MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 49-50
Jehofa o Segofatsa ba ba Ikokobeditseng Mme o Kgatlhanong Le ba Ba Ikgogomosang
Baiseraele ba ba neng ba ikwatlhaya ba ne ba tla lela ka ntlha ya boipelo fa Jehofa a ba golola mo botshwarong
Ba ne ba tla gopola gore ba na le kgolagano le Jehofa ba bo ba tsaya loeto lo loleele go boela kwa Jerusalema gore ba ye go obamela Modimo gone
Jehofa o ne a tla atlhola Bababelona ba ba ikgogomosang ka ntlha ya tsela e e setlhogo e ba ileng ba tshwara batho ba Modimo ka yone
Motse wa Babelona o ile wa se ka wa tlhola o nniwa gape fela jaaka go ne go porofetilwe