. Go nna le lelapa le le utlwanang go ka nna le melemo efe?
22 Fa re latela kgakololo ya Bibela, re tla nna le motheo o o nonofileng wa lelapa le le utlwanang, mme malapa a a utlwanang ke motheo wa phuthego e e utlwanang e e nonofileng semoyeng. Ka jalo, re tla nna le masego a mantsi a a tswang kwa go Jehofa fa re ntse re mo isetsa dipako tse di oketsegileng ka kutlwano ka metlha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Lefoko family [lelapa] le tswa mo go la Selatine eleng familia, le pele le neng le kaya batlhanka le makgoba a ntlo e kgolo, ya re moragonyana la kaya ntlo yotlhe go akaretsa mong, mohumagadi, bana—le badiri.”—Origins—A Short Etymological Dictionary of Modern English, ka Eric Partridge.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le mosola gore malapa a dire dilo mmogo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore go nniwe le thuto ya ka metlha ya lelapa ya Bibela?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore batsadi ba dire mo bodiheding jwa tshimo ba na le bana ba bone?
◻ Ke ka ntlha yang fa go thusa go tlotla ka mathata jaaka lelapa?
◻ Ke ka ntlha yang fa malapa a Bakeresete a sa tshwanela go sulafalelwa le go sa itumele?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
A lelapa la gago le itumelela go ja dijo mmogo bobotlana gangwe fela ka letsatsi?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Maeto a lelapa a tshwanetse go lapolosa le go itumedisa