LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 July ts. 9
  • Ba Dira ka Natla go re Thusa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Dira ka Natla go re Thusa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Balebedi ba ba Etang—Badiri Mmogo mo Boammaaruring
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Go Kgothatsana Rotlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Bontsha Gore o Lebogela Banna ba ba Tlhomilweng mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • ‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 July ts. 9
Ditshwantsho: Molebedi wa potologo o etetse phuthego. 1. O tshwere pokano ya tshimo. 2. O kopane le setlhopha sa bogolwane. 3. O bereka le mokaulengwe yo o mosha mo bodireding.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ba Dira ka Natla go re Thusa

Balebedi ba potologo le basadi ba bone ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong tse ba direlang kwa go tsone. Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, le bone ba tle ba lape, ba kgobege marapo le go tshwenyega thata mo maikutlong. (Jak 5:17) Mme gone, beke le beke ba tlhoma mogopolo mo go kgothatseng bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tse ba di etetseng. Eleruri, balebedi ba potologo “ba tshwanetse go tlotliwa thata.”—1Ti 5:17.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a ya kwa Roma gore a ye go kgothatsa phuthego ya koo, o ne a lebile pele gore le bone ba mo kgothatse. (Bar 1:11, 12) A o kile wa akanya gore o ka kgothatsa jang molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe, fa e le gore o nyetse?

LEBANG BIDIO YA TIRO YA MOLEBEDI WA POTOLOGO YO O DIRELANG KWA MAGAENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se balebedi ba potologo le basadi ba bone ba se dirang go bontsha gore ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong?

  • O solegetswe molemo jang ke tiro e ba e dirang?

  • Re ka ba kgothatsa jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela