May 29–June 4
JEREMIA 49-50
Pina 102 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Jehofa o Segofatsa ba ba Ikokobeditseng Mme o Kgatlhanong Le ba Ba Ikgogomosang”: (10 mets.)
Jer 50:4-7—Baiseraele ba ba neng ba ikokobeditse ba ne ba tla gololwa ba bo ba boela kwa Sione
Jer 50:29-32—Bababelona ba ne ba tla senngwa ka gonne ba ile ba ikgogomosetsa Jehofa (it-1-E 54)
Jer 50:38, 39—Motse wa Babelona o ne o se kitla o nniwa ke ope gape (jr 161 ¶15; w98 4/1 20 ¶20)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Jer 49:1, 2—Ke eng fa Jehofa a ile a kgalema Baamona? (it-1-E 94 ¶6)
Jer 49:17, 18—Edoma e ne ya tshwana jang le Sodoma le Gomora, mme ka ntlha yang? (jr 163 ¶18; ip-2 351 ¶6)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Jer 50:1-10
TLHAGAFALELA BODIREDI
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) T-32—Thaya motheo wa loeto lwa go boela.
Loeto Lwa go Boela: (4 mets. kgotsa kwa tlase) T-32—Tlotla ka karolo e e reng “Se o Ka Akanyang ka Sone.” Thaya motheo wa loeto lo lo latelang.
Puo: (6 mets. kgotsa kwa tlase) w15 3/15 17-18—Setlhogo: Ke Eng fa Bosheng Jaana Dikgatiso Tsa Rona di Bua Sewelo Gore Batho Kgotsa Ditiragalo Dingwe di Tshwantshetsa Mongwe Kgotsa Sengwe se se Tla Diregang mo Isagweng?
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Ntsha Tlhomeso: (15 mets.) Tshameka bidio ya Ntsha Tlhomeso. Go tswa foo, tlotlang ka dipotso tse di latelang: Mokaulengwe o ile a bontsha jang gore o a ikgogomosa le gore o tshwayatshwaya ba bangwe diphoso? Ke eng se se mo thusitseng go fetoga? O ile a solegelwa molemo jang?
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) kr kgao. 13 ¶11-23
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 131 le Thapelo