LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 January ts. 7
  • ‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgothatsana Rotlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ba Dira ka Natla go re Thusa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Balebedi ba ba Etang—Badiri Mmogo mo Boammaaruring
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Balebedi ba ba Disang Letsomane
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 January ts. 7
Paulo o leboga Modimo go bo bakaulengwe ba tlile go mo kgatlhantsha

BOTSHELO JWA BOKERESETE

‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’

Fa bakaulengwe ba phuthego ya kwa Roma ba sena go utlwa gore Paulo o etla, ba ile ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 64 go ya go kopana le ene. Paulo o ile a ikutlwa jang fa a ba bona? Paulo o ile “a leboga Modimo mme a kgothala.” (Dit 28:15) Paulo o ne a itsege e le motho yo o ratang go kgothatsa diphuthego, mme e re ka e ne e le legolegwa, ke ene a ileng a kgothadiwa ke ba bangwe.—2Bak 13:10.

Gone jaanong, balebedi ba potologo ba etela diphuthego go ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Fela jaaka motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo, le bone ba a lapa, ba a tlhobaela e bile ba kgobega marapo. Fa molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe ba etela phuthego ya lona, ke eng se o ka se dirang gore o ba kgothatse le gore lo kgothatsane?—Bar 1:11, 12.

  • Molebedi wa potologo o tshwere pokano ya tshimo

    Go ya pokanong ya tshimo. Molebedi wa potologo o a kgothala fa a bona baboledi ba ipha nako ya go tshegetsa beke eo e kgethegileng ya fa a etetse phuthego. (1Bath 1:2, 3; 2:20) Gongwe o ka akanyetsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang mo kgweding e a tla bong a etile ka yone. A o ka kgona go bereka le ene le mosadi wa gagwe mo tshimong kgotsa wa tsamaya le mongwe wa bone kwa bathong ba o ithutang Baebele le bone? Ba itumelela go bereka le baboledi ba ba farologaneng mo tshimong, go akaretsa ba basha mo phuthegong kgotsa ba ba akanyang gore ga ba itse go rera.

  • Molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe ba amogelwa ke lelapa lengwe ka lorato

    Ba amogele kwa ga gago. A o ka kgona go ba fa boroko kgotsa wa ba apeela? Seno se bontsha molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe gore o a ba rata. Ga ba a lebelela gore o ba direle sepe sa maemo a a kwa godimo.—Luk 10:38-42.

  • Molebedi wa potologo o tshwere pokano le bagolwane

    Reetsa kgakololo ya gagwe o bo o e dirisa. Molebedi wa potologo o re thusa go tokafatsa tsela e re direlang Jehofa ka yone. Ka dinako tse dingwe o tlhoka go re kgalemela. (1Bak 5:1-5) Go a mo itumedisa fa re reetsa kgakololo ya gagwe re bo re e dirisa.—Bah 13:17.

  • Bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba leboga molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe

    Ba leboge. Bolelela molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe kafa loeto lwa bone lo go solegetseng molemo ka gone. O ka ba bolelela kgotsa o ka ba kwalela molaetsa.—Bak 3:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela